Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 3:9 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

9 Le go bonoa mo go ena, esiñ go na le tsiamo ea me, e e leñ ea molao, mi e e leñ ka ntla ea tumelo ea ga Keresete, eboñ tsiamo e e leñ ea Morimo, ka ntla ea tumelo;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

9 ke nne mongwe fela nae, ke sa tlhole ke bona gore ke tshwanetse go bolokwa ka go siama thata kgotsa go obamela melao ya Modimo, fa e se fela ka go ikanya Keresete go mpoloka; gonne tsela ya Modimo ya go re dira gore re nne tshiamo nao e eme mo tumelong, re beile mo go Keresete a le nosi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

9 ke be ke fitlhelwe mo go ene, ke se na tshiamo ya me e e tswang mo molaong, mme e le e e bonwang ka go dumela mo go Keresete, e bong tshiamo e e tswang mo Modimong ka tumelo

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

9 Le gore ke fitlhelwe ke le mo go ene, ke se na tshiamo e e leng ya me, e bong yone e e leng ya molao, fa e se yone e e ntseng ka tumelo mo go Keresete, e bong tshiamo e e tswang mo Modimong ka tumelo;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 3:9
56 Iomraidhean Croise  

Mi cotle tse ri mo hatsiñ tsa señoa, bathu, le likhomu, le tse ri gagabañ, le linunyane tsa legorimo; mi tsa señoa mo hatsiñ: mi Noe a sala a tserile a le esi, le bona ba ba le ba na nae mo arekeñ.


Mogañ ba gu leohelañ, (gone go si mothu ope eo o sa leoheñ,) mi ha u galeha le bona, u ba nela ha pele ga baba, mi ba ba cuara, ba ba isa kua hatsiñ ya baba, ye le khakala, khotsa ye le gauhe;


Mi Yehisikie a si ka a boseletsa molemo o o mo rihaletseñ; gone pelu ea gague e gorisioa: ki gona yayarego e le le go ena, le mo Yudeñ le Yerusalema.


¶ Mi ga na yalo, erile baroñoi ba likhosana tsa Babelona ba ba romiloeñ go ena, go botsa kaga segakhamaco se se rihetseñ mo hatsiñ, Morimo oa mo tlogela go mo leka, gore a itse cotle tse ri mo peluñ ea gague.


Ba hapogile botle, mi ba borile mogo; ga go ope eo o rihañ molemo, ga go ope, le eo moñue hela.


Mi u si tsene mo tsekishoñ le motlañka oa gago; gone ga go ope eo o tselañ eo o ka siamisioañ ha pele ga sehatlogo sa gago.


Mañ eo o ka tlaloganyañ timelo tsa gague? ’ntsekise mo litimeloñ tsa bosaitsioeñ.


Amarure ga go mothu ope eo o siameñ mo hatseñ, eo o rihañ molemo a sa leohe.


Ki atametsa tsiamo ea me; ga e kitla e na khakala, mi puluko ea me ga e kitla e riega: ki tla naea Tsiona puluko, le go Bayeserela khalalelo ea me.


O tla bona a khora ga khokholelo ea moea oa gague: Motlañka oa me eo o siameñ, o tla siamisetsa setsa bontsi ka kico ea gague e e mo itseñ; gone o tla belega tsiamololo tsa bona.


Re timetse rotle, yaka liñku; ra hapoga moñue le moñue mo tseleñ ea gague; mi Yehova o kopantse peco ea tsiamololo ea rona rotle go ena.


¶ Eriha gone ki reñ, ’Naue! gone ki ririmaricoe; ka ki le monona oa lipounama tsa itsekololo, mi ki nntse mo bathuñ ba lipounama tsa itsekologo: gone maitlo a me a bonye Khosi, Yehova oa lintua.


Bayuda ba tla gololoa mo metleñ ea eona, mi Bayeserela ba tla nna ka thagamo: mi leina ya eona ye e tla birioañ ka yeona, ki YEHOVA TSIAMO EA RONA.


Yuda le tla gololoa, le Yerusalema o tla nna ka thagamo mo metleñ euo: mi ye ki leina ye o tla birioañ ka yeona, YEHOVA TSIAMO EA RONA.


Go laolecoe bathu ba gago le motse oa gago oa boitsepho liueke li sevente, go khutlisa tlolo, le go uetsa maleo, le go ruanyetsa tsiamololo, le go tlisa tsiamo e e sa khutleñ, le go kana sepontsisho le perofesho, le go tlotsa itsepho ea maitsepho.


Mi eañ lo ithute lehuku ye le reñ, Ki rata boicuarelo mi esiñ cupelo: gone ga kia tlela go biletsa basiami tlabologoñ, e le baleohi.


Gone tsiamo ea Morimo e bonaricoe mo tumeloñ go tumeloñ mo go eona; yaka go kuariloe, Mosiami o tla tsela ka tumelo.


Gone bathu ba rumelela tsiamoñ ka lipelu; mi ba ipobolela pulukoñ ka molomo.


Rumerisañ Anderoniko, le Yunie, tsala tsa me, le bagolegoi le ’na, ba ba kaeioañ segolu mo baapostoloiñ, ba le bona ba le ba le mo go Keresete pele ga me.


Gore yaka boleo bo laoletse loshuñ, tsegohaco le eona e laolele yalo botseloñ yo bo sa khutleñ ka tsiamo, ka Yesu Keresete Morena oa rona.


KI gona go sinañ tsekisho epe go bon aba ba mo go Keresete Yesu, ba ba sa tsamaeeñ kaha nameñ, ki ba ba tsamaeañ kaha Moeeñ.


Gone se se le se reteletseñ molao, ka o lo sina thata ka ntla ea nama, Morimo oa roma Moroa ona mo cuanoñ oa nama ea boleo ka ntla ea boleo, a sekisetsa boleo mo nameñ:


Mi lo ba ona mo go Keresete Yesu, eo o re rihecoeñ botlale, le tsiamisho, le boitsephisho, le khololo, ka Morimo;


Ki gona leha e le mañmañ eo o mo go Keresete, ki mothu eo mosha; lilo tsa bogolugolu li hetile; bonañ, lilo cotle lintse linca.


Gone ena eo o la a sa itse boleo, o mo re rihetse cupelo ea boleo; gore re rihoe tsiamo ea Morimo mo go ena.


Ka re itse ha mothu a sa siamisioe ki tiho tsa molao, e le ka tumelo ea ga Yesu Keresete; le rona re rumetse yalo mo go Yesu Keresete, gore re siamisioe ka tumelo ea ga Keresete, mi esiñ ka tiho tsa molao; gone go si kitla go siamisioa nama epe ka tiho tsa molao.


Go rogoa ena eo o sa tlomamiseñ mahuku a molao o, go a riha. Mi a bathu botle ba re, Amena.


Kaga tloahalo, ki le mogisi oa ekelesia; mi kaga tsiamo e e mo molaoñ, ki sina molatu.


O o re bulukileñ, oa re bitsa ka pico ea boitsepho, esin kaha tihoñ tsa rona, mi e leñ kaha boikaeleloñ yoa ona, le tsegohaco, e re e necoeñ mo go Keresete Yesu pele ga tlolego ea lehatse;


Esiñ ka ntla ea tiho tsa tsiamo tse re li rihileñ, mi o re bulukile kaha boicuareloñ yoa ona, ka tlapisho ea go ba go tsaloa, le boshahaco yoa Moea oa Boitsepho,


Gore ka lilo li tu tse ri sa hetogeñ, tse ri retetseñ go Morimo go aka ka cona, rona ba re batlileñ botsabelo, re ke re itsisioe thata go tsegetsa culuhelo e re e beecoeñ pele;


Gone re khocoa rotle mo liloñ li le lintsi. Ha moñue a sa khocoe mo lehukuñ, eo ki mothu oa botlalo, mi o nonohile go thiba le mele otle.


SIMONE Petero, motlañka le moapostoloi oa ga Yesu Keresete, go bona ba ba bonyeñ le rona tumelo e e rategañ ka eosi, ka tsiamo ea Morimo oa rona le Muluki Yesu Keresete:


Leha e le mañmañ eo o leohañ, le gona oa siamolola; gone boleo ki tsiamololo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan