Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 3:21 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

21 Eo o tla hetolañ mebele e e mashue ea rona, gore e ne go cuana yaka mele oa khalalelo oa gague, kaha tihoñ e o ka itaolelañ lilo cotle ka eona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

21 E tlaa re fa a tla o tlaa tsaya mebele e e swang e ya rona, a e fetolele mo mebeleng e e galalelang jaaka wa gagwe, a dirisa nonofo e le nngwe fela e o tlaa e dirisang go tlhabana le sengwe le sengwe gongwe le gongwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

21 yo o tla fetolang mebele e e seng ya sepe ya rona gore e tshwane le mmele wa gagwe wa kgalalelo ka fa thateng e a nonofileng go ka tsenya tsotlhe mo taolong ya gagwe ka yona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

21 yo o tlaa bopang seša mmele wa boikokobetso jwa rona, gore o bopege jaaka mmele wa kgalalelo ya gagwe, ka fa go direng mo o nonofileng go ipeela dilo tsotlhe mo taolong ya gagwe ka teng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 3:21
18 Iomraidhean Croise  

Re tla gu rihela metsila ea gouda ka likotloana tsa selevera.


O tla senyetsa loshu rure; mi Yehova Morena o tla phimola likeleri cotle mo hatlogoñ cotle; mi o tla tlosa khobo ea bathu ba gague mo hatsiñ yeotle: gone Yehova o buile.


Bashui ba gago ba tla ba ba tsela; mebele e e shuleñ ea bona e tla coga. Kubugañ, lo opele, lona ba lo nntseñ mo loroleñ: gone monyo oa gago o cuana le monyo oa merogo, mi mbu o tla tlatsa ba ba gonogileñ ba ona.


Ki tla ba golola mo thateñ ea bobipo; ki ba rekolola mo loshuñ: Uena loshu, tsenyo ea gago e kae? Uena bobipo, khaolo ea gago e kae? kuatlao e shubegile mo maitloñ a me.


Mi a hetoga ha pele ga bona, mi hatlogo sa gague sa phatsima yaka letsatsi, mi aparo tsa gague tsa shueuhala yaka leseri.


Mi Yesu a araba a ba raea, Loa timela, ka lo sa itse likualo, le thata ea Morimo.


Mi ka Yesu a atamela, a bua nabo, a re, Thata cotle ki li ’nnecoe mo legorimoñ, le mo lehatsiñ.


Gone ba o ba itsileñ pele, o ba laoletse pele go na go cuana le cuano ea Moroa ona, gore a ne motsaloi oa ntla mo go bakauleñue bantsi.


Mogañ Keresete, eo e leñ botselo yoa rona, o bonatsioañ, eriha gona le lona lo tla bonatsioañ nae mo khalaleloñ.


Baratoi, yana re bana ba Morimo, mi ga go e si go bonatsege kaha re tla nañ ka gona, mi rea itse ha mogañ o bonatsegañ re tla na yaka ena; gone re tla mona yaka antse.


Ki ’na Alefa le Omega, tsimologo, le bokhutlo, go bua Morena eo o leeoñ, le eo o la a leeo, le eo o tla tlañ, Mothatietle.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan