Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 2:1 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI ga rihala mo metleñ euo, ga coa taolo go Kaisare Aguseto, gore lehatse yeotle le kualoe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

1 Ka nako e Kaesare Aguseto, Kgosi e kgolo ya Roma a ntsha molao wa gore merafe yotlhe e kwalwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

1 E rile mo malatsing ao ga tswa taolo kwa go Kaisara Auguseto gore lefatshe lotlhe le kwalwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Jaana e rile mo metlheng eo ga tswa taolo kwa go Kaesare Aguseto, gore lefatshe lotlhe le kwalwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 2:1
13 Iomraidhean Croise  

MI Ahasueruse khosi a khethisa lehatsi, le likiri tsa leoatle.


Ki gona u re bulelele, U gopolañ? A ki taolo go nela Kaisare lekhetho, khotsa nya?


Mi evangelio e ea pusho e tla reroa mo hatsiñ yeotle go na cupo mo meraheñ eotle, mi eriha gona sekhutlo se tla tlañ;


Amarure kia lo raea, Kua evangelio e, e tla reroañ gona mo hatsiñ yeotle, le gona go tla buleloa gona se mosari eo, o se rihileñ, go mo gopola ka shona.


Mi a ba raea, Eañ mo hatsiñ yeotle, mi lo rerele popo eotle evañgelio.


Mi botle ba ea go kualoa, moñue le moñue a ea kua motseñ oa gague.


Go kualoa, le Marie mogatse, eo o beelecoeñ, eo o ithueleñ.


MI yana mo ñuageñ oa bo‐faevten oa taolo ea ga Kaisare Tiberio, Pontio Pilato a le molaori oa Yuda, le Herode a le teterareki ea Galilea, le Filipo monnaue a le teterareki ea Iturea, le ea lehatse ya Terakoniti, le Lesanio a le teterareki ea Abiline,


Mi ga ema moñue oa bona, eo o birioañ Agabo, mi a itsise ka Moea, ha go tla na tlala e kholu mo lehatsiñ yeotle; mi e la ea tla rure mo malatsiñ a ga Kalaudio Kaisara.


Gone ha ki siamolola, khotsa ki rihile señue se se cuanetseñ loshu, ga ki rekegele go shua; mi ha go si sepe sa lilo tse ba li ’ntatuhatsañ, mi yalo ga go ope eo o ka ba ’nnelañ go ba khatla. Ki ipiletsa go Kaisare.


Mi ka Paulo a ipiletsa go bulukeloa kicoñ ea Auguseto, ka laola gore a bulukeloe motla o ki tla mo romelañ go Kaisare ka ona.


Ga ntla, kia itumelela Morimo oa me, ka Yesu Keresete kaga lona lotle, ka tumelo ea lona e bulecoe mo hatsiñ yeotle.


Baitsephi botle ba lo rumerisa, bogolu bona ba ntlu ea ga Kaisara.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan