Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 14:21 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

21 Mi motlañka eouo, ka a ba a boea, a bulelela morena oa gague lilo tse. Mi muñ oa ntlu a na bogale, a raea motlañka oa gague, Akoha, u coele kua mebileñ, le mo liheroñ tsa motse, mi lere kuanu bahumanegi, le likooa, le batlotsi le lihohu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

21 “Motlhanka a boa a ya go bolelela mong wa gagwe se ba se buileng. Mong wa gagwe a gakatsega thata mme a mo raya a re, itlhaganelele mo mebileng le mo dikgorong tsa motse o laletse bakopi, digole, batlhotsi le difofu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

21 “Motlhanka a tla, a bolelela morena wa gagwe dilo tse. Ke fa mong wa ntlo a galefa, a raya motlhanka wa gagwe a re: ‘Akofa o tswele kwa mebileng le mebilaneng ya motse, o tsise bahumanegi le digole le difofu le batlhotsi kwano.’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

21 “Motlhanka yoo a boa, a bolelela morena wa gagwe dilo tse. Foo mong wa ntlo, ka a le bogale, a raya motlhanka wa gagwe a re: ‘Tsamaya ka bonako, o tswele kwa mebileng le mo diferwaneng tsa motse, mme o lere kwano mo teng bahumanegi, digole, difofu le batlhotsi.’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 14:21
38 Iomraidhean Croise  

Mi ere ha u riha moriho, bitsa bahumanegi, le likoa, le batlotsi, le lihohu;


Bakauleñue ba ba rategañ ba me, retsañ; a Morimo ga oa itseñkela bahumanegi ba lehatse yenu, go na bahumi mo tumeloñ, le ba boshua ba bogosi yo o reileñ, o tla bo naea ba ba o ratañ?


Lihohu lia bona, batlotsi ba tsamaea; baleperoi ba ntlaharioa, ba ba sa utlueñ ba utlua, bashui ba cosioa, mi Evañgelio e buleloa mo bahumanegiñ;


¶ Mi Yesu a re, Ki tlile go na tsekisho mo lehatsiñ, gore ba ba sa boneñ, ba bone; mi ba ba bonañ ba hohuhale.


Gone kia lo raea, Ga go ope mo bathuñ bauo ba ki ba biritseñ, eo o tla lekañ selalelo sa me.


Eriha gona motlotsi o tla tlolañ yaka kukama, le loleme loa semumu lo tla opela: gone metse a tla phanyega mo gareñganaga, le likelelo mo poeñ.


Re tla tsaba yañ, ha re lebala puluko e kholu e? e e simolocoeñ go reroa ki Morena, mi re e tlomamisericoe ki bona ba ba mo utluileñ;


Oa cosa ba botlana mo loroleñ, mi oa gorisa bakopi mo thotoboloñ, go ba lurisa le bagoluane; le go ba ruisa terone ea khalalelo: gone metheo ea lehatsi ki ea ga Yehova, mi o beile lehatsi go eona.


Mi Moea le monyaroi ba re, Tlañ. Mi a eo o utluañ a re, Tlañ. Mi a eo o nyoriloeñ a tle. Mi eo o ratañ, a a tsee metse a botselo, esiñ ka sepe.


Mi caka e e bogale e coa mo molomoñ oa gague, gore a reme bahaitene ka eona; mi o tla ba laola ka tsamma ea tsipi; mi a kataka khatisho ea boyaloa yoa bogale yo bogolu yoa bogale yoa Morimo, Mothatietle.


Utluañ bagogi ba lona; mi lo ne mo taoloñ ea bona, gone ba risa meoea ea lona, yaka ba ba tla ikarabelañ; gore ba rihe yalo ka boitumelo, esiñ ka bohutsana, gone bo ko bo si molemo go lona.


Gore tlabologo, le go icuarela libe go reroe mo ineñ ya gague, mo cabeñ cotle, go simolola ka Yerusalema.


¶ Tlañ go ’na, lotle ba lo lapileñ lo imeloañ, mi ki tla lo lapolosa.


Linti tsa lona li repile; ga ba nonoha go gagamatsa masete, ga ba kake ba menolola letsela ya pheho: eriha gona thopo e kholu ea khapo e abalañoañ: le ena motlotsi a gapa khapo.


¶ Mi ka baaposotoloi ba sina boea, ba mulelela cotle tse ba ri rihileñ. Mi a ba cula, mi ba hurugela bosi kua gareganaga ea motse oa Betesaida;


Batlañka ka ena, ba rile ba bona yalo, ba hutsahala bogolu, mi ba tla, ba bulelela morena oa bona cotle tse ri rihahetseñ.


Eriha gona go tlañ barutoa ba gague mi ba mo raea, A ua itse ha Bafarisai ba gakatsegile ka ba sina utlua huku ye?


Mi e la ea khaogañoa ka motla ouo: mi hoñ liñku tse ri humanegileñ, tse ri tsa ’ntlokomela, tsa itse rure ha e le le huku ya ga Yehova.


¶ Mi ka hurisa liñku tsa tlabo, gone tsa bo li le lehuma. Mi ka itseela likhoge li tu; ñue ka e bitsa Tsegahaco, mi e ñue ka e bitsa Liphapo; mi ka hurisa liñku.


EA kua le kua mo mebileñ ea Yerusalema, mi u bone yanuñ, u lemoge, u batle mo libaeñ tsa ona, ha u bona moñue, ha gole moñue eo o sia misañ, a batla boamarure; mi ki tla o icuarela.


Mi makua a Davide a menogela mo tseleñ ea aona, a boea, a tla a mulelela kaha mahukuñ aotle ua.


Gone lotheka loa me lo tletse mogote o o botluku mi ga go boitekanelo bope mo nameñ ea me.


Atlañ Moroa, gore a si galehe, mi loa nyelela mo tseleñ, mogañ bogale yoa gague bo tukañ go le gonye; go tsegaharicoe botle ba ba mo ikanyañ.


Mi eo moñue a re, Ki nyetse mosari, ki gona ki sa kakeñ ka tla.


Mi motlañka a re, Morena, go rihetse yaka u laotse, mi bonno bo sale gona.


Mi ba mo raea, Gone go si ope eo o re laleritseñ. A ba raea, Le lona, eañ mo tsimoñ ea movine, mi se se siameñ lo tla se bona.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan