Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 4:9 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

9 Lilo tse lo ri ithutileñ, loa li cula, loa ri utlua, lo loa li bona mo go ’na, li riheñ; mi Morimo oa kagisho o tla ’na le lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

9 Tswelelang lo dire tsotlhe tse lo di ithutileng mo go nna le tse lo bonyeng ke di dira, mme Modimo wa kagiso o tlaa nna le nna.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

9 Tse lo di ithutileng, lwa di amogela, lwa di utlwa, lwa di bona le mo go nna, lo di dire, mme Modimo wa kagiso o tla nna le lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

9 Dilo tse lo di ithutileng, lwa ba lwa di amogela, lwa ba lwa di utlwa, lwa ba lwa di bona mo go nna, dilo tseo, lo di dire; mme Modimo wa kagiso o tlaa nna le lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 4:9
36 Iomraidhean Croise  

¶ Si boiheñ, gone ki na le lona: lo si tseane; ki Morimo oa lona; ki tla lo nonotsa; E, ki tla lo thusa; E, ki tla lo kokotletsa ka atla se se siameñ sa tsiamo sa me.


Gakololañ boikaelelo, mi bo tla nyelerioa; buañ lehuku, mi ga le kitla le tlomama: gone Morimo o mo go rona.


Bonañ, lekharebe le tla ithuala, mi le tla belega ñoana oa mosimane, mi leina ya gague le tla birioa YIMANUELE; ki go re mo phetoleloñ, Morimo mo go rona.


Lo e rute go buluka cotle tse ki li lo laoletseñ; mi, bonañ, ki na le lona ka metla eotle, le kua khutloñ yoa lehatse. Amena.


¶ Esiñ moñue le moñue eo o ’nthaeañ, Morena, Morena, o tla tsena mo bogosiñ yoa magorimo; mi eo o rihañ go rata ga Rre eo o mo magorimoñ o tla tsena.


¶ Mi lo ’mpiletsañ Morena, Morena, mi lo sa rihe lilo tse ki reñ lo li rihe?


Mi a araba, a ba raea, Mme le bonnake ki bona ba ba utluañ lehuku ya Morimo, ba le riha.


Ha lo itse lilo tse, lo tsegoharicoe ha lo li riha.


Lona lo litsala tsa me, ha lo riha cotle tse ki li lo laoletseñ.


Mague a raea batlañka, Se o tla se lo raeañ, lo se rihe.


Mi a roroma, a silohala, a re, Morena, u rata ka rihañ? Mi Morena a mo raea, Tloga u eme, u ee kua motseñ, mi u tla buleleloa se u cuanetseñ go se riha.


Mi yana Morimo oa kagisho, a o ne le lona lotle. Amena.


Mi Morimo oa kagisho, o tla akoha o gatela Satane tlatse ga nao tsa lona. Tsegohaco ea ga Yesu Keresete Morena oa rona, e ne le lona. Amena.


Ki gona leha lo ya, khotsa lo noa, khotsa lo riha se sele, rihelañ cotle khalaleloñ ea Morimo.


Gone Morimo ga si Morimo oa tlakanyo, mi e le oa kagisho, yaka mo liekelesieñ cotle tsa baitsephi.


Ki gona ki lo kaelañ, nañ baetsi ba me.


Ya bohelo, bakauleñue, salañ señtle. Tlarioañ, gomorioañ, nañ boitlomo bo le boñue hela; agañ ka kagisho; mi Morimo oa lorato le kagisho o tla na le lona.


MI Moshe a bitsa Bayeserela botle, a ba raea, Bayeserela, utluañ litaeo, le litsiamisho tse ki li buañ mo tsebeñ tsa lona ka yenu, gore lo li ithute, lo li tlokomele, gore lo li rihe.


Bakauleñue, lo ne balateri mogo ba me, mi lo ele tloko ba ba tsamaeañ yalo, yaka lo na le sekao sa rona.


Mi kagisho ea Morimo e e hetañ tlaloganyo cotle, e tla buluka pelu tsa lona le maitlomo a lona mo go Keresete Yesu.


Mi lo loa na balateri ba rona, le ba Morena, ka lo lo cutse lehuku mo pogishoñ e kholu, ka boitumelo yoa Moea oa Boitsepho;


Gone lona, bakauleñue, lo loa na balateri ba liekelesia, tse ri mo Yudea, tse ri mo go Keresete Yesu, gone le lona lo bogisericoe lilo tse rintseñ yalo ki ba morahe oa lona, yaka le bona mo Bayudiñ;


Mi Morimo oa kagisho ka osi, a o lo itsephise gotle; gore matselo aotle a lona, le meoea, le mebele, e bulukoe, ka go sina molatu, mo go tleñ ga Yesu Keresete Morena oa rona.


Mi re na le boikanyo kaga lona mo Moreneñ, ha lo riha, mi lo tla riha, lilo tse re li lo laoletseñ.


Yesu Keresete Morena a a ne le moea oa gago. Tsegohaco e ne le lona. Amena.


Mi lo ne barihi ba lehuku, esiñ bautlui hela, go itsietsa.


Ki gona, bakauleñue, tloahalañ thata go tlomamisa pico le boitseñkelo yoa lona; gone ha lo riha lilo tse, ga lo kitla lo khopioa ka motla ope;


Mi leha e le seo señue se re se lopañ, rea se bona mo go ona, ka gone re buluka litaolo tsa ona, mi re riha lilo tse ri khatlañ ha pele ga ona.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan