Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 7:41 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

41 Gabo gole muñ oa molatu, a na le ba tu ba ba molatu nae; moñue a le molatu denari li faev hundereda, mi eo moñue a le molatu nae li faevte.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

41 Hong Jesu a mmolelela polelo e: “Monna o kile a adima batho ba babedi madi, a adima yo mongwe dikete di le tlhano tsa dipula mme a adima yo mongwe makgolo a matlhano a dipula.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

41 Jesu a re: “Batho ba le babedi ba ne ba tsere molato mo moadiming mongwe, wa ntlha a le molato wa diranta di le 50, yo mongwe wa di le tlhano.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

41 “Ga bo go le motho yo go tsewang dilo molato mo go ene, a bo a na le batho ba le babedi ba ba molato nae; mongwe a le molato diponto di le 50, yo mongwe a le molato diponto di le tlhano fela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 7:41
17 Iomraidhean Croise  

GO bua yalo Yehova, Kualo loa tlalo loa ma lona, eo ki mo tlari-leñ, lo kae? khotsa, ki ohe oa ba ki molatu go bona, eo ki lo baparitseñ go ena? Bonañ, lo baparicoe ka tsiamololo tsa lona, @le ma enu o tlariloe ka tlolo tsa lona.


Mi Yehova a ’nthaea, Bayeserela ba tenego ba itsiamisitse bogolu go Yuda oa bonoñuane.


Ra rona o shuetse kua bogareñganaga, mi o la a sieo mo shomoñ ya ba ba le ba ikokoanyetsa Yehova le shomo ya ga Kore, mi o shuetse boleo yoa gague, mi a sina tsimane.


Mi motlañka eo, ka a coela ntle, a bona motlañka ka ena, eo o la a le molatu nae denari li hundereda, a mela liatla, mi a mo cuara ka momecu, a re, ’Ntuela se u molatu le na ka shona.


U re icuarele melatu ea rona, yaka re icuarela ba ba nañ le melatu le rona.


Mi a araba, a ba raea, Bo neeñ go ya. Mi ba mo raea, A re tla ea go reka liñkhue li ka na ka lidenari li tu hundereda, le go bo naea go ya?


Mi re icuarele libe tsa rona, gone le rona re icuarela moñue le moñue eo o molatu le rona; Mi u si re gogele mo thaeloñ, mi re golole mo boshuleñ.


Mi ena eo o la a sa ka a itse, mi a rihile tse ri cuanetseñ lipeco, o tla berioa ka lipeco tse li potlana. Mi leha e le mañmañ eo o necoeñ bogolu, o tla lopioa bogolu: mi eo o ikancoeñ bogolu ki bathu, o tla lopioa bogolu ki bona.


Khotsa ba eiten, ba turio e ba oetseñ, ea ba bolaea mo Siloame, a lo itloma ha ba e le le ba ba molatu bogolu mo bathuñ botle ba ba agañ mo Yerusalema?


Mi Yesu a araba a mo raea, Simona, ki na le se ’nka se gu raeañ. Mi a re, Rabi, bua.


Ki gona, ki gu raeañ, Libe tsa gague tse li li rintsi li icuarecoe; gone o na le lorato lo logolu; mi eo o icuarecoeñ tse ri potlana, o na le lorato lo lo botlana.


Gone botle ba leohile, mi ba tlaeloa ki khalalelo ea Morimo;


Mi bogolu go tse, mola oo tsenye gore tlolo e ntsiharioe bogolu. Mi kua boleo bo ntsihetseñ gona, tsegohaco e ntsihetse bogolu gona;


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan