Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 4:18 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

18 Mi lilo cotle ki li cutse; mi ki na le bogolu, mi ki tlaricoe, ka ki bonye lilo mo go Epaferodito, tse lo li romileñ, tse ri cuanañ yaka moñkho o o nkhañ monate, cupelo e e natehañ e e khatlañ Morimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

18 Ka lobaka lo ke na le tsotlhe tse ke di tlhokang, go feta tse ke di tlhokang! Ke na le mo go ntekanyeng ka dimpho tse lo di nthomeletseng ka Epaferodito fa a tla. Ke setlhabelo se se lonko lo monate se se itumedisang Modimo thata.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

18 Ke amogetse tsotlhe, ke na le letlotlo, di ntlaletse, ke amogetse tse di tswang koo go lona mo go Epafrodito, tse e leng lonko lo lo nkgang monate le tshupelo e e natefelang e e kgatlhang Modimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

18 Ke na le dilo tsotlhe, ke bile ke atlanegetswe, ke kgotshe, ka ke amogetse mo go Epaferodito dilo tse di tswang koo go lona, e le lonko lo lo nkgang monate, e le setlhabelo se se lebosegang, se se kgatlhang Modimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 4:18
15 Iomraidhean Croise  

Mi u hisetse pheleu eotle ha aletareñ: ki cupelo ea phisho go Yehova: ki loñko lo lo natehañ, ki cupelo ea molelo go Yehova.


Mi lo bakanyetsa Yehova cupelo ea molelo, cupelo ea phisho, khotsa cupelo ea tlabo, go lomolola ikano, khotsa ka cupelo ea peleego, leha e le meletlo ea lona, go bakanyetsa Yehova loñko lo lo natehañ, ea letlape khotsa ea lihutsane:


Le losho lo le loñue loa gouda loa lishekela li ten, lo tletse ensense:


Mi ka a mo leba a boiha, mi a re, Morena, ana eñ? Mi a mo raea, Merapelo ea gago le likaco tsa gago, li tlile ha pele ga Morimo go na khoporisho.


KI gona, ki lo rapelañ, bakauleñue, ka mautluelo botluku a Morimo, gore lo nele mebele ea lona go na cupelo e e tserileñ, ea boitsepho, e e natehelañ Morimo, e e leñ tihelo ea Morimo ea lona e e cuanetseñ.


Ki thukhuthile liekelesia tse riñue, ka tsaea lireko go cona go lo rihela ka cona.


Gone tihelo ea kabelo e, ga e tlatse botloko yoa baitsephi yosi, mi le gona e kholu ka maitumelelo mantsi Morimoñ;


Mi lo tsamaee mo loratoñ, yaka Keresete le ena a re ratile, mi a re inela go na cupelo, le cupelo ea tlabo Morimoñ, go na moñkho o o nkhañ monate.


Mi kia itse rure go nolaharioa, mi kia itse go na le botlalo; ki rutiloe mo ntleñ cotle le mo liloñ cotle, go khora, le go utlua tlala, go na le botlalo, le go boga botloko.


Re cuanetse go lo itumelelela Morimo ka gale, bakauleñue, yaka go cuanetse, gone tumelo ea lona e mela segolu, le lorato loa moñue le moñue oa lona lo, lo ratanañ ka lona, lo na logolu;


Mi si lebaleñ go riha molemo le go acuana; gone Morimo o itumelela cupelo tse rintseñ yalo.


Le lona, lo cuana yaka maye a a tserileñ, a a agecoeñ ntlu ea moea, le boperiseto yo boitsepho, go shupa cupelo tsa moea, tse ri monate Morimoñ ka Yesu Keresete.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan