Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 16:8 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Mi morena a baka motlameri‐ntlu eo o sa siamañ, gone a rihile ka botlale, gone bana ba hatsi yenu ba botlale bogolu mo baneñ ba leseri mo sikeñ loa bona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

8 “Monna wa mohumi a tshwanelwa ke go baka molebeledi yo o bolotsana ka go dira botlhale jo bo kalo. Mme ke boammaaruri gore banni ba lefatshe le, ba tlhalefile thata [mo go sa ikanyegeng]! go gaisa batho ba Modimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

8 “Morena a boka mookamedi wa tshiamololo, ka a dirile ka botlhale; gonne bana ba lefatshe leno mo losikeng lwa bone ba tlhalefile go gaisa bana ba lesedi.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 “Mme morena wa gagwe a faka molebedi yo o sa siamang, ka a dirile ka botlhale; gonne bana ba lefatshe leno ba tlhalefetse losika lwa bone go gaisa bana ba lesedi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 16:8
23 Iomraidhean Croise  

MI yana noga ea bo e le boherehere bogolu go cotle tse ri tserileñ tsa naga, tse Yehova Morimo o li rihileñ. Mi ea raea mosari, A rure Morimo o lo oa re, Lo si ye ga tlare tsa tsimo?


Mi Amenone a na le tsala, eo leina ya gague e le le Yonadabe moroa Shimee mogolu oa Davide: mi Yonadabe e le le monona eo o tlalehileñ thata.


Ki gona yana, ’mpiletsañ baperofeti ba Baale botle, batlañka ba gague botle, le baperiseti ba gague botle; a go si tlokahale ope; gone ki na le tlabelo e kholu go Baale; botle ba ba tlokahalañ ga ba kitla ba tsela. Mi Yehue a riha ka boherehere, go herisa bariheri ba Baale.


Mo bathuñ ka atla sa gago, Yehova, mo bathuñ ba e leñ ba lehatsi, ba boshua yoa bona bo leñ mo botseloñ yonu; ba limpa tsa bona u li tlatsañ ka khumo ea gago e e shubiloeñ; ba tletse bana, mi ba tlogelela banyana ba bona tse ri setseñ tsa bona.


Tlañ; re ba tlaleheñ, gore ba si intsihale, mi etlare khotsa tlabano e rihala, ba re ela mosheyane le baba ba rona, ba tlabana le rona, ba coa mo hatsiñ ye.


Monona o tla bakoa kaha botlaleñ yoa gague: mi eo o pelu ea cokamo o tla nyarioa.


Mi leha e le mañmañ eo o tla sebañ Moroa mothu, o tla icuareloa; mi leha e le mañmañ eo o tla sebañ Moea oa boitsepho, ga a kitla a icuareloa, esiñ mo hatsiñ yenu, khotsa mo go ye le tla tlañ.


Petero a mo raea, Mo baeñeñ. Yesu a mo raea, Ki gona bomoroa ba golocoe.


Eo o ikancoeñ mo go se se botlana bogolu, eo, o ikancoe le mo go se segolu; mi eo o sa siamañ mo go se se botlana bogolu, le ena ga a siama le mo go se segolu.


Kia itse kaha ki tla rihañ ka gona, gore ere ki ntsioa mo tihoñ ea tlamelo, ba ’ncule mo matluñ a bona.


Mi a ba a raea eo moñue, Mi uena, molatu oa gago o kai? Mi a re, Likoro tsa mabele li hundereda. Mi a mo raea, Tsaea kualo loa gago u kuale eite.


Mi Morena a re, Utluañ se moatlori eo o sa siamañ o se buañ.


Mi Yesu a araba, a ba raea, Bana ba lehatse yenu ba nyala, mi ba neoa mo nyaloñ.


Mi ba ba tla kaioañ ba cuanetse go bona hatse ye leñue, le cogo mo bashuiñ, ga ba kitla ba nyala, mi ga ba neoe mo nyaloñ.


Ka lo sa na le leseri, rumelañ mo leseriñ, gore lo ne bana ba leseri. Yesu a bua lilo tse, mi a ea a ba icubela.


A go si ne ope eo o itsietsañ. Ha moñue mo go lona a gopola a le botlale mo hatsiñ yenu, a a silohale, gore a tlalehe.


Gone erile pele loa bo lo le mo hihiñ, mi yana lo leseri mo Moreneñ; lo tsamaee yaka bana ba leseri;


Ba, khutlo sa bona e leñ tsenyego, ba, Morimo oa bona e leñ mpa, ba, khalalelo ea bona e leñ litloñ tsa bona, ba ba gopolañ lilo tsa lehatse.


Lona lotle lo bana ba leseri, le bana ba letsatsi; ga re ba bosigo, leha e le ba lehihi.


Mi lona lo losika lo lo itseñkecoeñ, le boperiseto yoa bogosi, le morahe oa boitsepho, le bathu ba ba rekiloeñ; gore lo shupe bonatla yoa gague, eo o lo biritseñ mo hihiñ, go ea leseriñ ye le gakhamatsañ;


Bana ba Morimo, le bana ba diabolo, ba bonetse ka mouo. Leha e le mañmañ eo o sa riheñ tsiamo, ga si oa Morimo; le ena eo o sa rateñ mokauleñue oa gague.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan