Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 15:2 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Mi Bafarisai le bakuari ba ñoñorega, ba re, Monona eo, o cula baleohi, mi o ya nabo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

2 mme mo ga tsosa dingongorego mo baeteledingpele ba tumelo ya Sejuta le bomaitseanape ba melao ya Sejuta ka gore o na a tsalane le baleofi ba ba ntseng jalo, ebile aa ja le bone!

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

2 Mme Bafarisai le Baitsedikwalo ba ngongorega ba re: “Yo, o tshola baleofi, o ja nabo.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Bafarisai ba ngongorega le bakwadi, ba re: “Monna yo, o tshola baleofi, o ja nabo.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 15:2
12 Iomraidhean Croise  

Moroa mothu o tsile, a ya, a noa, mi ba re, Bonañ, moyi le monoi oa boyaloa, tsala ea baphuthi ba lekhetho le baleohi; mi botlale bo siamisicoe ki bana ba yona.


Mi ka Bafarisai ba bona yalo, ba raea barutoa ba gague, Moruti oa lona o yelañ le baphuti ba lekhetho le baleohi?


¶ Mi a bua secuanco se nabo, a re,


Mi ka botle ba bona yalo, ba ñoñorega, ba re, O ile go tlola le monona oa moleohi.


Mi bakuari ba bona, le Bafarisai, ba ñoñoregela barutoa ba gague, ba re, Lo yelañ lo noelañ le baphuthi ba lekhetho, le baleohi?


Moroa mothu o tlile, a ya, a noa; mi loa re, Bonañ, moyi le monoi oa boyaloa; tsala ea baphuti ba lekhetho le baleohi!


Mi ka Mofarisai eo o miritseñ a bona yalo, a ithaea, a re, Eo, ha e le le moperofeti, o kabo a itsile mosari eo o mo amañ, kaha ontseñ ka gona, gone e le moleohi.


Ba re, U lu ua tsena mo banoneñ ba ba sa guerisioeñ, mi ua ya nabo.


Gone a la a ya le bahaitene pele, bañue ba ga Yakobo ba e si ba tle; mi eare ba sina tla, a ñuega, a ithibosa, a boiha ba boguera.


Lehuku ye, ki yeona ya boikanyo, mi le cuanecoe ki kamogelo eotle, ha Keresete Yesu a la a tla mo lehatsiñ go buluka baleohi, ba ki leñ mogolu oa bona botle.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan