Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 7:12 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

12 Mi ka a atamela khoro ea motse, bonañ, gabo gole moshui a belegeloa ntle; ea bo e le moroa mague eo esi, mi ea bo e le motlolagari; mi bontsi yo bogolu yoa motse yoa bo bo na nae.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

12 Popelelo ya phitlho ya tswela kwa ntle fa Jesu a atamela kgoro ya motsana. Mosimane yo o neng a sule e ne e le ene fela ngwana wa mosimane wa mosadi wa motlholagadi, mme bahutsahadi ba le bantsi ba tswa nae mo motsaneng oo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

12 Ya re a atamela kgoro ya motse, ga bo go tshotswe moswi, a isiwa kwa ntle, e le morwa mmaagwe yo o esi, mme ene e le motlholagadi. Bontsi jo bogolo jwa motse jwa bo bo na nae.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

12 Jaana ya re a atamela kgoro ya motse, bonang, ga bo go rwelwe moswi, a isiwa kwa ntle; ya bo e le morwa mmaagwe yo o esi, mme ene mmaagwe ya bo e le motlholagadi; le batho ba le bantsi ba motse ba bo ba na le mosadi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 7:12
20 Iomraidhean Croise  

Mi a re, U si latse atla sa gago go mosimane, mi le gona u si mo rihe sepe: gone yana kia itse ha u boiha Morimo, ka e le ha u si ka ua rekegela moroau eo o esi oa gago go ’na.


Mi oa re, Tsaea moroau yana eo o esi oa gago, Yitsake, eo u mo ratañ, mi u ee mo hatsiñ ya Moriya; mi u mo shupele gona cupelo ea phisho mo go eñue ea lithaba, e ki tla e gu bulelelañ.


Mi bona, sika lotle lo cogetse lelata ya gago, mi loa re, Entsa ena eo o bolaileñ mokauleñue oa gague, gore re molaele botselo yoa mokauleñue oa gague eo o molaileñ; ka e le ea boshua re tla mo senya: mi ba tla tima yalo legala ya me ye le setseñ, e tsamaea ba sa lesetse monona oa me leina, khotsa eo o setseñ, mo hatsiñ yeotle.


Mi motlolagari a re, Yaka Yehova Morimo oa gago a tserile, ga ki na señkhuana, ki na le bupi kana ka seatla se tletse mo eñkhoñ, le loukuan-yane mo kuruaneñ: mi bona, ki roalela likhoñ li tu, gore ki ee ki bo ipakanyetse le moroake, gore re bo ye, re shue.


Mi a raea Eliyahue, Ki rihañ le uena, uena monona oa Morimo? a u tlile go ’na go gakolorisa tsiamologo ea me, le go bolaea moroake?


Mi Eliyahue a tsaea ñuana, a mo holosa mo eintluaneñ ea gorimo, a mo isa mo tluñ, a mo naea mague: Mi Eliyahue a re, Bona, moroau o tserile.


Nanoga, u ee Tsarepeta, o e leñ oa Tsidona, mi u nne gona: bona, ki laotse mosari oa motlolagari gona go gu otla.


Mi a re, U tla tlamparela mosimane ka motla onu o o laocoeñ, kaha bakeñ loa botselo. Mi a re, Nya, morena oa me, monona oa Morimo, u si aketse lelata ya gago.


Mi a melega, a mo isa go mague, mi a lula mo mañuoleñ a gague, ea tsamaea ea na motsegare, mi a shua.


Tsegahaco ea gague eo o helañ e le ea tla go ’na: mi ka operisa pelu ea motlolagari ka boitumelo.


¶ Mi ki tla thelela ba ntlu ea ga Davide, le banni ba Yerusalema, moea oa tsalano le oa likokotlelo: mi ba tla ’nteba, ’na eo ba mo tlabileñ, mi ba tla mo hutsahalela, yaka moñue a hutsahalela moroaue eo esi, mi ba tla mo galakiserioa, yaka moñue eo o galeke-gelañ oa burure.


¶ Mi ga rihala morago ga tsatsi yeuo, a ea kua motseñ o o birioañ Naina; mi ga ea le ena bontsi yoa barutoa ba gague, le bontsi yo bogolu.


Mi ka Morena a mona, a mo utluela botluku, mi a mo raea, U si lele.


Gone a na le moroarie eo esi, a kane a le linyaga li tuelev, mi a letse loa go shua. Mi ka a ea, bontsintsi yoa mo pitlaganya.


Mi botle ba lela, ba mo lelela; mi a re, Si leleñ; ga a shua, o robetse.


Mi bantsi ba Bayuda ba bo ba tlile go Marate le Marie, gore ba ba gomotse mo loshuñ loa khantsari ea bona.


Mi Petero a ema, a ea nabo. Mi ka a tla, ba mo isa mo ntlunyaneñ ea gorimo; mi batlolagari botle ba ema nae ba lela, ba shupa mesese le liaparo tse li rihiloeñ ki Doreka, ka a le mo go bona.


Mi a mo naea seatla, mi a mo kakatlolola, mi ka a sina bitsa baitsephi le batlolagari, a mo ba kaela a tserile.


Tihelo ea Morimo e e itsekileñ, le e e sinañ sebata, ha pele ga Morimo le Rra, ki eona e, go lekola likhutsana le batlolagari mo pogishoñ ea bona, le go ipuluka ka go sina sebata mo hatsiñ.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan