Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 12:4 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Mi kia lo raea, litsala tsa me. Si boiheñ ba ba bolaeañ mele, mi morago ga mouo, ga ba na se ba ka se rihañ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

4 “Ditsala tse di rategang, lo se ka lwa boifa ba, ba ba batlang go lo bolaya. Ka gore ba ka bolaya mmele fela mme ga ba na nonofo mo meweng ya lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

4 “Mme lona ditsala tsa me, ke lo raya ke re: Se boifeng ba ba bolayang mmele, mme morago ba se na sepe se ba ka se dirang bogolo go moo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 “Ke a lo raya ditsala tsa me ka re: Se boifeng ba ba bolayang mmele, mme kwa morago ba sa tlhole ba na le se ba ka se dirang.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 12:4
20 Iomraidhean Croise  

Poiho ea mothu e osetsa mo seruñ: mi eo o ikanyañ Yehova, o tla ilerioa.


KHANTSARIAKA, uena monyaroi, ki tsile mo tsimoñ ea me: ki phuthile mera ea me, le lilo tsa loñko tsa me; ki yele lomepa loa linotse loa me le linotse tsa me; ki nole boyaloa yoa me le mashi a me: lona tsala tsa me, yañ, lo noe; E, lona baratoi, noañ segolu.


Leganu ya gague le botse bogolu, le cotle tse ri go ena ki keletsego hela. Eo ki morati oa me, E, eo ki tsala ea me, lona bomoroaria Yerusalema.


¶ Mi lona Bayeserela, batlañka ba me, lona Bayakoba, ba ki lo itseñketseñ, losika loa ga Aberahame tsala ea me;


¶ Ki gona uena, ikokoaele lotheka loa gago, ema, mi u bue le bona cotle tse ki tla li gu laolelañ: u si reroe ki hatlogo tsa bona, gore ki si gu rere ha pele ga bona.


U si boihe hatlogo tsa bona; gone ki na nau, go gu golola, go bua Yehova.


Ka ntla ea Bakaledia; gone ba ba boiha, ka Yishemaele moroa Netanie, a la a bolaile Gedalie moroa Ahikame, eo khosi ea Babelona e le ea mo laorisa lehatse.


Mi uena, moroa mothu, u si ba boihe, le esiñ go boiha mahuku a bona, leha meñana le metlua e na nau, mi u nna mo liphepeñ: u si boihe mahuku a bona, le esiñ go reregela hatlogo tsa bona, gone ba ntlu ea cuulolo.


Mi si boiheñ ba ba bolaeañ mele, mi ba sa kake ba bolaea moea; mi bogolu boihañ ena eo o nonohileñ go senya moea le mele mo moleteñ oa molelo.


Ga go ope eo o nañ le lorato lo logolu mo go lo, ha monona a ka bela litsala tsa gague botselo yoa gague.


Mi lilo tse ga li lipe mo go ’na, le yona botselo yoa me ga ki bo kaele segolu go na, gore ki uetse tsiano ea me ka boitumelo, le tihelo e ki e bonyeñ mo go Yesu Morena, go shupa ga evangelio ea tsegohaco ea Morimo.


¶ Mi yana erile ba bona bopelukhale yoa ga Petero le Yohane, mi ba lemoga ha ba sa rutoe, e le le bathu hela, ba gakhamala; mi ba ba itse ha ba le ba na le Yesu.


Le gona gore lo si boihisioe mo go sepe ki baganetsi ba lona; mo e leñ cupo rure ea tsenyego go bona, mi go lona ea puluko, e e leñ ea Morimo.


Mi lokualo lo loa rihahala, lo lo reñ, Aberahame o la a rumela Morimo, mi e la ea baleloa go ena tsiamo; mi o la a birioa tsala ea Morimo.


Mi ha lo bogisioa ka ntla ea tsiamo, yalo lo tsegoharicoe, mi lo si boihe poiho ea bona, mi lo si tlaleloe;


Si boihe sepe sa lilo tse u tla li bogisioañ; bona, diabolo o tla rigela bañue ba lona mo tluñ ea kholegelo, gore u lekoe: mi u tla na le pogisho ka malatsi a ten; u ikanyetse loshuñ, mi ki tla gu naea seroalo sa bogosi sa botselo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan