Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 4:3 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Mi bana ba Yeserele ba biletsa go Yehova: gone ea na le licariota tsa tsipi li naene hundereda; mi ea patika bana ba Yeserele ka tsenyo ka nyaga li tuente.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

3 Mme Baiseraele ba lelela Moreneng; gonne Jabine o ne a na le dikoloi tsa ntwa tsa tshipi di le 900, a gatelela Baiseraele ka thata dinyaga di le 20.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Mme bana ba Iseraele ba goela kwa go Jehofa; gonne o ne a na le dikara tsa tlhabano tsa tshipi di le 900; mme a patika bana ba Iseraele ka thata ka dinyaga di le 20.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 4:3
19 Iomraidhean Croise  

Mi baba ba bona ba ba patika; mi ba nolahalerioa mo atleñ sa bona.


’Mpitsañ mo tsatsiñ ya tlalelo, ki tla lo golola, mi lo tla ’nkhalaletsa.


Erile o ba bolaea, eriha gona ba o batlañ; ba boea, ba batla Morimo go sale gale.


¶ Mi ga rihala ka lobaka lo sina heta, khosi ea Egepeto ea shua: mi bana ba Yeserele ba hegerisioa ki tihelo; mi ba goela, mi go goa ga tihelo ga tlatlogela Morimoñ.


Mi lo tla apapa motsegare, yaka sehohu se apapa mo hihiñ, mi ga lo kitla lo tlogonolohala mo tseleñ tsa lona: mi lo tla hela lo patikoa, lo thu-khuthoa ka gale, mi ga gope eo o tla lo bulukañ.


Morahe o, lo sa o itseñ o tla ya o uetsa louñuo loa hatsi ya lona, le tapisego tsa lona cotle; mi lo tla hela lo patikoa lo phatlakañoa ka gale:


Mi bana ba Yosefe ba re, Thaba tse ga lia re lekana: mi Bakanana botle ba ba nntseñ mo hatsiñ ya mogorogoro ba na le cariota tsa tsipi; le ba Beta‐sheana le metse ea ona, le ba mogorogoro oa Yisereëla.


Mi Yehova a bo a na le Bayuda; mi ba leleka banni ba lithaba; mi ba si ka ba hela ba leleka banni ba mogorogoro, gone ba na le licariota tsa tsipi.


¶ Mi bana ba Yeserele ba khayayegela go Yehova, ba re, Re gu leohetse, gone re latlile Morimo oa rona, le gona re rihetse Bobaala.


Mi ba tlosa merimo ea seeñ go bona, mi ba rihela Yehova: mi moea oa gague oa noñoselela khokholelo ea Bayeserela.


Mi bana ba Yeserele ba khayayegela go Yehova, mi Yehova a ba cosetsa mogolori, eboñ Ehude moroa Gere moroa Yemine, monona eo la le molema: mi bana ba Yeserele ba isa go Egelone khosi ea Moaba neo ka ena.


Mi bana ba Yeserele ba khayayegela go Yehova, mi Yehova a cosetsa bana ba Yeserele mogolori, eo o la a ba golola, eboñ Oteniele moroa Kenase, monna oa Kalebe.


Mi Sisere a biletsa licariota tsa gague cotle mogo, eboñ licariota tsa tsipi li naene hundereda, le bathu botle ba ba nañ nae, go simolola ka Harosheta‐goima le kua molacoaneñ oa Kishona.


¶ Mi Debore, moperofeti oa sesari, mosari oa Lapidote, a siamisa Bayeserela ka motla ouo.


Ba le ba itseñkela merimo e mesha; hoñ tlabano e le le mo khoroñ tsa bona: a gole ga bonoa thebe khotsa lerumo mo go ba forte thousanda ba Bayeserela?


Mi Bayeserela ba humanegisioa ka eintla ea Bamidiana; mi bana ba Yeserele ba khayayegela go Yehova.


Mi bana ba Yeserele ba raea Samuele, Si re ririmalele go re khayayegela Yehova Morimo oa rona; gore a re golole mo atleñ tsa Bafiliseta.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan