Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 3:4 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Yaka go kuariloe mo bukeñ ea mahuku a Yesaye moperofeti, a re, Koru ea eo o bitsañ kua gareganaga, Bakanyañ tsela ea ga Yehova, siamisañ tselana tsa gague.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

4 Mo mafokong a ga moporofiti Isaia, Johane e ne, “E le lentswe le le kuang mo sekakeng, le re baakanyang tsela e Morena o tlaa tsamayang mo go yone! Mo katolosetseng tsela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

4 ka fa go kwadilweng ka teng mo lokwalong lwa mafoko a ga Jesaya wa Moporofeti ga twe: “Lentswe la mongwe yo o kuang mo sekakeng la re: ‘Baakanyang tsela ya Morena, siamisang mebila ya gagwe!

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 jaaka go kwadilwe mo lokwalong lwa mafoko a moperofeti Isaia, a re: “Lentswe la yo o goang kwa nageng a re: Baakanyang mmila wa Morena, siamisang ditsela tsa gagwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 3:4
12 Iomraidhean Croise  

Mi go tla tua, Gorisañ, gorisañ tsela; bakanyañ tsela, tlosañ sekhopi mo tseleñ ea bathu ba me.


¶ Hetañ, hetañ ka likhoro; bakanyetsañ bathu tsela: gorisañ, gorisañ tsela ea mheru; tlosañ maye, namololelañ bathu banera.


Mi o tla bosetsa pelu tsa bo‐rra go bana, le lipelu tsa bana go bo‐rabo, gore e si re khotsa ka tla ka khemetha lehatse ka thogo.


Gone eo ki ena eo Yesaye Moperofeti o buileñ ga gague, a re, Koru ea eo o bitsañ mo gareñganaga, Bakanyañ tsela ea ga Yehova, siamisañ tsela tsa gague.


Koru ea moñue eo o bitsañ kua gareganaga, Bakanyañ tsela ea ga Yehova; siamisañ tselana tsa gague.


A re, Ki na koru ea moñue, e e bitsañ mo gareñganaga, Siamisañ tsela ea ga Yehova, yaka Yesaye moperofeti a kile a bua.


Monona eo, o la a tla go na moshupi, go shupa ga leseri, gore botle ba rumele ka ena.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan