Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 16:9 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

9 Mi kia lo raea, Itiheleñ litsala tsa mamone eo o sa siamañ; gore mogañ lo tlokañ ka ona, ba lo culele mo maagoñ a a sa khutleñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

9 Mme a ke tshwanetse go lo raya ke re lo dire jalo, go reka botsalano ka go tsietsa? A mo go tlaa lo tlhomamisetsa go tsena ga lona mo legaeng la bosakhutleng kwa legodimong?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

9 Gape ke lo raya ke re: “Itireleng ditsala ka Mamone wa tshiamololo gore e tle e re a fela, di lo tsholele mo maagong a a sa khutleng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

9 “Ke lo raya ke re: Itireleng ditsala ka mahumo a a sa siamang; gore e tle e re a tlhaela, di lo tsholele mo maagong a a sa khutleng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 16:9
28 Iomraidhean Croise  

Nama ea me, le pelu ea me, leha li ko li nyelela, Morimo ki hika ya pelu ea me, le kabelo ea me ka bosina bokhutlo.


Kerone ea ba ba tlalehileñ ki lohumo loa bona: bosilo yoa lieleele ki bosilo.


Eo o tlomogelañ mohumanegi pelu, o arima Yehova; mi tuelo ea gague o tla e mo lehela.


A u tla lesa maitlo a gago go hohela go esiñ sepe? gone rure se itihela liphuka yaka tsa lenoñ ye le hohelañ kua legorimoñ.


YALA peu ea señkhue sa gago mo metseñ; gone u tla e bona morago ga malatsi mantsi.


Gone ga ’nkitla ki ganela ka gale, mi ga ’nkitla ki yayarega ka bosakhutleñ; gone botselo bo ko bo nyelela ha pele ga me, le meoea e ki e rihileñ.


Ki gona, khosi, a khakololo ea me e gu natehele, mi garola libe tsa gago ka tsiamo, le litsiamololo tsa gago ka go utluela bahumanegi botluku; ekare khotsa go ka na go leletsa kagisho ea gago.


Yesu a mo raea, Ha u rata go itekanela, ea, u bapatse tse u nañ naco, mi u li abele bahumanegi, mi u tla na le lohumo mo legorimoñ; mi u tle, u ’ntsale morago.


¶ Lo si iphuthele mahumo mo hatsiñ, ha cuele le mororu o senyañ gona, le ha magoru a phunyañ go ucua gona;


Ga go ope eo o ka rihelañ barena ba tu; gone o tla ila moñue, mi a ñaparele eo moñue; khotsa o tla utlua moñue, mi a lebale eo moñue. Ga lo kake loa rihela Morimo le Mamone.


Mi bogolu acuañ bahumanegi ga lilo tse lo nañ naco; mi bonañ lilo cotle li tla lo itsekela.


Bapatsañ tse lo nañ naco, mi acuañ bahumanegi; itiheleñ khetse tse ri sa onaleñ, lohumo lo lo mo magorimoñ, lo lo sa nyeleleñ, go siñ legoru le lo hitlelañ, le licuele go lo senya.


Mi u tla tsegoharioa; gone ba si na se ba ka gu ruelañ ka shona; gone u tla rueloa mo cogoñ ea basiami.


Ki gona ha lo lo sa ikanoa mo mamoneñ eo o sa siamañ, lo tla ikañoa e mañ lohumo loa boamarure?


¶ Ga go motlañka ope eo o ka rihelañ barena ba tu; gone o tla ila eo moñue, khotsa a rate eo moñue; khotsa o tla ñaparela eo moñue mi a nyatse eo moñue. Ga lo kake loa rihela Morimo le mamone.


Kia itse kaha ki tla rihañ ka gona, gore ere ki ntsioa mo tihoñ ea tlamelo, ba ’ncule mo matluñ a bona.


Mi a re, Korenelio, merapelo ea gago e utluiloe, mi likaco tsa gago li gopocoe, ha pele ga Morimo;


Mi ka a mo leba a boiha, mi a re, Morena, ana eñ? Mi a mo raea, Merapelo ea gago le likaco tsa gago, li tlile ha pele ga Morimo go na khoporisho.


Gone pogisho tsa rona tse ri boheho, tse ri hetañ ka bonako, li re rihela bogolu yo bogolu bogolu yoa khalalelo ea boima yo bo sa khutleñ;


Ipulukeñ mo loratoñ loa Morimo, go lebelela boicuarelo yoa ga Yesu Keresete Morena oa rona mo botseloñ yo bo sa khutleñ.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan