Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 2:4 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Mi Yosefe, le ena, a ea a coa Nasareteñ motse oa Galilea, a ea kua motseñ oa ga Davide, o o mo Yuda, o o birioañ Beteleheme, (gone a la le oa ntlu, le oa losika loa ga Davide,)

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

4 Mme Josefe ka e ne e le ngwana wa bogosi, a tshwanelwa ke go tswa kwa motseng wa Galalea wa Nasaretha a etela kwa Bethelehema mo Judea legae la bogologolo la ga Kgosi Dafide.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

4 Josefa le ene a tswa kwa Galelea mo motseng wa Nasaretha, a tlhatlogela kwa Jutea kwa motseng wa ga Dafita o o bidiwang Betleheme, ka a le wa kgotla yoora Dafita;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Josefe le ene a tlhatloga kwa Galilea, a tswa motseng wa Nasaretha, a ya kwa Jutea kwa motseng wa ga Dafite, o o bidiwang Bethelehema; ka a le wa kgotla le wa losika lwa ga Dafite;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 2:4
24 Iomraidhean Croise  

Mi Rakele a shua, mi a hitloa ha tseleñ e eañ Eferata, o e leñ Betelehema.


Mi ka ki le ka coa mo Padan, Rakele a shuela ha go ’na mo hatsiñ ya Kanana, ha tseleñ, ka gole go sale sebakanyana hela sa go hitla mo Eferata: mi ka mo hitla gona ha tseleñ ea Eferata; o e leñ Betelehema.


Mi uena Beta‐lehema Eferata, u motlana go na mo mathousandeñ a Yuda, go tla ’ncoela go uena eo o tla nañ Mobusi mo Bayesereleñ; eo maco a gague a la a le a bogolugolu le bogolugolu tala.


Mi ka a sa gopola mouo, ga iponatsa moengele oa Morena go ena mo toroñ, a re, Yosefa, moroa Davide, u si boihe go itsela Marie, mosari oa gago, gone ithualo ea gague e le ea Moea oa Boitsepho.


Mi a ea a aga mo motseñ o o birioañ Nasareta; gore go rihahale se se builoeñ ki baperofeti, O tla birioa Monasarini.


Mi botle ba ea go kualoa, moñue le moñue a ea kua motseñ oa gague.


Go kualoa, le Marie mogatse, eo o beelecoeñ, eo o ithueleñ.


¶ Mi a hitla mo Nasareta kua o gorisericoeñ gona; mi a tsena mo senagogeñ ka tsatsi ya sabata, yaka temalo ea gague, mi a tloga a ema go buisa.


Mi Natanaele a mo raea, A señue se se molemo, se ka coa mo Nasareta? Filipo a mo raea, Tla u bone.


Likualo a ga lia re, Keresete o tla coa mo losikeñ loa ga Davide, le mo motsaneñ oa Betalehema, ha Davide o la a le gona.


¶ Mi ba tu ba, ba ea ba hitla Beta‐lehema. Mi ga rihala ka ba hitla Beta‐lehema, motse otle o lo o ba huruegela, mi ba re, A eo ki Naome?


Mi bonañ, Boase a coa Beta‐lehema, mi a raea barobi, A Yehova a ne le lona. Mi ba araba, A Yehova a gu tsegahatse.


Mi bathu botle ba ba mo khoroñ, le bagolu, ba re, Re bashupi. A Yehova a rihe mosari eo, eo o tsileñ mo tluñ ea gago yaka Rakele le Lie, ba tu ba ba ba le ba aga eintlu ea Yeserele: a a mo atlametlise mo Eferata, le leina ya tumo mo Beta‐lehema:


Mi basari kae ba mo sha leina, ba re, Naome o tsalecoe mosimane, mi ba mo sha leina ya Obede, eo, ki ra Yeshae, ra Davide.


MI Yehova a raea Samuele, U tla hutsahalela Saule go lele go le kai, eo ki mo latlileñ gori a se buse Bayeserela? tlatsa naka loa gago ka loukuane, mi u ee, ki tla gu romela go Yishae oa Mobeta‐lehema: gone ki iponetse khosi go bomoroaue.


Mi Samuele a riha se Yehova o la a se bua, mi a hitla Beta‐lehema. Mi bagolu ba motse ba ea go mo khatlanetsa ka thoromo, ba re, A u tla ka kagisho?


Mi Davide e le le moroa monona eo oa Moeferata oa Beta‐lehema‐yuda, eo leina ya gague e le le Yishae; mi a na le bomoroa ue ba eit: mi monona eo a bo a kaioa mocohe mo bathuñ ka malatsi a Saule.


Mi Saule a mo raea, U moroa mañ uena lekau? Mi Davide a araba, Ki moroa Yishae oa Mobeta-lehema motlañka oa gago.


Ha rago a ’ntlokela rure, erehe gona u reñ, Davide o ’ntopile rure, gore a tabogele Beta‐lehema motse oa gague: gone gole gole tlabelo ea sika lotle ea ñuaga ñuaga gona.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan