Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 4:6 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

6 Lo si ñoñoregele sepe; mi a likeleco tsa lona mo liloñ cotle li ne ka thapelo le thapelo ea bocoelelo pele, li itsisioe Morimoñ ka boitumelelo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

6 Lo se ka lwa tshwenyega kaga sepe; mo boemong jwa moo, rapelang kaga sengwe le sengwe. Bolelelang Modimo se lo se tlhokang mme lo se lebale go O lebogela dikarabo tsa one.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

6 Se tshwenyegeleng sepe, mme a ka metlha tse lo di tlhokang di itsisiwe Modimo ka thapelo le kopo, di na le tebogo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

6 Lo se ka lwa tlhobaediwa ke sepe; mme mo dilong tsotlhe a ditopo tsa lona di itsisiwe Modimo ka thapelo le kokotlelo, di na le tebogo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 4:6
45 Iomraidhean Croise  

Leha gontse yalo u menogele morapeloñ oa motlañka oa gago, le mokokotleloñ oa gague, Yehova Morimo oa me, go retsa pico le morapelo, o motlañka oa gago o o rapelañ ka yenu ha pele ga gago:


¶ Mi Yehisikie khosi, le Yesaye moperofeti moroa Amotse, ba rapela kaga seo se, ba khayayegela legorimoñ.


Morena, bula lipounama tsa me; eriha gona molomo oa me o tla bulelañ pako ea gago.


Ki tla rapela, ka mabanyane, le mo moshoñ, le mo motsegareñ; ki bitsa segolu; mi o tla ’nkutlua.


Latlela lipopego tsa gago go Yehova, mi o tla gu kokotletsa; ga a kitla a leseletsa mosiami go tsikiñoa ka bosina bokhutlo.


Lona bathu, lo o ikanye ka metla eotle; culolelañ pelu tsa lona ha pele ga ona; Morimo ki ona botsabelo yoa rona. Sela.


Tlabelo ea baikepi ki moila go Yehova: mi morapelo oa bathokhami e le nateho ea gague.


Hirikololela tiho tsa gago go Yehova, mi maikaelelo a gago a tla tlomama.


¶ Uena letseba ya me, ye le mo maroheñ a lehika, mo bosaitsioeñ yoa mokorumetsa, ’mpontsa ponalo ea gago, ’nkutlusa koru ea gago; gone koru ea gago e monate, mi ponalo ea gago e eiñtle.


¶ Mi erile ki naea Baruke, moroa Nerie, sekualo sa theko, ka rapela Yehova, ka re,


’Mpitsa mi ki tla gu araba, ki gu bulelela lilo tse ri kholu le tse ri tlomameñ tsa u sa li itseñ.


Shaderake, le Meshake, le Abede‐negoe, ba araba ba raea khosi, Nebukadenetsara, ga re ñoñoregele go gu arabela seo se.


¶ Mi erile Daniele a itse ha kualo lo tlomamisicoe, a tsena mo tluñ ea gague; mi liboni tsa gague tsa ntluana ea gague ea gorimo tsa bo li cualololecoe ntleñ ea Yerusalema, a khubama ka mañuole a gague ga teri ka tsatsi leñue, a rapela, a leboga ha pele ga Morimo oa gague, yaka a la a riha ga ntla.


Mi etlare ha ba lo nela, lo si tloriegele kaha lo tla buañ ka gona; gone lo tla se neoa mo oureñ ouo se lo tla se buañ.


Tse ri yecoeñ mo mitlueñ, ki ena eo o utluañ lehuku, mi papalelo ea lehatse yenu, le tsieco ea mahumo, li hupetsa lehuku, mi le sa uñue.


Ki gona si ñoñoregeleñ ka mosho: ka mosho o tla iñoñoregela ka osi. Tsatsi leñue le leñue le na le boshula yoa yeona.


Lo si ne yaka bona, gone Rra enu oa itse lilo tse lo li tlokañ pele lo e si lo mo lope.


Mi Yesu a araba, a mo raea, Marata, Marata, ua tloriega, mi ua itapisa ka lilo li lintsi;


¶ Mi a raea barutoa ba gague, Ki gona ki lo raeañ, lo si ñoñoregele botselo yoa lona, se lo tla se yañ; leha e le sa mele, se lo tla ikapesañ ka shona.


Mi si botseñ se lo tla se yañ, le se lo tla se noañ, mi lo si belaele.


MI le gona a bua secuanco señue nabo, se se rutañ gore bathu ba rapele ka gale, mi ba si lape.


Mi Morimo a ga o kitla o atlolela baitseñkeroi ba ona, ba ba o bitsañ tsatsi le bosigo, leha o na le pelu telele go bona?


A u biricoe motlañka? u si re sepe, mi ha u ka gololoa, cula mouo bogolu.


Mi ki rata gore lo si ne le tlamelo. Eo o sa nyalañ o itlamela ka lilo tsa Morena, kaha o ka khatlañ Morena ka gona;


Le lona lo thusanya ka go re rapelela, gore maitumelelo a neoe ki bantsi kaga rona, ka neo e re e necoeñ ka bathu bantsi.


Go itumelela Morimo le Rra ka gale, ka ntla ea lilo cotle, mo ineñ ya ga Yesu Keresete Morena oa rona.


Ka go rapela ka gale ka merapelo eotle, le go coelela thapeloñ, mo Moeeñ, le go lebelela mo go cona ka bocoelelo pele yotle; le go rapelela baitsephi botle;


Mi a kagisho ea Morimo e laole mo peluñ tsa lona, e lo e bilericoeñ mo meleñ o moñue hela; mi itumeleleñ.


Mi cotle tse lo li rihañ ka mahuhu khotsa tiho, rihañ cotle mo ineñ ya ga Yesu Morena, go itumelela Morimo le Rra ka ena.


Coelelañ pele mo thapeloñ, mi lo rise mo go eona ka boitumelelo;


KI gona ki kaelañ pele ga lilo cotle, gore merapelo e e thata le merapelo, le merapelelo, le maitumelelo, a riheloe bathu botle;


Yana eo e leñ motlolagari rure mi a tlogecoe esi, o ikanya Morimo, mi o na mo merapeloñ e e thata, le mo merapeloñ, bosigo le motsegare.


Mi bokhutlo yoa lilo cotle bo atametse; ki gona, nañ tekano, mi lo rise mo thapeloñ.


Latlelañ mo go ona ñoñorego cotle tsa lona; gone oa lo tlamela.


Mi Hane a araba a re, Nyaea, morena oa me, ki mosari oa moea o o ketehetseñ: ga kia ka ka noa boyaloa, le esiñ boyaloa yo bo thata, mi ki culoletse moea oa me ha pele ga Yehova.


Mi Davide a pitlagañoa segolu; gone bathu ba bua go mo khobotletsa, gone meoea ea bathu botle ea galakega, moñue le moñue ka eintla ea bomoroaue, le bomoroarie: mi Davide a ithatahatsa ka Yehova Morimo oa gague.


Mi Samuele a tsaea leincue, a le baea ha gare ga Mitsepa le Shena, a bitsa leina ya yeona Ebena‐esera, a re, Yehova o re thusitse le go yana.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan