Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 1:3 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Mi Bayuda ba raea Basimeona bana ba bo‐rabo, Bololañ le rona mo kabeloñ ea rona, mi a re tlabaneñ le Bakanana, mi le rona re tla bolola le lona mo kabeloñ ea lona. Mi Basimeona ba ea nabo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

3 Ke fa Juta a raya mogolowe Simeone a re: “Bololela le nna kwa nageng ya me, re ye go tlhabana le Bakanana! Le nna ke tla ya nao kwa nageng ya gago.” Mme Simeone a ya nae.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Juta a raya Simeone morwa rraagwe, a re: “Bolola le nna re ye kabelong ya taolelo ya me, re ye go tlhabana le Bakanana; le nna ke tlaa bolola nao re ya kabelong ya taolelo ya gago.” Mme Simeone a ya nae.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 1:3
7 Iomraidhean Croise  

Mi a ba a ithuala, a bona mosimane; mi a re, Era gone Yehova o utluile ki sa kaioe, ki gona o ’nneileñ le eo: mi a mo sha leina ya Simeone.


Mi a re, Ha Basiria ba ’mphe-keetsa, erehe gona u ’nthusañ: mi ha bana ba Amone ba gu hekeetsa ereha gona ki tla gu thusañ.


MI ga coa kabelo ea Basimeona ea bo‐tu, eboñ ea loco loa bana ba Simeone kaha tsikeñ tsa bona: mi boshua yoa bona e le le mo boshueñ yoa bana ba Yude.


Ba loco loa ga Simeone ba kanoe ba tuelev thousanda. Ba loco loa ga Leve ba kanoe ba tuelev thousanda. Ba loco loa ga Yitsakare ba kanoe ba tuelev thousanda.


Mi Bayuda ba ea le Basimeona bana ba bo‐rabo, mi ba khemetha Bakanana ba ba nntseñ Tsefata, mi ba o senyetsa rure. Mi leina ya motse o ya birioa Horema.


Mi Yehova a re, A Bayuda ba bolole: bonañ, ki tsentse lehatsi mo atleñ tsa bona.


Mi Bayuda ba bolola; mi Yehova a tsenya Bakanana le Baperesa mo atleñ tsa bona: mi ba khemetha banona ba ten thousanda kua Beseka.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan