Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 2:9 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

9 Mi, bonañ, moengele oa Morena a ema ha go bona, mi khalalelo ea Morena ea phatsima mo ntleñ cotle tsa bona, mi ba boiha ka poiho e kholu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

9 Ka tshoganetso moengele a iponatsa mo go bone mme lefatshe la phatsima ka ntlha ya kgalalelo ya Morena, mme ba tshoga thata.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

9 Mme moengele wa Morena a ema fa go bone, le kgalalelo ya Morena ya bonega dintlheng tsotlhe tsa bone; mme ba boifa ka poifo e kgolo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

9 Mme moengele wa Morena a ema fa go bone, le kgalalelo ya Morena ya phatsima ntlheng tsotlhe tsa bone; mme ba boifa ka poifo e kgolo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 2:9
27 Iomraidhean Croise  

Mi baperiseti ba sa kake ba ema go rihela ka eintla ea leru: gone khalalelo ea ga Yehova e le ea tlala ka eintlu ea ga Yehova.


Mi ka Arone a sa bua le phuthego eotle ea bana ba Yeserele, ba leba kua bogareñganaga, mi bonañ, khalalelo ea ga Yehova e bonarioa mo leruñ.


Mi lo tla bona go sale mosho khalalelo ea ga Yehova; ka a utluile ñoñorego tsa lona kaga Yehova: mi re bo mañ ba lo ka re ñoñoregelañ?


E tla thunya segolu, e tlapeloa, E, e tla tlapeloa, e opela: e tla neoa khalalelo ea Lebanona, le boiñtle yoa Karemela la Sharona, ba tla bona khalalelo ea ga Yehova, le boiñtle yoa Morimo oa rona.


Mi khalalelo ea ga Yehova e tla bonatsioa, mi nama eotle e tla e bona mogo: gone molomo oa ga Yehova o buile.


NANOGA, u bonesioe: gone seri ya gago le tlile, le khalalelo ea ga Yehova e gu tlabetse.


Mi ka nanoga, ka coela kua mogorogoroñ: mi bonañ, khalalelo ea ga Yehova ea ema gona, yaka khalalelo e ki le ka e bona ha molapoñ oa Kebara: mi ka oa ka hatlogo sa me.


Mi ka a sa gopola mouo, ga iponatsa moengele oa Morena go ena mo toroñ, a re, Yosefa, moroa Davide, u si boihe go itsela Marie, mosari oa gago, gone ithualo ea gague e le ea Moea oa Boitsepho.


Mi ka moengele a tsena, a mo raea, Rumela, moratoi eo mogolu, Morena o na nau, u tsegoharicoe mo basariñ.


Mi gabo gole barisa mo nageñ, mo hatsiñ yeuo, ba ba risitseñ lecomane ya bona mo bosigoñ.


Mi ga rihala, ka ba sa belaela segolu ka mouo, bonañ, banona ba tu ba ema nabo mo liaparoñ tse ri phatsimañ.


Yesaye a bua lilo tse ka a bona khalalelo ea gague, mi a bua ga gague.


Mi, bonañ, moengele oa Morena a ema gona, mi seri ya phatsima mo kagoñ; mi ka a tlanya Petero mo lotlakureñ, a mo cosa, a re, Tloga, u eme ka bonako. Mi liketen tsa gague tsa oa mo liatleñ tsa gague.


Gone go le go eme ha go ’na mo sigoñ yonu, moengele oa Morimo, o ki leñ oa ona, o ki o rihelañ,


Mi moengele oa Morena a bula licualo tsa ntlu ea kholegelo bosigo, mi a ba gogela ntle, a re,


Mi rotle ka re bona khalalelo ea Morena ka lihatlogo tse ri sirolocoeñ, yaka ekete mo seiponiñ, re hetoleloa cuanoñ e, e e coañ khalaleloñ go ea khalaleloñ, yaka ka Moea oa Morena.


Gone Morimo o o rileñ leseri le phatsime mo hihiñ, ki ona o o phatsimileñ mo peruñ tsa rona, go naea leseri ya kico ea khalalelo ea Morimo mo hatlogoñ sa ga Yesu Keresete.


Mi ga go pelaelo epe, bosaitsioeñ yoa poihomorimo bo bogolu; Morimo o loa bonatsega mo nameñ, o siamisicoe mo moeeñ, oa bonoa ki baengele, o reriloe mo bahaiteniñ, o rumecoe mo lehatsiñ, o culelecoe mo khalaleloñ.


Mi se se bonoañ sa bo se boitsega, ga tsamaea Moshe le ena a re, Kia boiha, kia roroma:)


MI morago ga lilo tseuo, ka bona moengele moñue a hologa mo legorimoñ, a na le taolo e kholu; mi lehatse ya bonesioa ki khalalelo ea gague.


Mi ka bona serulo sa bogosi se segolu se se shueu, le eo o rutseñ mo go shona, eo sehatlogo sa gague lehatsi le legorimo le ya se tsaba; mi ga si ka ga boneloa bonno yoa aona.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan