Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 1:53 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

53 O tlaritse ba ba tlala ka tse ri molemo; mi bahumi o ba romile ba sina sepe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

53 O kgorisitse dipelo tse di bolailweng ke tlala mme o busitse bahumi ba sa tsaya sepe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

53 Ba ba tshwerweng ke tlala o ba kgorisitse tse di molemo; mme bahumi a ba tsamaisa ba iphotlhere.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

53 Ba ba bolawang ke tlala o ba kgorisitse ka dilo tse di molemo; bahumi o ba tsamaisitse ba iphotlhere fela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 1:53
21 Iomraidhean Croise  

Eo o atlolelañ bapatikoi; eo o naeañ ba tlala liyo; Yehova o hunolola bagolegoi;


Litauana lia tloka, mi lia utlua tlala; mi ba ba batlañ Yehova, ga ba tloke sepe sa molemo.


Mi ki tla le cosetsa tlomo ea tumo, mi ga le kitla le tlola le gopioa mo lehatsiñ ka loshekeri, le esiñ go tlola go belega khobo ea bahaitene.


Go tsegaharicoe ba ba utluelañ tsiamo tlala, le ba ba nyoreloañ tsiamo; gone ba tla khorisioa.


O kokotleritse Yeserela motlañka oa ona, ka go gopola boicuarelo,


Lo tsegoharicoe, ba lo utluañ tlala yana; gone lo tla khorisioa. Lo tsegoharicoe, ba lo lelañ yana; gone lo tla tsega.


Mi go latlega lona bahumi! gone lo bonye khomoco ea lona.


Mi Yesu a ba raea, Ki ’na señkhue sa botselo; eo o tlañ go ’na, ga a kitla a utlua tlala; mi eo o rumelañ mo go ’na, ga a kitla a tlola a nyoroa.


Gone bakauleñue, loa bona pico ea lona, ga go matlale mantsi kaha nameñ, ga go bathati bantsi, ga go bagoluane bantsi;


Yana lo khotse, yana lo humile, lo laotse lo sina le rona yaka likhosi; mi ’nko ki rata segolu gore lo laole, gore le rona re laole le lona.


Bakhori, ba italeleritse liyo; mi batlala ba khutlile: gone moopa o tsetse ba seven; mi eo o la a na le bana bantsi o thataholocoe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan