Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 5:12 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

12 ¶ Mi ga rihala ka a le mo motseñ moñue, bonañ, gabo gole monona eo o tletseñ lepero; ka a bona Yesu a oela ka sehatlogo, a mo rapela, a re, Morena, ha u rata, u ka ’nntlahatsa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

12 Mme ka letsatsi lengwe mo motsaneng mongwe o a neng a o etela, teng koo ga bo go le monna yo o neng a na le lepero le le sa foleng. Erile a bona Jesu a itigela fa fatshe fa pele ga gagwe, a oba sefatlhogo a kopa gore a fodisiwe. A re, “Morena, fa o rata o ka mphodisa.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

12 Bonang, e rile a le mo motseng mongwe, ga bo go le monna yo o tletseng lepero; ya re a bona Jesu, a wela fa fatshe ka sefatlhego, a mo rapela a re: “Morena, fa o rata, o ka mphodisa, ka phepafala.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

12 Ga dirala e rile le mo motseng mongwe, bonang, monna yo o tletseng lepero; yo e rileng a bona Jesu a wela fa fatshe ka sefatlhogo, a mo rapela, a re: “Morena, fa o rata, o na le thata go nntlafatsa.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 5:12
27 Iomraidhean Croise  

A señue se thata go Yehova? Ki tla ba ki boela go uena e ka ne ka baka lo lo laocoeñ, kaha motleñ oa botselo, mi Sarahe o tla bona mosimane.


Mi erile bathu botle ba go bona, ba oela ka hatlogo tsa bona: mi ba re, Yehova, ki ena Morimo; Yehova ki ena Morimo.


MI Naamane khosana ea entua ea khosi ea Basiria, ea bo e le monona eo mogolu ha pele ga muñoague, le oa tlotlego, gone Yehova a la a golola Basiria ka ena: mi le ena e le le segañka, mi a le moleperoi.


Ki gona lepero ya ga Naamane le tla gu ñaparela, le losika loa gago ka bosakhutleñ. Mi a coa ha pele ga gague, a le moleperoi o moshueu yaka celañ.


¶ Mi ga bo gole banona baleperoi ba for ha moyakoñ oa khoro: mi ba rana, Re luletseñ hanu e tsamaea re shua.


¶ Mi Davide a culetsa maitlo a gague, a bona moengela oa ga Yehova a eme ha gare ga lehatsi le legorimo, a na le caka e e shomocoeñ mo atleñ sa gague, e e otlololecoeñ gorimo ga Yerusalema. Mi Davide le bagolu ba Bayeserela ba apere matsela a khetse, ba oela ka hatlogo tsa bona.


’Mpitsañ mo tsatsiñ ya tlalelo, ki tla lo golola, mi lo tla ’nkhalaletsa.


O tla ’mpitsa, mi ki tla mo araba; ki tla na nae mo tlaleloñ; ki tla mo shuabola, ki mo tlotla.


¶ Mi Yehova a hela a mo raea, Tsenya yana atla sa gago mo hubeñ sa gago. Mi a tsenya atla sa gague mo hubeñ sa gague: mi eare a se entsa, bonañ, atla sa gague se le lepero yaka celañ.


Khotsa ha nama e e betologileñ e boea e hetoga boshueu, a a ee moperisetiñ;


Mi ga coa molelo ha pele ga Yehova, o nyeletsa cupelo ea phisho le mahura mo aletareñ. Erile bathu botle ba bona, ba ruruetsa, mi ba oela ka hatlogo tsa bona.


¶ Mi yana ka Yesu a le mo Betania, mo tluñ ea ga Simone moleperoi,


Mi o rile a sina tsena mo tluñ, liholu tsa ea go ena, mi Yesu a li raea, A loa rumela ha ’nka riha seo se? Tsa mo raea, E, Morena.


Mi a mo rapela thata, a re, Moroariake eo motlana o iketleritse go shua; kia gu rapela, ntlo, u mo latse atla tsa gago, gore a hole, mi o tla tsela.


Mi a oela ka sehatlogo ha naoñ tsa gague, a mo itumelela; mi ea bo e le Mosamaria.


Mi a ntsa seatla, a mo ama, a re Kia rata, ntlahala. Mi lepero ya akoha ya mo tlogela.


¶ Ikeheñ kaga sebeco sa lepero, gore lo tlokomele thata, go riha kaha cotleñ tse baperiseti eboñ Baleva ba tla li lo kaelañ: lo tlokomele go riha, yaka ki ba laotse.


Mi o nonohile ka ntla ea mouo go buluka ka gale ba ba tlañ Morimoñ ka ena, ka le mororo a tsela ka gale go ba rapelela.


Mi a re, Nya; mi ki tlile yana ki khosana ea entua ea ga Yehova. Mi Yehoshue a oela ha hatsi ka hatlogo sa gague, mi a obela, a mo raea, Morena o buañ le motlañka oa gague?


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan