Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 3:8 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Lereñ mauñuo pele a a cuanetseñ tlabologo; mi lo si simolole go ithaea, Re na le Aberahame rra ecu; gone kia lo raea, Morimo o nonohile go cosetsa Aberahame bana ka maye a.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

8 Tsamayang pele lo ye go itshupa ka mokgwa o lo tshelang ka one gore ke boammaaruri lo ikwatlhaile. Le gone lo se ka lwa akanya gore lo falotse ka gore lo losika lwa ga Aberahame. Moo ga go a lekana. Modimo o ka ntsha bana ba ga Aberahame mo majeng a a sekaka a!

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

8 Ka moo, ntshang maungo a a tshwanetseng tlhabologo. Lo se ka lwa simolola go ithaya lo re: ‘Re bana ba ga Aborahame’; gonne ke lo raya ke re: Modimo o nonofile go tsosetsa Aborahame bana ka majwe a.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 Ke gone ungwang maungo a a tshwanetseng boikwatlhao; mme lo se ka lwa simolola go ithaya lo re: ‘Re na le Aberahame rraetsho;’ gonne ke a lo raya, Modimo o nonofile go tsosetsa Aberahame bana ka maje a.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 3:8
29 Iomraidhean Croise  

A ko lo ba rebolele maota a bona, le masimo a mevina a bona, le masimo a metluare a bona, le matlu a bona ka yenu, le eona kabo ea bohundereda ea mari, le ea mabele, le ea boyaloa, le ea loukuane, tse lo li tseileñ go bona.


Moroa mothu, ba ba nntseñ mo likhakhabaloñ tseuo tsa hatse ya Bayeserela ba bua, ba re, Aberahame e le le moñue hela, mi a rua lehatse: mi rona ka re bantsi, re necoe lehatse go na boshua.


Ki gona ki lo raeañ, bogosi yoa Morimo lo tla bo tloserioa, mi bo neoa morahe o o tla ntsañ mauñuo a yona.


Ki gona, uñuañ louñuo lo lo cuanetseñ tlabologo;


Mi lo si ithee, Re na le Aberahame rra ecu, gone kia lo raea, Morimo o nonohile go cosetsa Aberahame bana ka maye a.


Etlare muñ oa ntlu a tloga a ema a kopela moyako, mi lo tla simolola go ema kua ntle, lo khuanyakhuanya secualo, lo re, Morena, Morena, re bulele; mi o tla araba, a lo raea, Ga ki lo itse kua lo coañ gona;


Eriha gona lo tla simololañ go re, Re le ra ya, ra noa ha pele ga gago, mi u lu ua ruta mo mebileñ ea rona.


Mi ka a tla, eo o gu biritseñ nae, mi a gu raea, Shutela monona eo; mi eriha gona u tla simololañ go tsaea serulo se se kua morago ka litloñ.


Mi a araba, a ba raea, Kia lo raea, Ha ba, ba ka ririmala, maye a tla akoha a bitsa.


Mi Yesu a mo raea, Puluko e rihecoe ntlu e gompienu, ka le mororo le eo e le moroa Aberahame.


Mi bakuari le Bafarisai ba simolola go gakololana, ba re, Emañ eo, eo o buañ likhalo? Mañ eo o ka icuarelañ libe, ha e si Morimo osi?


¶ Ba mo araba, Re losika loa ga Aberahame, mi ga re e si re ke re ne batlañka ba ga ope; Mi ua reñ, Lo tla gololoa?


Ba araba, mi ba mo raea, Aberahame ki rra ecu. Yesu a ba raea, Ha lo le bana ba ga Aberahame, lo ko lo riha litiho tsa ga Aberahame.


Mi ki le ka ba rerela pele, bona ba Damaseko, le ba Yerusalema, le mo hatsiñ yeotle ya Yuda, le bona bahaitene, gore ba tlabologe, ba boele Morimoñ, le go riha tiho tse ri cuanetseñ tlabologo.


Ki gona e leñ ea tumelo, gore e ne ea tsegohaco; gore ka mouo pulelelo‐pele e tlomamiserioe go losika lotle; esiñ lona loa molao losi mi le lona loa tumelo ea ga Aberahame; eo e leñ rra ecu rotle,


Le gona, ga ba bana botle, ba e leñ ba losika loa ga Aberahame; mi Losika loa gago lo tla birioa mo go Yitsake.


Lo tlarioa ka mauñuo a tsiamo, a a leñ khalalelo le pako go Morimo, ka Yesu Keresete.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan