Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 7:16 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

16 Mi poiho ea ba cuara botle; mi ba galaletsa Morimo, ba re, Go cogile moperofeti eo mogolu gare ga rona; mi, Morimo o lekotse bathu ba ona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

16 Letshogo le legolo la tsena batho, mme ba goa ba baka Modimo. Ba re, “Moporofiti yo mogolo o tsogile mo gare ga rona mme re bonye letsogo la Modimo le dira gompieno!”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

16 Ke fa poifo e ba tshwara botlhe, ba be ba galaletsa Modimo ba re: “Moporofeti yo mogolo o tsogile mo gare ga rona!” Gape ba re: “Modimo o lekotse batho ba ona.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

16 Poifo ya ba tshwara botlhe; mme ba galaletsa Modimo ba re: “Go tsogile moperofeti yo mogolo gare ga rona; Modimo o lekotse batho ba one.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 7:16
31 Iomraidhean Croise  

U lekola lehatsi, mi ka u le elele-ritse pula, u le humisa segolu ka molapo oa Morimo, o o tletseñ metse; mi u tla ba etleletsa mabele, gone u a tlametse.


Mi bathu ba rumela: mi erile ba utlua ha Yehova a lekotse bana ba Yeserele, a leba pogisho ea bona, ba oba tlogo tsa bona, mi ba obamela.


Mi ba tla na leina ya boitlapelo, le pako, le khalalelo go ’na ha pele ga bahaitene botle ba lehatse, ba ba tla utluañ molemo otle o ki tla o ba rihelañ: mi ba tla boiha ba roromela molemo otle le kagisho eotle e ki tla e ba rihelañ.


Ga tsamaea bontsi yoa gakhamala ka bo bona ba ba sa bueñ ba bua, le ligole li hola, le batlotsi ba tsamaea, le lihohu li bona; mi yoa galaletsa Morimo oa Yeserela.


Mi bontsintsi yoa re, Eo ki Yesu moperofeti oa Nasereta oa Galilea.


Mi ba akoha ba coa mo phupuñ ka poiho le boitumelo yo bogolu, ba tabogela go bulelela barutoa ba gague.


Ka bontsintsi bo bona yalo, yoa gakhamala, yoa galaletsa Morimo, o o netseñ bathu thata e e ntseñ yalo.


Mi ga tla poiho go bona ba ba agileñ kua lithokoñ cotle tsa bona; mi ga buleloa segolu ga lilo tse cotle, mo hatsiñ yeotle ya makhuyana ya Yuda.


Go tsegohala Morena Morimo oa Yeserela; gone o lekotse, mi o rekolotse bathu ba ona.


Mi ba tla gu rigela ha hatse le bana ba gago ba le mo teñ ga gago, mi ga ba kitla ba lesa go uena leincue leñue le tlatlaganye le ye leñue; gone u lu u sa itse motla oa tekolo ea gago.


Mi barisa ba rulara, ba galaletsa Morimo, ba o baka ka ntla ea cona cotle tse ba li utluileñ, le tse ba li bonyeñ, yaka ba bulelecoe.


Mi a ba raea, Lilo lihe? Mi ba mo raea, Lilo tsa ga Yesu oa Nasareta, eo e le le moperofeti eo e thata mo litihoñ, le mo mahukuñ, ha pele ga Morimo le bathu botle;


Mi botle ba cuaroa ki go gakhamala, mi ba galaletsa Morimo, mi ba tlaloa ki poiho, ba re, Re bonye lilo tse ri sa rumeloeñ gompienu.


Mi ka Simone Petero a bona yalo, a oela ha mañoleñ a ga Yesu, a re, ’Ntlogela, Morena, gone ki monona oa boleo.


Mi moshui a coga a lula, mi a simolola go bua. Mi a mo nela mague.


Mi ka Mofarisai eo o miritseñ a bona yalo, a ithaea, a re, Eo, ha e le le moperofeti, o kabo a itsile mosari eo o mo amañ, kaha ontseñ ka gona, gone e le moleohi.


¶ Mi bontsi yotle yoa lithoko tsa lehatse ya Gadarene yoa mo rapela gore a bo tlogele; gone bo cueroe ki poiho e kholu; mi a tsena mo shepeñ, a ba a boea.


Mi ba araba, ba re, Yohane Mobapetisi; mi bañue ba re, Eliyahue; mi ba bañue, ba re, moñue oa baperofeti ba bagolugolu o cogile.


Mi ba motsa ba re, Ana u mañ? A u Eliyahue? Mi a re, Ga ki ena. A ki uena moperofeti eo? Mi a araba, Nya.


Mi ba motsa, ba mo raea, U bapetiseletsañ ha u si Keresete, le esiñ Eliyahue, le esiñ moperofeti eo?


Mosari a mo raea, Morena, kia lemoga u moperofeti.


Mi ka bathu ba sina bona cupo e Yesu o e rihileñ, ba re, Amarure eo ki ena moperofeti eo o tlañ mo lehatsiñ.


Mi ba ba ba raea monona eo o la a hohuhetse, Uena u reñ ga gague, ka e le ha a burile maitlo a gago? Mi a re, Ki ena moperofeti.


Mi Ananie a ra sina utlua mahuku a, a oela ha hatse, mi a shua; mi poiho e kholu ea tla go bona botle ba ba utluañ lilo tse.


¶ Moshe eo, ki ena eo o la a raea bana ba Yeserela, Yehova Morimo oa lona, o tla lo cosetsa moperofeti oa bana ba ga rra enu, eo o cuanañ yaka ’na; eouo lo tla mo utlua.


Mi ba galaletsa Morimo mo go ’na.


¶ Mi Yehova Morimo oa lona o tla lo cosetsa Moperofeti mo go lona, yaka ’na, oa bana ba ga rra enu; lo mo utlue;


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan