Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 4:8 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Ya bohelo, bakauleñue, cotle tsa boamarure, le cotle tse ri tlotlegañ, le cotle tse ri siameñ, le cotle tsa boitsepho, le cotle tse liñtle, le cotle tse ri nañ le mahuku a molemo; ha go le bonatla boñue, mi ha go le pako ñue, gopolañ lilo tse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

8 Mme jaanong, bakaulengwe, a e re ke tswala lokwalo lo, ke boelele gape selo se: tiisang megopolo ya lona mo boammaaruring le mo molemong le mo tshiamong. Akanyang kaga dilo tse di itshekileng le tse di ntle mme lo nne mo dilong tse di siameng, tse di molemo mo go ba bangwe. Akanyang kaga tsotlhe tse lo ka galaletsang Modimo ka tsone lo bo lo itumele kaga tsone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

8 Ba ga etsho, ke fetsa ka go re: Tsotlhe tsa boammaaruri le tsotlhe tsa tlotlego le tsotlhe tsa tshiamo le tsotlhe tsa boitsheko le tsotlhe tsa lorato le tsotlhe tse di tumo e ntle le tse di ka nnang teng tsa maatlametlo gongwe tsa poko, di akanyeng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 Sa bofelo, bagaetsho, dilo tsotlhe tsa boammaaruri, dilo tsotlhe tse di tshwanetseng go tlotlwa, dilo tsotlhe tse di itshekileng, dilo tsotlhe tse di rategang, dilo tsotlhe tse di bolelwang ka molemo; fa go na le molemo mongwe, fa go na le pako, lo gopole dilo tse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 4:8
67 Iomraidhean Croise  

Gone ki mo itsile, ka a tla laola bana ba gague, le eintlu ea gague hularoñ sa gague, mi ba tla tsegetsa tsela ea ga Yehova, go riha tsiamo, le tsiamisho; gore Yehova a lere go Aberahame se o se buileñ ga gague.


Saule le Yonatane e le le bara-tegi, le nateho mo tseloñ yoa bona, mi ga ba khaogañoa mo loshuñ loa bona; ba bo ba harima bogolu go manoñ, ba le thata bogolu go litau.


Morimo oa Bayeserela o reile, Lehika ya Bayeserela le bua le ’na. Eo o busañ mo bathuñ, e le Mosiami, eo o busañ mo poihoñ ea Morimo.


Lo tla sekisa ka tsiamololo go lele go le kai? lo cula hatlogo tsa baikepi? Sela.


SELEKANYO sa pego sa tsieco se moila go Yehova: mi bokete yo bo tletseñ ki natehelo ea gague.


Mosari oa matlametlo e le kerone go monona oa gague: mi eo o tlabisañ litloñ o cuana le porisho mo marapoñ a gague.


Selekanyo, le selekanyo sa pego se se siameñ, ki tsa ga Yehova: libokete tsa tekanyo mo khetseñ ki tiho ea gague.


Mosiami eo o tsamaeañ mo tsiamoñ ea gague, bana ba gague ba tsegoharicoe hularoñ sa gague.


E mañ eo o ka bonañ mosari oa matlametlo? gone sereko sa gague se segolu bogolu go liperela.


Bomoroari bantsi ba rihile ka matlametlo, mi uena u ba sitile botle.


Mo nee louñuo loa liatla tsa gague: mi a tiho tsa gague li mmake mo likhoroñ.


Leganu ya gague le botse bogolu, le cotle tse ri go ena ki keletsego hela. Eo ki morati oa me, E, eo ki tsala ea me, lona bomoroaria Yerusalema.


Tselana ea mosiami e le thokhamo hela: u papana tsela ea mosiami.


Mi ba romela barutoa ba bona go ena le Baherodi, ba re, Rabi, rea itse u amarure, mi u ruta mokhua oa Morimo ka amarure; mi ga u re ope sepe, gone ga u re licuanco tsa bathu sepe.


Gone Herode a boiha Yohane; ka a itse ha a la a le monona oa tsiamo, le boitsepho; mi a mo tsatsia, mi a sina mo utlua, a riha lilo rintsi, mi a mo utlua ka boitumelo.


Mi a ba raea, Ki lona ba lo itsiamisañ ha pele ga bathu; mi Morimo oa itse pelu tsa lona; gone se se kaioañ segolu mo bathuñ, se mashue bobe ha pele ga Morimo.


Mi, bonañ, gabo gole monona mo Yerusalema, leina ya gague e le le Simeone; mi monona eouo a bo a siame, e le moihi Morimo, a lebeletse khomoco ea Yeserela; mi Moea oa Boitsepho o lo le go ena.


¶ Mi bonañ, monona eo o birioañ Yosefe, e le mogakolori; mi a bo a le molemo, le monona oa tsiamo.


Eo o buañ ga gague ka esi, oa batla go itlotla; mi eo o batlañ tlotlo ea gague eo o mo romileñ, eo ki ena oa amarure, mi ga go tsiamololo epe mo go ena.


Mi ba re, Korenelio, mosenturi, monona oa tsiamo, le moihi‐Morimo, eo o nan le cupo e e molemo mo moraheñ otle oa Bayuda, o bonatsegecoe ki Morimo, ka moengele oa boitsepho, gore a rome go gu biletsa kwa tluñ ea gue, gore a utlue mahuku go uena.


Mi moñue, Ananie, moihi‐Morimo kaha molaoñ, a na le pulelo e e molemo mo Bayudiñ botle ba ba agileñ gona,


Ki gona, ba ecu, itseñkeleñ banona ba seven mo go lona, ba ba kaioañ segolu, ba ba tletseñ Moea oa Boitsepho, le botlale, ba re ka ba laorisañ tihelo e.


A re tsameeñ ka tsiamo yaka mo tsatsiñ; esiñ mo merihoñ ea tlapelo, le tago, esiñ mo marobaleloñ a boaka le mo mashueñ, esiñ mo khañyeñ le mo peluñtsetla.


Gone balaori ga ba poico go tihoñ tsa molemo, mi e le go tsa boshula. Mi yana a ga u kitla u boiha thata? Riha se se molemo, mi u tla bakoa ki bona;


Gone eo o rihelañ Keresete mo liloñ tse, o khatla Morimo, mi o nateho mo bathuñ.


Mi eo ki Moyuda, eo e leñ Moyuda kua teñ; mi boguera ki yona yoa pelu, mo moeeñ, mi esiñ mo letereñ; yo pako ea yeona esiñ ea bathu, mi ki ea Morimo.


Ki gona, si sekiseñ sepe pele ga motla oa shona, go tlo go tsamaee Morena a tle, eo o tla lereñ mo seriñ lilo tse ri shubiloeñ mo hihiñ, mi o tla bonatsa khakololo tsa lipelu; eriha gona moñue le moñue o tla bakoañ ki Morimo.


Mi yana kia rapela Morimo gore lo si rihe boshula bope; esiñ gore re bonoe re lekiloe, mi gore lo rihe se se molemo, leha rentse yaka balatlegi.


Ka tlotlo le tlotlololo, ka pulelelo ea boshula le pulelelo ea molemo; yaka batsietsi, le mororo re le ba amarure;


Mi re romile mokauleñue nae, eo pako ea gague mo evangelioñ e ralalañ mo liekelesieñ cotle;


Ka go tlamela lilo tsa tsiamo, esiñ gosi ha pele ga Morena, mi le ha pele ga bathu.


Mi louñuo loa Moea ki lorato, le boitumelo, le kagisho, le bopelutelele, le bopelunomi, le molemo, le tumelo,


Ki gona, belegololañ kako, mi a moñue le moñue a bue boamarure le moñ ka ena, gone re tokololo tsa moñue le moñue.


(Gone louñuo loa Moea, lo na mo molemoñ otle, le tsiamo, le boamarure;)


Ki gona, emañ ka litheka tsa lona li bohiloe ka boamarure, le go na le thebe ea tsiamo ea sehuba;


Tsiamo, tsiamo, lo e khukhele, gore lo tsele, lu rue lehatsi, ye Yehova Morimo oa lona o le lo naeañ.


YA bohelo, bakauleñue ba me, Itumeleñ mo Moreneñ. Go lo kualela lilo tse ri cuanañ yaka cona ga si kutluisho‐botluku go ’na, mi ki tlomamo go lona.


Tsamaeañ ka botlale mo go bona ba ba kua ntle, go rekolola motla.


Gore lo tsamaee mo tsiamoñ ha go bona ba ba kua ntle, gore lo ne lo sa tloke sepe.


Le likhosi, le bona botle ba ba leñ bagolu, gore re tsele ka botselo yoa kagisho le tirimalo, mo poihoñmorimo eotle, le tsamao e e molemo.


Gontse yalo le basari a ba ne bopelunomi, esiñ bakhari, ba ne tekano, le boikanyo mo liloñ cotle.


Eo o laolañ ntlu ea gague seiñtle, a na le bana ba gague mo kutloñ, le mo bopeluñnomi yotle;


A go si ne ope eo o nyatsañ bokau yoa gago; mi u ne sekao go bona barumeri, mo hukuñ, le mo tsamaoñ, le mo loratoñ, le mo moeeñ, le mo tumeloñ, le mo boitsekoñ.


A na le cupo ea tiho tse ri molemo; ha a gorisitse bana, ha a thusitse baeñ, ha a tlapisitse nao tsa baitsephi, ha a thusitse ba ba bogisicoeñ, ha a latetse tiho tse ri molemo cotle ka tloahalo.


Basari ba bagogaie yaka bo‐mma; le basari ba meroba yaka bakhantsari, ka boitseko yotle.


Mi a ne morati oa baeñ, morati oa ba ba molemo; oa tsisimogo, le tsiamo, le boitsepho, le tekano;


Eo o re ineletseñ, gore a re rekolole mo tsiamololoñ cotle, le go itsephisetsa bathu ba sele go ena, ba ba tloahalañ mo tihoñ tse ri molemo.


Gore banona ba bagogaie ba ne tekano, bopelunomi, le tsisimogo, le mo tumeloñ e e horileñ, le mo loratoñ, le mo bopeluñtelele.


U icupe u le sekao sa tiho tse ri molemo mo liloñ cotle, le bosapekoa mo thutoñ, le bopelunomi, le tsiamo,


Le bona ba rona, a ba ithute go riha tiho tse ri molemo, tse ri molemo go na naco, gore ba si ne go bisa go uñua.


Gone bagolugolu ba le ba bona pako ka eona.


Re rapeleleñ; gone re ikanya ha re na le ligakolori tse ri molemo, ka re rata go tsamaea ka tsiamo mo liloñ cotle.


Tihelo ea Morimo e e itsekileñ, le e e sinañ sebata, ha pele ga Morimo le Rra, ki eona e, go lekola likhutsana le batlolagari mo pogishoñ ea bona, le go ipuluka ka go sina sebata mo hatsiñ.


Mi botlale yo bo coañ kua gorimo, ga ntla ki yo bo itsekileñ, le kagisho, le bopelunomi, le bonolo go rapeloa, bo tletse boicuarelo, le mauñuo a molemo, bo sina tlopho, mi bo sina boitimokanyo.


Ka lo itsephisitse meoea ea lona mo kutloñ e e utluañ boamarure ka Moea, go ea loratoñ lo lo sa itimokanyeñ loa bakauleñue; yalo ratanañ ka tloahalo ka pelu ea boitsepho;


Lo ne le tsamao ea tsiamo mo bahaiteniñ; gore ere se ba se buañ kaga lona yaka lo barihalibe, ba galaletse Morimo mo motleñ oa tekolo, ka ba bona tiho tse ri molemo tsa lona.


Mi bogolu go cona cotle, ratanañ thata; gone lorato loa tla bipa bontsi yoa libe.


BARATOI, yana kia lo kualela episetole e, ea bo‐tu, ki tloleletsa meoea ea lona ea tsiamo, ka go lo goporisa ka cona;


Banyana ba me, a re si rateñ ka lehuku, leha e la ka loleme; mi a re rateñ ka tiho le boamarure.


Mi moñue le moñue eo o nañ le culuhelo e mo go ena, oa iitsephisa yaka ena a le boitsepho.


BARATOI, si rumeleñ moea moñue le moñue, mi lo leke meoea ha e le ea Morimo; gone baperofeti ba tsieco bantsi ba ile mo lehatsiñ.


Mi yana, moroariaka, u si boihe; ki tla gu rihela cotle tse u li buileñ: gone motse otle oa bathu ba me oa itse, u mosari oa matlametlo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan