Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 19:4 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Mi a tabogela pele, a palama setlare sa mosekamore gore a mone; gone a tla heta ka tsela euo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

4 Mme a sianela kwa pele a palama setlhare sa mosikamore fa thoko ga tsela, a lebelela a le koo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

4 Ka moo a tabogela kwa pele, a palama setlhare sa motlhatsa gore a mmone, ka a tla feta ka tsela eo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Mme a tabogela kwa pele, a palama setlhare sa mosekamore gore a tle a mmone; ka a tlaa feta ka tsela eo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 19:4
11 Iomraidhean Croise  

Mi khosi ea totisa selevera mo Yerusalema yaka maye, mi ea intsihatsa mesedara yaka mesekamore e e mo mogorogoroñ ka bontsi.


Mi Bale‐hanane oa Mogedera, a na le taolo mo metluareñ le mo mese-kamoreñ e e mo megorogoroñ: mi Yoashe, a na le taolo mo mahumoñ a loukuane:


Mi khosi ea totisa selevera le gouda yaka maye mo Yerusalema, mi a intsihatsa litlare tsa mesedara yaka mesekamore e e mo mogorogoroñ ka bontsi.


Mi khosi ea totisa selevera yaka maye mo Yerusalema, mi ea intsihatsa mesedara yaka mesekamore e e mo mogorogoroñ ka bontsi.


Oa senya tlare tsa vine tsa bona ka sehako, le tlare tsa sekamore tsa bona ka sehako se segolu.


Makote a ole, mi re tla aga ka maye a a betliloeñ: mesekamora e remiloe, mi re tla tloma mesedara boemoñ yoa eona.


Mi Amose a araba, a raea Amatsie, Ga ki moperofeti, mi ga ki moroa moperofeti; mi ki morisa, le mohuri oa lisekamora.


Mi Morena a re, Ekare ha lo na le tumelo e kana ka tlaka ea peu ea mosetara, lo kabo lo raea setlare se sa mosekamino, Khumoga ka mecue, mi u tloñoe mo leoatleñ, mi se tla lo utlua.


Mi a batla go bona Yesu kaha ontseñ ka gona, mi a reteleloa ki bontsi, ka a le mokhutsane.


Mi ka Yesu a hitla gona, a lelala, a mona, a mo raea, Sakaio, akoha, u hologe; gone ki tla tlola mo tluñ ea gago gompienu.


¶ Mi ka ba sa bone kaha ba ka mo isañ mo teñ ka ntla ea bontsi, ba palama litlomesho, ba mo holosa ka lirulelo ka bolao ha gare ha pele ga Yesu.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan