Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 16:1 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI le gona a raea barutoa ba gague, Gabo gole monona oa mohumi, a na le motlameri‐ntlu, mi eo, a latuharioa go ena, ha a sentse lilo tsa gague.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

1 Mme Jesu a bolelela barutwa ba gagwe polelo e: “Monna wa mohumi o kile a hira molebeledi go tlhokomela dilo tsa gagwe mme ka bonako ga utlwala fa molebeledi a sa ikanyege.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

1 Le gona a raya barutwa ba gagwe a re: “Go ne go le motho mongwe yo o humileng, a na le mookamedi wa ditiro; mme yo, o ne a latofadiwa fa pele ga gagwe gore o senya di-tsa-gagwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Le gone a raya barutwa a re: “Go ne go le monna mongwe e le mohumi, a na le molebedi wa dilo tsa gagwe; ene yo a newa molato kwa go mong wa gagwe, ga twe, o senya dilo tsa gagwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 16:1
19 Iomraidhean Croise  

Mi Aberame a re, Yehova Morena u tla ’nnaeañ, ka e le ha ki tsamaea ki sina bana, mi motlameri eintlu ea me e le eo, Eliesare oa Damaseka?


¶ Mi ba atamela molaori oa eintlu ea ga Yosefe, mi ba bua nae ha moyakoñ oa eintlu,


MI Davide a phuthela Yerusalema balaori botle ba Bayeserela, balaori ba lico, la balaori ba ba rihelañ khosi ka liphapano, le balaori ba mathousanda, le balaori ba mahundereda, le balaori ba lithoto cotle le likhomu tsa khosi, le bomoroaue, le likala, le ligañka, le banona ba bonatla botle.


Le ena eo o bolea mo tihoñ ea gague, ki ñoana rague eo o senyañ.


¶ Gone a si ka a itse ha e le ’na eo ki mo netseñ mabele, le boyaloa yo bosha, le loukuane, le selevera, le gouda, tse ki li mo intsihaleritseñ, tse ba rihetseñ Baale licuanco ka cona.


Mi ka go sina na matsiboea, morena oa tsimo ea movine a raea motlameri‐ntlu oa gague, Bitsa barihi, mi u ba ne tuelo tsa bona, u simolole ka oa bohelo le go oa ntla.


Mi Morena a re, Motlameri‐ntlu eo o ikancoeñ, eo botlale ki ohe, eo morena o tla mo laorisañ batlañka ba gague, go ba naea kabelo ea seyo ka motla oa shona o o siameñ?


Mi malatsi a si ka a na mantsi morago ga mouo, eo motlana, ka a sina phutha lilo cotle, a etela kua hatsiñ ye le khakala, mi a senya lilo tsa gague gone ka tselo yo bo mashue.


Mi moroau eo, erile a sa tla, eo o sentseñ tsa gago ka maakahari, u mo tlabetse namane e e nonneñ.


¶ Gabo gole monona moñue, a humile, mi a apere porepura le lene ya bonolo, a tsela ka malatsi aotle mo boitumeloñ le mo boiñtliñtleñ.


Mi a mitsa, a mo raea, Eñ se ki se utluañ ga gago? naea palo ea tlamelo ea gago, gone u si kitla u tlola u na motlameri‐ntlu.


Mi eo moñue a tla, a re, Morena, bona, ponda ea gago ki e; ki e bulukile mo letseleñ ya mohuhuco;


Le Yoane, mosari oa ga Kouse, motlameri‐ntlu oa ga Herode, le Susane, le bontsi yo boñue, yo bo mo rihelañ ka lilo tsa yona.


Gone molebalebi a cuanetse go na a sina molatu, yaka motlameri‐ntlu oa Morimo; esiñ moitaori, esiñ go galeha ka bonako, esiñ go neloa boyaloeñ, esiñ motlanyi, esiñ mobatli oa lireko ka tsieco;


Loa lopa, mi ga lo bone, gone lo lopa mashue, gore lo li senye mo litlapeloñ tsa lona.


Yaka moñue le moñue a bonye neo, a a rihele ba bañue ka eona, yaka batlameri‐ntlu ba ba molemo ba litsegohaco tse rintsi tsa Morimo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan