Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 12:1 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 KA e sale yalo, ga phuthega bothousanda yo bontsi yoa bathu, ga tsamaea yoa katakalana, a simolola go raea barutoa ba gague. Ga ntla, lo itise mo seberishoñ sa Bafarisai, se e leñ boitimokanyo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

1 Mme ya re ka lobakanya na loo bontsintsi jwa batho jwa ntsifala go fitlhelela ba nna diketekete ba bo ba hereetsega ba gatakana. Mme Jesu a retologela kwa barutweng ba gagwe a ba tlhagisa a re, “Mo godimo ga dilo tsotlhe, lo itlhokomeleng mo Bafarasaing ba, le ka mokgwa o ba ipayang jaaka ba siame mme ba sa siama. Mme boitimokanyi jo bo kana ga bo ka ke jwa fitlhegela ruri.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

1 E rile go sa le jalo, diketekete tsa batho di sena go phuthega, mo ba bileng ba gatana dinao, a simolola go bua pele le barutwa ba gagwe a re: “Itiseng mo matlhabegong a Bafarisai, a e leng boitimokanyo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Gone foo, fela go sena go phuthega boidiidi jwa batho, ba ba ba tla ba ba katakalana, a simolola go raya barutwa ba gagwe sa ntlha a re: “Lo itise mo sebedisong sa Bafarisai, se e leng boitimokanyo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 12:1
18 Iomraidhean Croise  

Mi khosi ea laolela molaori eo e le ea ikaega ha atleñ sa gague go lebela khoro: mi bathu ba mo gata mo khoroñ, mi a shua, yaka lehuku ya monona oa Morimo, eo o la a bua, ka khosi e hologela eo ena.


Ha thurueco ea baikepi e le khutsane, le boitumelo yoa moitimokanyi bo le ka ponyo ea leitlo?


Gone culuhelo ea moitimokanyi eñ, ha a khaoloa, mogañ Morimo o tlosañ moea oa gague?


Mi ba ba itimokanyañ ka pelu, ba ikokoanyetsa bogale: ha o ba golega ga ba o khayayegele.


Baleohi ba tlakasela mo Tsiona; thoromo e tsegeritse baitimokanyi. E bo mañ ba ba go rona ba ba ka nnañ mo moleloñ o o nyeletsañ? e bo mañ ba ba go rona ba ba ka nnañ mo phishoñ tse ri sa khutleñ?


Go latlega lona bakuari le Bafarisai, baitimokanyi! gone lo cuana le liphupu tse ri sa bonaleñ, mi bathu ba ba tsamaeañ gorimo ga cona, ga ba li itse.


Baitimokanyi ki lona, loa itse go lemoga tse ri bonalañ mo legorimoñ, le mo lehatsiñ; mi gontse yañ ka lo sa lemoge motla onu?


MI ga rihala ka bontsi bo mo pitlaganya go utlua huku ya Morimo, a ema ha letseñ ya Genesareta,


Mi tumo ea gague ea halarioa bogolu bogolu; mi bontsintsi yo bogolu yoa tla mogo go utlua, le go horisioa ki ena maloetse a yona.


¶ Mi a hologa nabo, a ema mo motlabeñ, le leshomo ya barutoa ba gague; mi bontsi yo bogolu yoa bathu yo bo coañ mo Yuda yeotle, le Yerusalema, le kua ntleñ ea leoatle ya Tsura le Tsidona, yo bo tlañ go mo utlua, le go horisioa maloetse a yona;


Mi ka ba utlua yalo, ba galaletsa Morena, mi ba mo raea, Ua bona, mokauleñue, bokai yoa bathousanda ba Bayuda ba ba rumelañ; mi botle ki batloahaleri ba molao.


Gone ki le ka lo naea ga ntla, se le ’na ki se cutseñ, go re, Keresete o la a shuela libe tsa rona kaha likualoñ;


Mi lona lo tlile go thaba ea Tsiona; le go motse oa Morimo o o tserileñ, le go Yerusalema oa bogorimo; le go leshomo ya baengele ye le sa baloeñ,


Mi botlale yo bo coañ kua gorimo, ga ntla ki yo bo itsekileñ, le kagisho, le bopelunomi, le bonolo go rapeloa, bo tletse boicuarelo, le mauñuo a molemo, bo sina tlopho, mi bo sina boitimokanyo.


KI gona belegololañ bogale yoa cubo yotle, le tsieco eotle, le maitimokanyo, le lipelutsetla, le tsebo eotle,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan