Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 23:2 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Mi yoa simolola go mo pateletsa, yoa re, Re bonye eo, a shokamisa morahe, o itsa gore Kaisare a si neoe lekhetho; a re, le ena ki Keresete khosi ka esi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

2 Mme ba simolola go mmaya molato ba re: “Motho yo o ntse a timetsa batho ba rona ka go ba raya a re ba se ka ba ntshetsa mmuso wa Seroma makgetho ebile o ipitsa gore ke Mesia wa rona, Kgosi.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

2 Ba simolola go mo latofatsa ba re: “Re bonye yo, a timetsa morafe wa rona, a o iletsa go ntshetsa Kaisara lekgetho, a ipolela, fa e le ene Keresete, kgosi.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Ba simolola go mmaya molato ba re: “Re fitlhetse monna yo, a sokamisa morafe, a itsa gore Kaesare a se ka a newa lekgetho, a re le ene ka esi ke Keresete, Kgosi.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 23:2
33 Iomraidhean Croise  

Mi ga rihala ka Ahabe a bona Eliyahue, Ahabe a mo raea, A u ena eo o khoberañ Bayeserela?


Bashupi ba ba tlogo e thata ba coga: ba lopa mo go ’na se ki sa se itseñ.


Ba seka hela go mo riga mo khorishoñ ea gague; ba nateheloa mo makeñ; ba tsegahatsa ka melomo ea bona, mi ba rogaka ka boteñ yoa bona. Sela.


Gone ka utlua tumeri ea boshula ea bontsi, le poiho tikologoñ. Ba re, Re buleleñ, mi re tla go utluatsa. Tsala tsa me cotle li tlokomela go tlotsa ga me, ba re, Ekare khotsa a hepioa, mi re tla mo nonohela, mi re tla mo ipusholosetsa.


Ki gona likhosana tsa raea khosi, A ko a monona eo a bolaoe; gone o repisa liatla tsa batlabani ba ba setseñ mo motseñ o ka mo, le liatla tsa bathu botle, ka a bua mahuku a antseñ yalo le bona: gona monona eo ga a batlele bathu ba kagisho, e le boshula.


¶ Ereha gona, Amatsie moperiseti oa Beta‐ela o romelañ go Yeroboame khosi ea Bayeserela a re, Amose o gu hunaganyeritse gare ga ba ntlu ea Yeserela: lehatse ga le kake le belega mahuku a gague aotle.


Mi ka khaola barisa ba teri ka khueri ñue; mi moea oa me o lo o tlukuharicoe ki bona, mi le meoea ea bona ki e tene.


Mi gore re si ba gakatse, ea kua leoatleñ, mi u konopele kobe, mi tlapi e e tlañ pele, e cule, mi ere u sina e atlamolosa molomo u tla bona setatera; se cule, u se ba nelele ’na le uena.


Mi ba mo raea, Sa ga Kaisare. Eriha gona o ba raeañ, Ki gona naeañ Kaisare tse e leñ tsa ga Kaisare, le go Morimo tse e leñ tsa Morimo.


Mi Yesu a ema ha pele ga molaori oa motse, mi molaori a motsa, a re, A ki uena khosi ea Bayudi? Mi Yesu a mo raea, U buile.


Mi Yesu a araba, a ba raea, Naeañ Kaisare lilo tse e leñ tsa ga Kaisare, mi lo nele Morimo tse e leñ tsa Morimo. Mi ba gakhamarioa ki ena.


Mi Pilato a motsa, A u khosi ea Bayuda? Mi a araba, a mo raea, U buetse rure.


Lo lerile monona eo go ’na, yaka moñue eo o shokamisañ bathu; mi bonañ, ki mo botsisitse ha pele ga lona, mi ga kia ka ka bona molatu ope mo mononeñ eo, oa lilo tse lo mo pateletsañ ka cona;


Mi ba gakala bogolu, ba re, Oa hurua bathu, o simolotse ka Galilea, a ruta mo Yudeñ yeotle go tla kuanu.


Eriha gona Pilato o coelañ go bona, mi a re, Molatu o, lo o lereñ, oa mothu eo, ki ohe?


Ba araba, ba mo raea, Monona eo ha e le e si morihalibe, re kabo re sa ka ra mo gu nela.


Hoñ Pilato a batla go mo golola; mi Bayuda ba bitsa, ba re, Ha u golola monona eo, u tla bo u si tsala ea ga Kaisare. Leha e le mañmañ eo o itihañ khosi, o ganela le Kaisare.


Le gona ga ba kake ba tlomamisa lilo tse ba ’ntatuhatsañ ka cona.


Gone re bonye monona eo e le lecuenyo, eo o tlotleletsañ khuruego mo Bayudiñ botle mo hatsiñ yeotle, morena oa leshomo ya Banasarini;


Ki gona, naeañ botle tse ba li cuanetseñ; lekhetho go ba lekgetho; le temalo go ba temalo; le poiho go ba ba boihoañ; le tlotlo go ba ba tlotloañ.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan