Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 1:7 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

7 Mi ba bo ba si na ñuana, gone Elisabete a la a le moopa, mi ba tu ba bo ba cohetse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

7 Mme ba ne ba sena bana, gonne Elisabetha e ne e le moopa; mme ka bobedi jwa bone ba bo ba tsofetse thata.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

7 Mme ba bo ba se na ngwana, ka Elisabete e le moopa, ba bile ba setse ba tsofetse ka bobedi jwa bone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

7 Ba bo ba se na ngwana, ka Elisabethe a le moopa, ba bile ba setse ba tsofetse thata boo babedi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 1:7
16 Iomraidhean Croise  

Eriha gona Aberahame o oelañ ka sehatlogo a tsega, mi a re mo peluñ ea gague; A ñuana o tla boneloa ena eo o leñ bocohe yoa nyaga li hundereda? mi a Sarahe o tla bona ñuana eo o leñ cohalo ea nyaga li naente?


Mi yana Aberahame le Sarahe ba le ba cohetse, ba le nyaga lintsi: mi mokhua oa bosari o lo o khutlile go Sarahe.


¶ Mi Yitsake a rapelela mosari oa gague Yehova thata, ka gone a le moöpa: mi Yehova a rapeloa ki ena, mi Rebeke mosari oa gague a ithuala.


MI Rakele ka a bona a sa tsale bana le Yakobe, Rakele a huhana le mogolüe, mi a raea Yakobe, ’Nnaea bana, mi ha go sa na yalo, ki tla shua.


MI Davide khosi a bo a cohetse, mi a le malatsi mantsi; mi ba mo khurumetsa ka liaparo, mi ga a thuthahale.


Mi a re, Se o ka se riheloañ eñ? Mi Gehase a araba, Rure ga a na ñuana, mi monona oa gague o cohetse:


¶ GABO gole moperiseti moñue, eo o birioañ Sakarie, mo malatsiñ a ga Herode, khosi ea Yuda, oa phapano ea ga Abie; mi mogatse e le le oa bomoroaria Arone, mi leina ya gague e le le Elisabete.


Mi ba tu ba, ba bo ba siame ha pele ga Morimo, ba tsamaea mo litaoloñ cotle, le mo mekhueñ ea Morena, ba sina molatu.


Mi ga rihala ka a riha meriho ea boperiseti mo phapanoñ ea gague, ha pele ga Morimo,


Mi ka a sa ne bokooa mo tumeloñ, a si ka a lepa mele oa gague o o shuleñ gale, ka nyaga tsa gague li kane li le hundereda, le ga go shua ga sebopelo sa ga Sarahe;


Sarahe le ena o la a bona thata go ithuala, mi a belega a sina heta nyaga tsa go belega, ka tumelo, ka a kaea ha eo o buleletseñ pele a le boikanyo.


Mi a na le basari ba tu; leina ya moñue e le le Hane, mi leina ya eo moñue Penine: mi Penine a na le bana, mi Hane a ba a sina bana.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan