Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 4:7 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

7 Mi kagisho ea Morimo e e hetañ tlaloganyo cotle, e tla buluka pelu tsa lona le maitlomo a lona mo go Keresete Yesu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

7 Fa lo dira jalo, lo tlaa itemogela kagiso ya Modimo, e e hakgamatsang thata go feta e mogopolo wa motho o ka e tlhaloganyang. Kagiso ya gagwe e tlaa ritibatsa e bo e lapolosa dipelo tsa lona fa lo ikanya Jesu Keresete.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

7 Mme kagiso ya Modimo e e fetang tlhaloganyo yotlhe e tla boloka dipelo tsa lona le maikutlo a lona mo go Keresete Jesu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

7 Kagiso ya Modimo e e fetang tlhaloganyo yotlhe, e tlaa dibela dipelo tsa lona le megopolo ya lona mo go Keresete Jesu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 4:7
43 Iomraidhean Croise  

Mi a ba raea, Eañ, lo ye nonno, mi lo noe botse, mi isetsañ bona ba ba sa bakanyerioañ sepe likabelo: gone tsatsi yenu le itsepho go Morena oa rona, mi si hutsahaleñ, gone boitumelo yoa Yehova ki thata ea lona.


A ko u mo itemotse, mi u tla na le kagisho: ki gona molemo o tla tlañ go uena.


Ha o iketlisa, e mañ eo o ka huruañ? ha o shuba hatlogo sa ona, e mañ eo o ka o lepañ? e ka na kaga morahe, khotsa mothu a le esi:


Yehova o tla nela bathu ba gague thata; Yehova o tla tsegahatsa bathu ba gague ka kagisho.


Ki tla retsa se Morimo Yehova, o tla se buañ; gone o tla bua ka kagisho le bathu ba gague, le go baitsephi ba gague; mi a ba si be ba boele bosiloñ.


Tlalemaleyo e tla gu risa; mi tlaloganyo e tla gu buluka:


Si bo tlogele, mi bo tla gu buluka; u bo rate, mi bo tla gu iletsa.


Ha u tsamaea o tla gu goga; ha u robala o tla gu lebela; mi ha u kubuga o tla bua le uena.


¶ Yehova o tla re laolela kagisho: gone u re rihetse le cona tiho cotle tsa rona.


U tla buluka boitlomo yoa eo oa tlomamo, mo kagishoñ e kholu, ka a gu ikanya.


Mopi oa leseri, le Motlori oa lehihi; Morihi oa kagisho, le Motlori oa boshula: ki ’na Yehova Morihi oa cotle tse.


Au! lo ko lo reritse taolo tsa me; hoñ kagisho ea lona e ko entse yaka molapo, le tsiamo ea lona yaka lintelo tsa leoatle:


Ga go na kagisho go baikepi, go bua Yehova.


¶ Mi erile ki naea Baruke, moroa Nerie, sekualo sa theko, ka rapela Yehova, ka re,


Bona, ki tla o bosetsa go hola le phorisho, mi ki tla ba horisa, ki ba bontsa letlotlo ya kagisho le boamarure.


A Yehova a lo culeletse hatlogo sa gague, a lo nee kagisho.


Go bonesa ba ba rutseñ mo hihiñ, le mo murutiñ oa loshu, go siamisetsa nao tsa rona mo tseleñ ea kagisho.


Khalalelo a e ne Morimoñ mo magorimoñ a bogorimo bogolu, le kagisho e ne mo hatsiñ, le nateho e ne mo bathuñ.


Kagisho kia e lo tlogelela, kagisho ea me kia e lo naea; ga ki lo nee yaka lehatse le naea. A pelu tsa lona li si huruege, le gona a li si boihe.


Lilo tse, ki li buile le lona, gore lo ne le kagisho mo go ’na. Lo tla na le patikego mo lehatsiñ; mi namatsegañ, ki hentse lehatse.


Botle ba ba mo Roma, baratoi ba Morimo ba lo birioañ baitsephi: Tsegohaco e ne le lona, le kagisho e e coañ Morimoñ Rra ecu, le Yesu Keresete Morena.


Gone pusho ea Morimo ga si liyo, le noo; mi ki tsiamo, le kagisho, le boitumelo ka Moea oa Boitsepho.


Mi yana, Morimo oa culuhelo, a o lo tlatse ka boitumelo yotle, le kagisho mo tumeloñ, gore lo tote bogolu mo culuheloñ, ka thata ea Moea oa Boitsepho.


KI gona ka re siamisicoe ka tumelo, re na le kagisho le Morimo, ka Yesu Keresete Morena oa rona;


Gone thato ea nama, ki loshu; mi thato ea moea, ki botselo le kagisho.


Ka re riga likhakologelo, le bogorimo yotle yo bo ikhorisetsañ kico ea Morimo, le go gogela khopolo eotle kutloñ go ea ga Keresete;


Ya bohelo, bakauleñue, salañ señtle. Tlarioañ, gomorioañ, nañ boitlomo bo le boñue hela; agañ ka kagisho; mi Morimo oa lorato le kagisho o tla na le lona.


Mi louñuo loa Moea ki lorato, le boitumelo, le kagisho, le bopelutelele, le bopelunomi, le molemo, le tumelo,


Le go itse lorato loa ga Keresete, lo lo sitañ kico, gore lo tlarioe ka botlalo yotle yoa Morimo.


PAULO le Timoteo, batlañka ba ga Yesu Keresete, go baitsephi botle ba ba mo go Keresete Yesu, le balebalebi, le badiakoni, ba ba kua Filipi:


Tsegohaco e ne le lona, le kagisho, e e coañ Morimoñ Rra ecu, le Yesu Keresete Morena.


Mi Morimo oa me o tla tlatsa botloko yoa lona yotle, kaha mahumoñ a khalalelo a ona ka Keresete Yesu.


Rumerisañ baitsephi botle mo go Keresete Yesu. Bakauleñue ba ba nañ le ’na ba lo rumerisa.


Lilo tse lo ri ithutileñ, loa li cula, loa ri utlua, lo loa li bona mo go ’na, li riheñ; mi Morimo oa kagisho o tla ’na le lona.


Mi a kagisho ea Morimo e laole mo peluñ tsa lona, e lo e bilericoeñ mo meleñ o moñue hela; mi itumeleleñ.


Mi yana Morena oa kagisho ka esi a lo nee kagisho ka gale, ka mekhua otle. Morena a ne le lona lotle.


Mi yana, Morimo oa kagisho o o bileñ oa cosa Yesu Morena oa rona mo bashuiñ, eo e leñ Morisa eo mogolu oa liñku, ka kholagano e e sa khutleñ,


YUDA, motlañka oa ga Yesu Keresete, le mokauleñue oa Yakobo, go bona ba ba biricoeñ, ba ba itsephisicoeñ ki Morimo Rara, ba ba bulukiloeñ ka Yesu Keresete:


YOHANE, go liekelesia li seven tse ri mo Asia: Tsegohaco e ne le lona, le kagisho, tse ri coañ mo go eo o leeoñ, le eo o la a leeo, le eo o tla tlañ; le tse ri coañ mo meoeeñ e seven e e ha pele ga serulo sa bogosi sa gague;


Eo o nañ le litsebe, a a utlue tse Moea o li raeañ liekelesia. Eo o henyañ, ki tla mo naea go ya ga mana a a mo cuboñ, mi ki tla mo naea leincue ye le shueu, le leina ye le kuariloeñ mo incueñ ye le shueu, ye le sa itsioeñ ki ope, ha e si eo o le bonañ.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan