Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 2:7 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

7 Mi a belega moroaue oa ntla, mi a mohelela ka matsela, mi a mo latsa mo boyeloñ yoa lipitse; gone gole go sina bonno go bona mo tluñ ea baeti.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

7 mme a tshola ngwana wa ntlha, e le mosimane. A mo phuthela ka kobo a mmaya mo bojelong jwa diruiwa, gonne ba ne ba sena bonno mo motseng wa baeti.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

7 a ba a belega morwawe wa ntlha, a mo phutha ka masela, a mo latsa mo segopong sa dipitse; ka gonne ba ne ba se na bonno mo ntlong ya baeti.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

7 Mme a bona ngwana wa mosimane wa ntlha wa gagwe, mme a mo phuthela ka matsela, a mmaya mo bojelong jwa dipitse; gonne go ne go se na bonno mo ntlong ya baeti.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 2:7
16 Iomraidhean Croise  

Mi eare moñue oa bona a boholola khetse ea gague go naea esela ea gague liyo mo tluñ ea baeti, a bona mari a gague; gone bonañ, a la le mo molomoñ oa khetse ea gague.


Mi ga rihala ka re sina hitla mo tluñ ea baeti, mi re boholola khetse tsa rona, bona, monona moñue le moñue mari a gague a bo a le mo molomoñ oa khetse ea gague, mari a rona yaka bokete yoa aona: mi re a lerile mo atleñ tsa rona.


Mi ’na ki seboku, mi esiñ monona: khobo ea bathu, le nyarioe ki bathu.


Mi ga rihala ha tseleñ, mo tluñ ea baeti, Yehova a mo khatlantsa a batla go molaea.


Ki gona Yehova ka esi o tla lo naeañ seshupo; Bonañ kharebe e tla ithuala e belega ñoana oa mosimane, mi e mo she leina ya YIMANUELE.


Mi a sa mo itse, ga tsamaea a belega moroaue oa ntla; mi a bitsa leina ya gague YESU.


Eo, a ga si moroa mobetli oa likhoñ? A mague ga go tue Marie, mi bomonnaue a ga ba birioe Yakobo, le Yose, le Simone, le Yude?


Mi Yesu a mo raea, Liphukuye li na le mesima, le linunyane tsa legorimo li na le litlaga, mi Moroa mothu ga a na ha o ka latsañ tlogo ea gague gona.


Mi a ea go ena, a boha likuenesho tsa gague, a tsela loukuane le boyaloa mo go cona, mi a maea mo peleseñ ea gague; mi a mo isa kua tluñ ea baeti, mi a mo risa.


Mi ga rihala ka ba sa le gona, ga tla malatsi a o tla belegañ ka aona.


Mi gabo gole barisa mo nageñ, mo hatsiñ yeuo, ba ba risitseñ lecomane ya bona mo bosigoñ.


Mi Lehuku ya rihoa nama, mi ya aga mo go rona, (mi re le ra bona khalalelo ea gague; khalalelo e e cuanañ yaka ea eo o tsecoeñ esi oa Rra,) a tletse tsegohaco le boamarure.


Gone loa itse tsegohaco ea ga Yesu Keresete Morena oa rona, go re, leha a la a humile, o la a humanega ka ntla ea lona, gore lo hume ka ntla ea khumanego ea gague.


Mi erile motla oa botlalo o sina tla, Morimo oa roma Moroa ona, a rihoa mo mosariñ, a laoloa ki molao,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan