Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 3:8 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 E, amarure, ki kaea lilo cotle tatlego ka ntla ea bonatla yoa kico ea ga Keresete Yesu Morena oa me, eo ki latlegecoeñ ki lilo cotle tse, ka ntla ea gague, mi li ki kaea yaka mabebe, gore ki thope Keresete,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

8 Ee, sengwe le sengwe ga se na mosola fa se tshwantshanngwa le poelo e e senang theko ya go itse Morena wa me Jesu Keresete. Ke beetse tsotlhe fa thoko, ke di bona e se sepe, gore ke tle ke nne le Keresete,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

8 Ruri ke kaya dilo tsotlhe tshenyegelo ka ntlha ya kitso e kgolo ya go itse Keresete Jesu Morena wa me yo ke latlhileng dilo tsotlhe tseo ka ntlha ya gagwe; ke bile ke di kaya matlakala gore ke hume Keresete,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 Ee, ruri, ke kaya dilo tsotlhe di ntatlhegetse ka ntlha ya molemo o mogolo wa go itse Keresete Jesu Morena wa me; yo ke latlhegetsweng ke dilo tsotlhe ka ntlha ya gagwe, mme ke di kaya malele fela, gore ke tle ke bone Keresete.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 3:8
53 Iomraidhean Croise  

Ki gona, bona, ki tla tlisetsa ba eintlu ea ga Yeroboame boshula, mi ki tla khaola go ba eintlu ea ga Yeroboame lonona lotle, eo o cualecoeñ le eo o setseñ mo Bayesereleñ, mi ki tla tlosa bahulari ba eintlu ea ga Yeroboame, yaka lecutelo le tlosioa e tsamaea le hela.


Mi serepa sa ga Yesebele se tla na lecutelo mo nageñ mo leoteñ ya Yisereela; mi ga go kitla go tua, Yesebele ki eo.


O tla hela yaka maintle a gague ka bosina bokhutlo: ba ba monyeñ ba tla re, O ha kae?


Eo o coelelañ a lela, a belege peu go e yala, o tla ba a boela rure ka boitumelo a lere liñata tsa gague nae.


Ki na le mañ mo legorimoñ ha esi uena? Mi ga ki nateheloe ki sepe mo lehatsiñ go uena.


O tla bona a khora ga khokholelo ea moea oa gague: Motlañka oa me eo o siameñ, o tla siamisetsa setsa bontsi ka kico ea gague e e mo itseñ; gone o tla belega tsiamololo tsa bona.


Bonañ, ki tla khalemela losika loa lona, mi ki tla halatsa moshuañ mo hatlogoñ tsa lona, moshuañ oa meletlo ea lona; mi lo tla tlosioa nao.


Rure, ga lo kitla lo hitla mo lehatsiñ ye ki ikaneñ ha lo tla nna go yeona, ha e si Kalebe moroa Yefune, le Yehoshue moroa Nune.


Se, se coa kae go ’na, ka ma Morena oa me a ka tla go ’na?


Mi ha ki khoromeletsa ntle bademona ka monuana oa Morimo, yalo pusho ea Morimo e lo hitletse.


Lo tla itse mo motleñ ouo ha ki le mo go Rra, le lona mo go ’na, le ’na mo go lona.


Ha lo lo ’nkitse, lo kabo lo itsile le ena Rre; mi yano loa mo itse, mi lo monye.


Mi lilo tse ba tla li lo rihela, gone ba sa itse Rra, leha e le ’na.


Mi yo ki yona botselo yo bo sa khutleñ, gore ba gu itse, Morimo osi oa amarure, le Yesu Keresete eo u mo romileñ.


Gone ki ba neile mahuku a u a ’nneileñ, mi ba a cutse; mi ba itse rure ha ki coa go uena, mi ba rumetse ha u ’nthomile.


Mi ba mo raea, Mosari, u lelelañ? A ba raea, Gone ba tlositse Morena oa me, mi ga ki itse kua ba mo laritseñ gona.


Mi Tome a araba, a mo raea, Morena oa me, le Morimo oa me.


Mi lilo tse ga li lipe mo go ’na, le yona botselo yoa me ga ki bo kaele segolu go na, gore ki uetse tsiano ea me ka boitumelo, le tihelo e ki e bonyeñ mo go Yesu Morena, go shupa ga evangelio ea tsegohaco ea Morimo.


Gone ki kaea ha lipogisho tsa motla onu, li sa cuanela go cuantsioa le khalalelo e re tla e bontsioañ.


Khotsa bogorimo, khotsa boteñ, khotsa tse ri bopiloeñ li sele, li si kitla li nonoha go re lomologanya le lorato loa Morimo, lo lo mo go Keresete Yesu, Morena oa rona.


Gone ki ikaeletse esiñ go itse sepe mo go lona, ha e si Yesu Keresete, le papolo ea gague.


Khotsa a o bua yalo ka ntla ea rona rosi? gone le kuariloe ka ntla ea rona, gore eo o lemañ a leme ka culuhelo; le eo o holañ, ka culuhelo ea gore o tla abeloa.


Ba morimo oa lehatse yenu o hohuharitseñ maitlomo a bona ba ba sa rumeleñ, gore leseri ya evangelio ea khalalelo ea ga Keresete, eo e leñ secuano sa Morimo, le si ba phatsimele.


Gone Morimo o o rileñ leseri le phatsime mo hihiñ, ki ona o o phatsimileñ mo peruñ tsa rona, go naea leseri ya kico ea khalalelo ea Morimo mo hatlogoñ sa ga Yesu Keresete.


Go bonatsa Moroa ona mo go ’na, gore ki mo rere mo bahaiteniñ; mi ka akoha ka riha yalo, mi ki si ka ka batla khakololo ea bathu;


Go tlo go tsamaee re hitle rotle boñueheleñ yoa tumelo, le yoa kico ea Moroa Morimo, go na monona oa botlalo, mo selekanyoñ sa bogolu yoa botlalo yoa ga Keresete;


PAULO le Timoteo, batlañka ba ga Yesu Keresete, go baitsephi botle ba ba mo go Keresete Yesu, le balebalebi, le badiakoni, ba ba kua Filipi:


Gore ki mo itse, le thata ea cogo ea gague, le kabalano ea pogisho tsa gague, go rihoa go cuana yaka loshu loa gague;


Esiñ go re ki setse ki hitlile, khotsa ki rihiloe botlalo; mi kia latela, gore ki cuare se ki cueroeñ ki Keresete Yesu ka ntla ea shona.


Mi lilo tse ri ri molemo o mogolu go ’na, ki li kaea li le tatlego ka ntla ea ga Keresete.


Gone yana ki iketleritse go tseloa noo ea cupelo, mi motla oa khololo ea me o atametse.


Gone re tla rihoa baaberoi ba matsego a ga Keresete, ha re tsegeletsa bokhutloñ boikanyo yoa rona yoa ntla.


Ki gona o rategañ go lona ba lo rumelañ; mi go bona ba ba sa utlueñ, Leincue ye, ye le latliloeñ ki baagi, ki yeona ye le rihiloeñ motheo oa khokhoco;


Tsegohaco le kagisho a li lo ntsihalele, ka kico ea Morimo, le ea ga Yesu Morena oa rona,


O o re neileñ kaha thateñ ea gague ea Morimo, cotle tse ri cuanetseñ botselo le poihomorimo, ka kico ea gague, eo o re bileritseñ khalaleloñ le bonatla;


Gone ha lilo tse li le mo go lona, mi ha li tota bogolu, li tla lo riha go na lo si na tlokahalo, le go bisa go uñua, mo kicoñ ea ga Yesu Keresete Morena oa rona.


Mi golañ mo tsegohacoñ, le mo kicoñ ea Morena oa rona, le Yesu Keresete Moluki. Khalalelo e ne go ena, yana le ka bosina bokhutlo. Amena.


Se re se bonyeñ, ra se utlua, rea se lo itsise, gore le lona lo abalane le rona; mi rure kabalano ea rona e le e na le Rra, le Yesu Keresete Moroa ona.


Ba le ba coa mo go rona, mi e le e si ba rona; gone ha e le le ba rona, ba kabo ba sa agile le rona; mi tse ri rihetse, gore go bonatsege ha e le e si ba rona botle.


Mi rea itse ha Moroa Morimo a tlile, mi o re neile tlaloganyo, gore re mo itse ena eo o amarure, mi re mo go ena eo o amarure, eboñ mo go ena Moroa ona Yesu Keresete. Eo ki Morimo oa amarure, le botselo yo bo sa khutleñ.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan