Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 4:6 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

6 Mi diabolo a mo raea, Ki tla gu naea thata eotle e, le khalalelo ea aona; gone ki li necoe, mi ki ka li naea eo ki ratañ go mo naea.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

6-7 mme Satane a mo raya a re, “Ke tlaa go naya magosi a mantle a otlhe le kgalalelo ya one gonne ke a me ke a naya mongwe yo ke eletsang go a mo naya fa o ka khubama ka mangole wa nkobamela.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

6 Diabolo a mo raya a re: “Ke tla go naya borena jotlhe jo, le kgalalelo ya jona; gonne ke bo filwe, mme ke bo naya yo ke ratang go bo mo naya.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

6 Diabolo a mo raya a re: “Ke tlaa go naya thata yotlhe e, le kgalalelo ya magosi a, gonne mo go neetswe nna, mme ke ka go naya yo ke ratang go go mo naya.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 4:6
15 Iomraidhean Croise  

Mi Hamane a ba bulelela ga khalalelo ea lohumo loa gague, le bontsi yoa bana ba gague, le cotle tse khosi e mo gorisitseñ go cona: le kaha e mo goleritseñ gorimo ga likhosana le batlañka ba khosi.


Yehova oa lintua o go kaeletse yalo; go nyatsisa pelahalo ea boiñtle yotle, le go nyatsisa bagoluane botle ba lehatse.


Ki gona bobipo bo atlamelañ keleco ea yona, bo atlamolosa molomo oa yona ka go sa lekañoa: mi boiñtle yoa bona le bontsi yoa bona, le turueco ea bona, le eo o la a ruruetsa a hologela go yona.


Ki gona ha u tla ’nkhubamela, cotle li tla na tsa gago.


Mi yana go tsekisho ea lehatse yenu; mi yana molaori oa lehatse yenu o tla khoromelerioa kua ntle.


Ga ’nkitla ki tlola ki bua segolu le lona, gone mogolu oa lehatse yenu oe tla, mi ga a na sepe mo go ’na;


Lo ba diabolo rra enu, mi lo rata go riha likeleco tsa rra enu. O la a le molai oa bathu le mo tsimologoñ, mi a si ka a ema mo boamarureñ, gone go sina boamarure bope go ena. Ha a bua kako, o bua ga gague, gone e le ena kako, le rra eona.


Mi ga si khakhamaco, gone Satane le ena a iphetola moengele oa leseri.


Tse lo lo tsamaea pele kaha mokhueñ oa lehatse yenu, kaha eo mogolu oa thata ea loapi ka gona, ea moea o yana o rihañ mo baneñ ba go bisa go utlua;


Gone nama cotle lintse yaka boyañ, mi khalalelo eotle ea bathu e cuana yaka kaba ea boyañ. Boyañ boa omelela, mi kaba ea yona ea oa;


Mi rea itse ha re le ba Morimo, mi lehatse yeotle le lala mo boleoñ.


Mi derako e kholu ea khoromelerioa ntle, eboñ noga ea bogolugolu, e e birioañ Diabolo, le Satane, eo o tsietsañ lehatse yeotle, ea khoromelerioa mo hatsiñ, le baengele ba gague ba khoromelerioa ntle nae.


Mi se se tserileñ, se ki le ka se bona, se le se cuana yaka leñau, mi maro a shona a cuana yaka a bera, mi molomo oa shona o cuana le molomo oa tau; mi derako ea se naea thata ea eona, le serulo sa eona, le taolo e kholu.


Mi sa neoa go riha tlabano le baitsephi, le go ba henya; mi sa neoa thata mo tsikeñ cotle, le lipuo, le merahe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan