Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 1:2 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Go cuana yaka re li neiloe ki bona ba ba li bonyeñ, le ba ba le ba le bariheri ba lehuku mo tsimologoñ;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

2 fela jaaka re di neilwe ke ba ba di bonyeng ka matlho go tswa kwa tshimologong, mme ba nna badiredi ba Lefoko.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 fela jaaka re di neilwe ke ba ba di bonyeng ka matlho, le ba e neng e le badiredi ba lefoko mo tshimologong;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 1:2
25 Iomraidhean Croise  

TSIMOLOGO ea evañgelio ea ga Yesu Keresete, Moroa Morimo.


Mi ka ba coa ba rera mo ntleñ cotle; mi Morena a riha nabo, a tlomamisa lehuku ka ntla ea licupo tse ri le latelañ. Amena.


¶ Moyari, ki ena eo o yalañ lehuku.


Mi lona lo bashupi ba lilo tse.


Mi le lona, lo tla shupa, gone lo lo na le ’na mo tsimologoñ.


Mi lilo tse ki li lo buleletse, gore mogañ oura o tlañ lo gopole ha ki li lo buleletse. Mi lilo tse ga kia ka ka li lo bulelela mo tsimologoñ, gone ki le ki na le lona.


Ba, le ena o icupileñ go bona a tserile, morago ga papolo ea gague, ka licupo li lintsi tsa tlomamo, mi o bonyoe ki bona ka malatsi a forte, a bua kaga lilo tsa bogosi yoa Morimo;


Mi lo tla bona thata ea Moea oa Boitsepho e e tla tlañ go lona. Mi lo tla na bashupi ba me mo Yerusalema, lo mo Yuda yeotle, le mo Samaria, le kua khutloñ ea lehatse.


Mi ka ba sina rera lehuku mo Perege, ba ea kua Atalia;


Mi ka ba sina ralala Ferigia, le lehatse ya Galatia, ba khorelerioa ki Moea oa Boitsepho go rera lehuku mo Asia;


Mi ba, ba bo ba le linatla bogolu go bona ba Tesalonia, gone ba le ba cula lehuku ka tepo eotle ea pelu, mi ba botsisa likualo ka malatsi aotle, go itse ha lilo tse lintse yalo.


Mi anamologa, mi u eme ka nao tsa gago; gone ki gu ipontseritse mouo, go gu riha moriheri le moshupi oa lilo tse u li bonyeñ, le oa lilo tse ki tla gu iponatsañ ka cona;


Gone ga re kake ra khutla go bua ga lilo tse re ri bonyeñ, le tse re li utluileñ.


Mi yana ba ba halaricoeñ ba ralala ntla cotle, ba rera lehuku.


Gore ki ne moriheri oa ga Yesu Keresete mo bahaiteniñ, go ba rihela evangelio ea Morimo, gore cupelo ea bahaitene e natehe, ka e itsephisicoe ki Moea oa Boitsepho.


AMOTHU moñue le moñue a re kaee re bariheri ba ga Keresete, le batlameri‐ntlu ba masaitsioeñ a Morimo.


Re tla tsaba yañ, ha re lebala puluko e kholu e? e e simolocoeñ go reroa ki Morena, mi re e tlomamisericoe ki bona ba ba mo utluileñ;


BAGOLU ba ekelesia ba ba mo go lona, kia ba kaela, ’na eo ki leñ mogolu nabo, le moshupi oa lipogisho tsa ga Keresete, le moaberoi oa khalalelo e e tla bonatsioañ:


Gone ga rea ka ra latela litlamane tsa tsieco tse li rihiloeñ, ka re lo itsise thata le go tla ga Yesu Keresete Morena oa rona, mi re le re le balebi ba bonatla yo boiñtle yoa gague.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan