Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 21:1 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI ka Yesu a leba a bona bahumi ba latlela kabelo tsa bona mo letluleñ ya lohumo,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

1 Mme ya re a ema mo Tempeleng a bo a lebeletse bahumi thata fa ba tsenya dineo tsa bone mo letloleng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

1 Ya re Jesu a tsholetsa matlho, a bona bahumi ba latlhela dikabelo tsa bone mo letloleng la Modimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 A tsholetsa matlho, a bona bahumi ba latlhela dineo tsa bone mo letloleng la dikhumo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 21:1
12 Iomraidhean Croise  

Mi a tsaea mahumo a eintlu ea ga Yehova, le mahumo a eintlu ea khosi; E, a tsaea aotle: mi a tsaea theyana tsa gouda cotle tse Solomone o la a li riha.


Yehoyade moperiseti a tsaea letlule, a hetla lecoha mo khurumeloñ sa yeona, a le baea ha aletareñ, ha eintleñ e e siameñ ea go tsena mo tluñ ea ga Yehova: mi baperiseti ba ba risañ serepuri ba tsenya mari aotle go yeona a a isioañ mo tluñ ea ga Yehova.


Mi ea entsa mahumo aotle a eintlu ea ga Yehova gona, le mahumo a eintlu ea khosi, mi ea manolola lilo tsa gouda cotle, tse Solomone khosi ea Bayeserela o la a li riha mo tempeleñ ea ga Yehova, yaka Yehova a la a bua.


¶ Le lilo tsa eintlu ea Morimo cotle tse ri kholu le tse ri potlana, le mahumo a eintlu ea Yehova, le mahumo a khosi, le a likhosana tsa eona; aotle a e a isa go Babelona.


Mi ka laolela mahumo babuluki lohumo, eboñ Shelemie moperiseti, le Tsadoke mokuari, le Pedaye oa Baleva: le Hanane moroa Sakure, moroa Matanie ha atleñ tsa bona: gone ba kaioa boikaño, mi e le le ga bona go abela bana ba ga rabo.


Mi baperiseti ba bagolu ba cula liselevera, ba re, Ga si taolo go li tsenya mo lohumoñ loa likabelo, gone e le tuelo ea mari.


Ba ba ’mmetsañ matlu a batlolagari, mi ba riha merapelo e melele go na seipato. Ba, ba tla bona tsekisho e kholu bogolu.


Yesu a bua mahuku a ha letluleñ ya lohumo, ka a ruta mo tempeleñ; mi go si ope eo o mo cuarañ, gone oura oa gague o e si o tle.


Mi selevera shotle le gouda, le lilo tsa khotlo le tsa tsipi, a li itsephele Yehova: a li tseñoe mo lohumoñ loa ga Yehova.


Mi ba hisa motse ka molelo, le cotle tse ri go ona: ha e si selevera le gouda, le lilo tsa khotlo le tsa tsipi, tseuo ba li tsenya mo lohumoñ loa eintlu ea ga Yehova.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan