Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 4:12 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

12 Mi kia itse rure go nolaharioa, mi kia itse go na le botlalo; ki rutiloe mo ntleñ cotle le mo liloñ cotle, go khora, le go utlua tlala, go na le botlalo, le go boga botloko.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

12 Ke itse ka fa ke ka tshelang ka teng ke na le sengwe le ke sena sepe. Ke ithutile sephiri sa go kgotsofadiwa mo seemong sengwe le sengwe, le fa e le go kgora kgotsa go tshwarwa ke tlala go huma kgotsa go humanega;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

12 Lehuma ke a le itse, le letlotlo ke a le itse; ke itse dilo tsotlhe, le fa e le go kgora gongwe go bolawa ke tlala, le fa e le go atlanegelwa gongwe go tlhoka.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

12 Go kokobediwa ke a go itse, le go huma ke a go itse; mo go sengwe le sengwe, le mo dilong tsotlhe ke ithutile bokwateng jwa go kgora le go bolawa ke tlala, go atlanegelwa le go tlhoka.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 4:12
15 Iomraidhean Croise  

Mi u lu ua ba naea moea oa gago o o molemo go ba ruta, mi u si ka ua thiba manna a gago mo melomoñ ea bona, mi ua nela lenyora ya bona metse.


¶ Gone Yehova o ’ntheile yalo ka atla se se thata, mi a ’nkaela gore ki si sepele mo tseleñ ea bathu ba, a re,


Rure ki sina bosioa, ka ikuatlaea; mi ki sina itsisioe, ka bata noka ea me@ ka tlayoa ki litloñ, E, le gona ka shoshobagañoa, gone ki belege khobo ea bokau yoa me.


Ipeleseñ yokue oa me, mi lo ithute ga me, gone ki pelunomi, le bonolo yoa pelu; mi lo tla bonela meoea ea lona tapologo.


Mi a ba raea, Ki gona mokuari moñue le moñue eo o rutiloeñ mo bogosiñ yoa magorimo o cuana le muñ oa ntlu, eo o ntsañ lilo tse linca, le tsa gale.


MI yana, ’na Paulo, ka ’nosi, kia lo rapela ka bonolo yoa pelu, le boutluelo botluku yoa ga Keresete, eo ha ki na le lona ki leñ motlana mo go lona, mi ha ki sieo ki pelukhale go lona;


Gone ba re, Liepisetole tsa gague li boima le bothata, mi bogaucuanyane yoa mele oa gague bo bokoa, le puo ea gague ea nyatsega.


Le mo tihoñ e e thata le tapisho, le mo tishoñ ka gantsi, le mo tlaleñ le lenyora, le mo go ithibeñ go ya ka gantsi, le mo serameñ, le go sa ikatega.


A ki leohile ka ki inolaharitse gore lo gorisioe, ka ki lo reretse evangelio ea Morimo esiñ ka tuelo?


Mi erile ka ki na le lona mo botlokoñ, ga kia ka ka imahatsa ope; gone botloko yoa me bo le bo tlarioa ki bakauleñue ba ba coañ Makedonia, mi ka ipuluka mo liloñ cotle, ki sa lo imahatse, mi ki tla ipuluka yalo.


O la a ba hitlela mo hatsiñ ya bogareganaga, le tobekanyo ea khoo, le ea tsenyego, a ba rikanyetsa, a ba kaela, a ba hemela yaka nyetse ea itlo ya gague.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan