Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Jakobe 2:1 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 BAKAULEÑUE ba me, a loa ipobola tumelo ea ga Yesu Keresete, Morena oa khalalelo, ka lo tlaola bathu?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

1 Bakaulengwe ba ba rategang, lo ka re lo ba Morena Jesu Keresete Morena wa kgalalelo jang, fa lo supa kgethololo ka go ja le bahumi fela lo lebela bahumanegi kwa tlase?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

1 Ba ga etsho, lo se ka lwa kopanya tumelo ya go dumela mo go Morena wa rona Jesu Keresete wa kgalalelo le go gobelelela batho.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Bagaetsho, lo se ka lwa pataganya go dumela ga lona mo go Morena wa rona Jesu Keresete, Morena wa kgalalelo, le go tlhaola batho.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Jakobe 2:1
29 Iomraidhean Croise  

Le liane tse, ki tsa matlale. Ga go molemo go gobela bathu mo tsiamishoñ.


Mi ha lo tlaola bathu, loa leoha, mi lo latuharioa ki molao yaka batlori.


Si haposeñ tsiamisho; mi lo si gobele bathu, le esiñ go cula theleseco: gone theleseco e hohubatsa maitlo a matlale, mi e shokamisa mahuku a basiami.


Si siamololeñ mo tsiamishoñ: lo si gobe eo motlana, le esiñ go tlotla mogoluane; lo siamisetse moñ ka lona ka tsiamo.


Lo si gobe mo tsiamishoñ; lo utlue eo motlana yaka eo mogolu, lo si boihe hatlogo sa ga ope; gone tsiamisho e le ea Morimo: mi se se ganeloañ se se leñ thata go lona, se lereñ go ’na, mi ki tla se utlua.


Ga go molemo go gobela bathu: gone monona o tla tlola ka kabetla ea señkhue.


Mi yana a poiho ea Yehova e ne go lona; itiseñ mi lo rihe: gone ga go na tsiamologo ha go Yehova Morimo oa rona; le esiñ tlaolo ea bathu, le esiñ go cula litheleseco.


Mi botlale yo bo coañ kua gorimo, ga ntla ki yo bo itsekileñ, le kagisho, le bopelunomi, le bonolo go rapeloa, bo tletse boicuarelo, le mauñuo a molemo, bo sina tlopho, mi bo sina boitimokanyo.


Mi lo tsatsia eo o apereñ aparo tse riñtle, mi lo mo raea, Lula ha, mo heloñ ga tlotlo; mi lo raea mohumanegi, Ema hale, leha e le, Lula ha tlatse ga serulo sa nao tsa me;


Ba ki bañoñoregi, le ba ba itokañ popego ea bona, ba ba tsamaeañ kaha likhatlegoñ tsa bona, (mi melomo ea bona e bua lilo tse ri burulecoeñ segolu,) ba tlaola bathu ka go shuluhela thusho.


Kia gu laolela ha pele ga Morimo, le Yesu Keresete Morena, le baengele ba ba itseñkecoeñ, gore u ele lilo tse tloko, esiñ ka tsekiseco pele, le esiñ go riha sepe ka tlaolo.


Mi ba romela barutoa ba bona go ena le Baherodi, ba re, Rabi, rea itse u amarure, mi u ruta mokhua oa Morimo ka amarure; mi ga u re ope sepe, gone ga u re licuanco tsa bathu sepe.


Yo go siñ ope oa balaori ba lehatse yenu o bo itsileñ; gone ha ba le ba bo itse, ba kabo ba si ka ba bapola Morena oa khalalelo.


Bopelutelele yoa baitsephi ki yo, ba ba tsegetsañ litaolo tsa Morimo, le tumelo ea ga Yesu ki ba.


Ka go lebelela culuhelo e e tsegoharicoeñ, le ponatsego ea khalalelo ea Morimo o mogolu, le ea Morebuluki Yesu Keresete;


Ka go itsise bona Bayuda le bona Bagerika, tlabologelo Morimoñ, le tumelo e e rumelañ Yesu Keresete Morena oa rona.


SIMONE Petero, motlañka le moapostoloi oa ga Yesu Keresete, go bona ba ba bonyeñ le rona tumelo e e rategañ ka eosi, ka tsiamo ea Morimo oa rona le Muluki Yesu Keresete:


PAULO, motlañka oa Morimo, le moapostoloi oa ga Yesu Keresete, kaha tumeloñ ea baitseñkeroi ba Morimo, le boipobolo yoa boamarure yo bo leñ kaha poihoñmorimo;


Ka go tsegetsa tumelo, le segakolori se se molemo, se bañue ba se khoromeritseñ, ba thuba tumelo ea bona yaka thubego ea shepa;


Re sina utlua ga tumelo ea lona mo go Keresete Yesu, le ga lorato lo, lo ratañ baitsephi botle ka lona,


Eo, ereñ ka e le marañ a khalalelo ea ona, le cuano ea amarure ea boikemo yoa ona, mi a laola lilo cotle ka huku ye le thata ea gague, o rile a sina itsephisa libe tsa rona ka ena ka esi, a lula mo atleñ se se siameñ sa Mogalaleri mo bogorimoñ bogolu.


Gone ki tlologelecoe go lo bona, gore ki lo abele lineo liñue tsa moea, gore lo tlomamisioe;


Mi morago ga malatsi mañue, ga tla Feli le mogatse Durusile, eo e leñ Moyuda, a bitsa Paulo, a mo utlua ga tumelo mo go Keresete.


Mi a re, Banona bakauleñue, le bo‐rra, retsañ; Morimo oa khalalelo o lo oa iponatsa go Aberahame rra ecu, ka a le mo Mesopatamia, ka a e si a age mo Harana.


¶ Mi Petero ka a tumolola molomo oa gague a re, Kia lemoga ka amarure ha Morimo o si motlaori oa bathu;


Ka go leba Yesu, Mogogi eo mogolu, le mouetsi oa tumelo ea rona, eo o la a icokela mokhoro, a nyatsa litloñ, ka boitumelo yo o la a bo beecoe pele, mi a lula ha seatleñ se se siameñ sa serulo sa bogosi sa Morimo.


Bakauleñue ba me ba ba rategañ, lo si timele.


Ki gona, bakauleñue ba ba rategañ ba me, a mothu moñue le moñue a ne bonako go utlua, go na bonya go bua, le go na bonya go galeha;


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan