Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 4:19 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

19 Mi Morimo oa me o tla tlatsa botloko yoa lona yotle, kaha mahumoñ a khalalelo a ona ka Keresete Yesu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

19 Mme ke ene yo o tlaa lo abelang tsotlhe tse lo di tlhokang mo dikhumong tsa gagwe tse di mo kgalalelong, ka ntlha ya se Keresete a se re diretseng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

19 Mme Modimo wa me o tla lo abela tsotlhe tse lo di tlhokang ka fa khumong ya ona mo kgalalelong e e mo go Keresete Jesu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

19 Modimo wa me o tlaa lo naya sengwe le sengwe se lo se tlhokang, ka fa lohumong lwa one mo kgalalelong mo go Keresete Jesu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 4:19
44 Iomraidhean Croise  

Mi a tsegahatsa Yosefe, mi a re, Morimo o Aberahame le Yitsake, bo‐rra eco ba le ba sepela ha pele ga ona, Morimo o o ’nkotlileñ mo tseloñ yotle yoa me le ka yenu,


Erile ki tlaleloa ka biletsa go Yehova, mi ka biletsa Morimoñ oa me: mi oa utlua koru ea me mo tempeleñ ea ona, mi khayayego ea me ea tsena mo tsebeñ tsa ona.


Mi Mikaye a re, Yaka Yehova a tserile, se Morimo oa me o se reñ, seuo ki tla se bua.


Mi ka Yehisikie le likhosana ba ea ba bona mekoa, ba baka Yehova, le Bayeserela bathu ba gague.


Morimo oa me ’nkhakologeleloa molemo, kaha cotleñ tse ki li rihetseñ bathu ba.


Mi ua ba nela tlala ea bona liyo tse ri coañ mo legorimoñ, ua ba entsetsa lenyora ya bona metse lehikeñ, mi ua ba raea ha ba tla ea go rua lehatsi ye u lu u ikana ha u tla le be naea.


Yehova, tiho tsa gago li lintsi yañ! u li rihile cotle ka botlale; lehatsi le tlatse mahumo a gago.


A Yeserela a shuluhele mogo Yehova, gone boicuarelo bo ha go Yehova, mi thekololo e kholu e ha go ena.


Ba khorisioa ka monono oa eintlu ea gago; mi u ba nosa ka molapo oa linateho tsa gago.


Gone Yehova Morimo, ki letsatsi le thebe; Yehova o naea tsegahaco le tlotlo; mi ga a gane ka molemo ope go bona ba ba tsamaeañ ka tsiamo.


Morimo oa me o romile moeñgele oa ona, mi o tomorisitse litau melomo, mi li si ka tsa ’ntsenya: gone ki bonyoe ki sina molatu ha pele ga ona; le gona, khosi, ga kia ka ka senya ha pele ga gago.


¶ Mi ’na ki tla leba Yehova; ki tla lebelela Morimo oa puluko ea me: Morimo oa me o tla ’nkutlua.


Isañ maten aotle mo tluñ ea pulukelo, gore liyo li ne mo tluñ ea me, mi lo ’nteke yana mo go se, go bua Yehova oa lintua, ha ki si kitla ki lo bulela lithoba tsa legorimo, ki lo goromeletsa tsegohaco, e tsamaea bonno bo e tlokahalalela.


Gone cotle tse li batloa ki bahaitene; gone Rra enu oa legorimo, oa itse lo tloka lilo tse cotle.


Yesu a mo raea, Si ’nkame; gone ga ki e si ki tlatlogele go Rre; mi ea kua go bonnake, mi u ba ree, Ki tlatlogela kua go Rra ecu le Rra enu; le go Morimo oa me, le Morimo oa lona.


Eriha gona o raeañ Tome, Ntsetsa monuana oa gago kuanu, mi bona atla tsa me; mi ntsetsa atla sa gago kuanu, mi u se tsenye mo tlakureñ loa me; mi u si ne go bisa go rumela, mi rumela.


Ga ntla, kia itumelela Morimo oa me, ka Yesu Keresete kaga lona lotle, ka tumelo ea lona e bulecoe mo hatsiñ yeotle.


Boteñ yoa lohumo le botlale le kico ea Morimo bontse yañ! litsekisho tsa ona, ga li na potsisho yañ, mi tsela tsa ona ga li na tlotlomisho!


Khotsa a u nyatsa mahumo a molemo a ona, le boiphapanyo, le bopelutelele; u sa itse ha molemo oa Morimo o gu gogela tlabologoñ?


Gone ki kaea ha lipogisho tsa motla onu, li sa cuanela go cuantsioa le khalalelo e re tla e bontsioañ.


Le gona, gore o itsise mahumo a khalalelo ea ona mo liyaneñ tsa boicuarelo, tse o ri etleleritseñ pele khalalelo,


Gore e si re mogañ ki bañ ki ea, Morimo oa me oa ’nnolohatsa mo go lona, mi ’na ka hutsahalela bantsi ba ba leohileñ gale, ba ba sa ka ba tlabologa mo mashueñ, le khokabalo, le boaka, yo ba bo rihileñ.


Gone pogisho tsa rona tse ri boheho, tse ri hetañ ka bonako, li re rihela bogolu yo bogolu bogolu yoa khalalelo ea boima yo bo sa khutleñ;


Eboñ maitlo a tlaloganyo tsa lona a bonesicoe, gore lo itse culuhelo ea pico ea ona ki ehe, le mahumo ahe a khalalelo ea boshua yoa ona mo baitsephiñ,


Eo re nañ le thekololo ka mari a gague, eboñ boicuarelo yoa libe, kaha lohumoñ loa tsegohaco ea ona;


Gore o shupe mo metleñ e e tlañ, mahumo a magolu bogolu a tsegohaco ea ona, mo tsalanoñ ea ona kua go rona, ka Keresete Yesu.


Gore o lo nee kaha mahumoñ a khalalelo ea ona, go thataharioa ka thata mo mothuñ eo o kua teñ, ka Moea oa ona;


’Na, eo ki leñ motlana bogolu mo go eo motlana bogolu bogolu oa baitsephi botle, ki necoe tsegohaco e, gore ki rerele bahaitene mahumo a ga Keresete a a sa tlotlomisioeñ;


Mi kagisho ea Morimo e e hetañ tlaloganyo cotle, e tla buluka pelu tsa lona le maitlomo a lona mo go Keresete Yesu.


Ba, Morimo o ratañ go ba itsise mahumo a khalalelo a bosaitsioeñ yo mo bahaiteniñ; yo e leñ Keresete mo go lona culuhelo ea khalalelo;


Mi huku ya ga Keresete a le age mo go lona bogolu, ka botlale yotle; rutanañ, mi lo kaelane, ka lipesalem, le lihela tsa pako, le likopelo tsa moea, go opelela Morena ka tsegohaco mo peluñ tsa lona.


Gore lo tsamaee go cuanela Morimo o o lo bileritseñ bogosiñ yoa ona, le mo khalaleloñ ea ona.


Laolela bahumi ba ba mo hatsiñ yenu, gore ba si ne bopeluumpe, khotsa go ikanya mahumo a a sinañ tlomamo, mi ba ikanye Morimo o o tserileñ, o o re naeañ segolu ga lilo cotle, gore re ne naco;


Ki itumelela Morimo oa me, ki gu gopola ka gale mo merapeloñ ea me,


BAGOLU ba ekelesia ba ba mo go lona, kia ba kaela, ’na eo ki leñ mogolu nabo, le moshupi oa lipogisho tsa ga Keresete, le moaberoi oa khalalelo e e tla bonatsioañ:


Mi yana Morimo oa tsegohaco eotle, o o re bileritseñ khalaleloñ ea ona e e sa khutleñ mo go Keresete Yesu, lo sina bogisioa ka bokhutsane, a o lo rihe botlalo, le go lo tlomamisa, le go lo thatahatsa, le go lo thaea.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan