Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 6:8 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Mi ka a itse khopolo tsa bona, a raea monona oa atla se se omeletseñ, Tloga u eme, u eme ha gare. Mi a tloga a ema ha gare.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

8 Hong a itse megopolo ya bone jang! Mme a raya monna yo o neng a golafetse letsogo a re, “Tla o eme fa, fa mongwe le mongwe a tlaa go bonang gone.” Mme monna a dira jalo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

8 mme ene a bo a itse dikakanyo tsa bone, a raya monna yo o nang le seatla se se omeletseng a re: “Nanoga o eme mo gare!” Yoo a nanoga, a ema fa teng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 Mme a itse megopolo ya bone, mme a raya monna yo o seatla se omeletseng a re: “Nanoga, a eme fa gare.” A nanoga a ema fa gare.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 6:8
19 Iomraidhean Croise  

Mi uena, Solomona moroaka, itse Morimo oa rago, u o rihele ka pelu e e itekanetseñ, le ka moea o o beleegañ: gone Yehova a tlokomela pelu cotle, a tlaloganya mano a megopolo eotle: ha u matla, o tla bonoa ki uena: mi ha u mo tlogela o tla gu latla ka bosakhutleñ.


Mi, Morimo oa me, kia itse, u leka pelu, mi u nateheloa ki lithokha-mo. Mi ’na, ki neile lilo cotle tse ka peleego le ka thokhamo ea pelu ea me: le yana ki bonye ka boitumelo bathu ba gago ba ba bonoañ hanu, ba gu neile ka peleego.


Kia itse u nonohela cotle, mi go si epe ea khopolo tsa gago e e ka khorelerioañ.


A Morimo o ko o sa ka oa tlotlomisa se sentseñ yalo? Gone o itse masaitsioeñ a pelu.


Ga a kitla a nyerima, le esiñ go phitsega, e tsamaea a tlomamisa tsiamisho mo hatsiñ: le mahatse a leoatle a lebelela molao oa gague pele.


Mi Yesu ka a bona megopolo ea bona, a re, Lo gopolelañ lilo tsa boshula mo peruñ tsa lona?


Mi a raea monona eo o nañ le atla se se omeletseñ, Tloga u eme ha gare.


Mi Yesu ka a mona, a miletsa go ena, a mo raea, Mosari, u golocoe mo boloetseñ yoa gago.


Mi ka Yesu a lemoga khopolo tsa bona, a araba a ba raea, Lo gakologeloañ mo peluñ tsa lona?


Eriha gona Yesu o ba raeañ, Ki tla lo botsa seo señue, A ki taolo go riha molemo ka malatsi a sabata, leha e le go leoha? go buluka botselo, leha e le go bo senya?


Mi a sa tloke go shuperioa ki ope ga bona, gone a la a itse se se mo mothuñ.


A mo raea ka loa bo‐teri, Simona, moroa Yona, A ua ’nthata? Petero a hutsahala, gone a mo raea ka loa bo‐teri, A ua ’nthata? A mo raea, Morena, ua itse lilo cotle; ua itse ha ki gu rata. Yesu a mo raea, Hurisa liñku tsa me


Ki cuanetse go riha tiho tsa eo o ’nthomileñ, ka letsatsi le sa eme; bosigo boe tla, yo ga go ope eo o ka rihañ ka yona.


Mi lilo tse ga li lipe mo go ’na, le yona botselo yoa me ga ki bo kaele segolu go na, gore ki uetse tsiano ea me ka boitumelo, le tihelo e ki e bonyeñ mo go Yesu Morena, go shupa ga evangelio ea tsegohaco ea Morimo.


Gone khosi e ki buañ ka thanolo le ha pele ga eona, ea itse lilo tseuo; gone kia itse ha go si sepe sa lilo tse se se shubiloeñ go eona; gone seo se, se sa rihoe mo khokhocoñ.


Le gona gore lo si boihisioe mo go sepe ki baganetsi ba lona; mo e leñ cupo rure ea tsenyego go bona, mi go lona ea puluko, e e leñ ea Morimo.


Mi ga go sepe se se shubiloeñ ha pele ga ona, mi lilo cotle ga lia ikatega, mi li senogile ha pele ga maitlo a ona o re tla o ikarabelañ.


AEREKA Keresete a re bogisericoe loshuñ mo nameñ, le lona ikapeseñ ka boitlomo youo; gone eo o bogisericoeñ loshuñ mo nameñ o khutlile kaga boleo;


Mi bana ba gague; ki tla ba bolaea ka loshu; mi liekelesia cotle li tla itse ha e le ’na eo o botsisañ liphio, le lipelu; mi ki tla lo naea moñue le moñue yaka tiho tsa lona.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan