Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 3:3 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Mi a hitla mo hatsiñ yeotle mo ntleñ cotle tsa Yoridane, a rera papetisho ea tlabologo ea go icuarela libe;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

3 Hong Johane a tsamaya gongwe le gongwe mo ditlhakoreng tsoopedi tsa noka ya Jorodane, a rera gore batho ba tshwanetse go kolobediwa go supa gore ba sokologetse mo Modimong, ebile ba sokologile mo dibeng tsa bone, gore ba tle ba itshwarelwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

3 Jaanong a fitlha mo lefatsheng lotlhe le le mo tikologong ya Joretane, a rera kolobetso ya tlhabologo e e isang boitshwarelong jwa dibe,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Mme a tla mo lefatsheng lotlhe le le mo tikologong ya Joretane, a rera kolobetso ya boikwatlhao jo bo bonang boitshwarelo jwa dibe;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 3:3
12 Iomraidhean Croise  

Amarure, kia lo bapetiseletsa tlabologoñ ka metse; mi eo o tlañ morago ga me, o mogolu go ’na, eo ga kia cuanela go belega litlaku tsa gague; ena eo, o tla lo bapetisa ka Moea oa Boitsepho le molelo.


Mi o tla shukulolela bana bantsi ba Yeserela go Morena, Morimo oa bona.


Go nela bathu ba gague kico ea puluko, mo boicuareloñ yoa libe tsa bona,


MI Yesu ka a tletse Moea oa Boitsepho, a ba a coa Yoridane, mi a gogeloa ki Moea kua gareganaga.


Lilo tse tsa rihala mo Betania kua moseya ga Yoridane, kua Yohane o la a bapetisa gona.


Mi ba ea go Yohane, mi ba mo raea, Rabi, eo o la a na nau moseya ga Yoridane, eo u lua shupa ga gague; bona, eouo oa bapetisa, mi botle ba tla go ena.


Erile Yohane a rerela pele bathu ba Yeserela botle ga papetisho ea tlabologo, pele ga go tla ga gague.


Mi Paulo, a re, Rure Yohane o la a bapetisa ka papetisho ea tlabologo, a raea bathu gore ba rumele mo go ena eo o tlañ morago ga gague, ki go re, mo go Keresete Yesu.


Mi yana u riegelañ? Tloga u eme, u bapetisioe, mi u tlacuege mo libeñ tsa gago, mi u bitse leina ya Morena.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan