Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 4:15 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

15 Le lona Bafilipi, itseñ, ha erile mo tsimologoñ ea evangelio, ka ki huruga mo Makedonia, ga go ekelesia epe e e ’nkabetseñ kaga go nela le go cula, ha e si lona losi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

15 Jaaka lo itse sentle, erile la ntlha fa ke lo tlisetsa Efangele, ke le mo tseleng ke tswa Masedonia, ke lona fela Bafilipi ba lo neng lwa nna bapati ba me mo go abeng le mo go amogeleng. Ga go na phuthego epe e e dirileng jalo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

15 Kana le lona Bafilipi lo itse gore mo tshimologong ya Efangele, e rile ke sena go tloga kwa Maketonia, ga se ka ga nna phuthego epe e e neng ya tlhakanela lenaneo la me la madi le nna ntlheng ya go ntsha le go amogela fa e se lona lo le losi fela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

15 Le lona ka losi lo a itse, lona Bafilipi, fa e rile mo tshimologong ya Mafoko a a Molemo, jale ka ke tloga mo Maketonia, go se ka ga dira le epe phuthego e e ikopantseng le nna mo tirong ya go aba le go amogela, fa e se lona fela;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 4:15
12 Iomraidhean Croise  

Mi a re, Yaka Yehova a tserile, eo ki emeñ ha pele ga gague, ga ki cule lepe. Mi a mo emelela gore a le cule; mi a gana.


¶ Mi Gehase, motlañka oa ga Elishe monona oa Morimo, a re, Bonañ, muñoake o rekegetse Naamane oa Mosiria eo, ka a sa cule mo atleñ sa gague se o se lerileñ: mi Yaka Yehova a tserile ki tla mo tabogela, ki cula señue go ena.


Mi ba coa mo tluñ ea kholegelo, mi ba tsena mo tluñ ea ga Lidie; mi ka ba sina bona bakauleñue, ba ba gomotsa, mi ba ea.


Gone go le go khatlile bona ba Makedonia le Akaia go phuthela señue bahumanegi ba ba mo baitsephiñ kua Yerusalema.


Mi, bakauleñue, ki rata gore lo itse tse ri ’nkhatlaneritseñ, li rihahaletse go coeleletsa pele ga evangelio bogolu;


Bañue ba rera Keresete ka khañ, esiñ ka bosapekoa, ba itloma ba okeletsa kholego tsa me ka lipogisho;


Ka kabalano ea lona mo evangelioñ, mo tsatsiñ ya ntla le mo nakoñ enu;


Yaka go siame go ’na go ikutlua ga lona lotle yalo, gone ki na le lona mo peruñ ea me, mo kholegoñ tsa me, le mo ikarabeloñ, le mo tlomamishoñ ea evangelio, ka lo le baaberoi ba tsegohaco ea me.


Ki gona yalo, baratoi ba me, yaka lo loa utlua ka gale, esiñ kua ki gona gosi, mi bogolu yana mo bosieoñ yoa me, itiheleñ puluko ea lona ka poiho le thoromo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan