Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 3:12 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

12 Esiñ go re ki setse ki hitlile, khotsa ki rihiloe botlalo; mi kia latela, gore ki cuare se ki cueroeñ ki Keresete Yesu ka ntla ea shona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

12 Ga ke reye gore ke itekanetse. Ga ke ise ke ithute tsotlhe tse ke tshwanetseng go di ithuta, mme ke lekela pele go fitlhelela letsatsi le ke tlaa bong ke le se Keresete a se mpoloketseng le se o batlang ke nna sone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

12 Ga se go re ke setse ke tshwere, gongwe ke setse ke le botlalo; mme ke ntse ke bo tabogela gore motlhamongwe ke bo tshware, ka le nna ke tshwerwe ke Keresete Jesu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

12 Ga se go re ke setse ke fitlhile, le fa e le gore ke setse ke itekanetse; mme ke lekela kwa pele, e tle e re kgotsa ke tshware se e leng sone le nna ke se tshwaretsweng ke Keresete Jesu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 3:12
44 Iomraidhean Croise  

Mi mosiami o tla tsegetsa tsela ea gague, mi eo o nañ le liatla tse ri itsekileñ o tla hela a thatahala.


Au! intla tsela tsa me li ko li siamiserioa go buluka litaeo tsa gago.


Yehova o tla ’ntekanyeletsa; Yehova, boicuarelo yoa gago bo ka bosina bokhutlo; si tlogele tiho tsa liatla tsa gago.


YAKA kukama e lelela melacana ea metse, moea oa me o gu lelela hela yalo, Morimo oa me.


Moea oa me o tla gu ñaparela thata; ua ’nkokotletsa ka atla sa gago se se siameñ.


Moea oa me o tlologelecoe, o nyelericoe, ki go eletsa maloapa a ga Yehova; pelu ea me le nama ea me ea biletsa go Morimoñ o o tserileñ.


Gone tsekisho e tla boela mo tsiamoñ, mi botle ba ba pelu li siameñ ba tla e latela.


Mi tselana ea basiami e cuana le leseri ye le phatsimañ, e e coelelañ pele e serihatsa go tsatsiñ ya boitekanelo.


’NTHETSAÑ, lona ba lo khukhe-lañ tsiamo, lona ba lo batlañ Yehova: lebañ lehika ye lo gabiloeñ go yeona, le ñale ea molete e lo epolo-coeñ go eona.


Ereha gona re tla itseñ, re tla khonatela go itse Yehova: boco yoa gague bo itletsegile yaka phepahalo, mi o tla tla go rona yaka pula, yaka pula ea khogolamoko e e nosañ lehatse.


Ki gona, nañ botlalo, yaka Rra enu eo o mo magorimoñ a le botlalo.


Mi Morena a mo raea, Ea, gone eo ki seyana se ki se itseñketseñ go isa leina ya me ha pele ga bahaitene, le likhosi, le bana ba Yeserela;


Khotsa bogorimo, khotsa boteñ, khotsa tse ri bopiloeñ li sele, li si kitla li nonoha go re lomologanya le lorato loa Morimo, lo lo mo go Keresete Yesu, Morena oa rona.


Mi etlare botlalo bo sina tla, se se sa ntla ñue se tla tlosioa.


Gone yana rea bona mo seiponiñ ka lehicuana; mi mogañ o re tla bona ka sehatlogo le sehatlogo; yana kia itse ka ntla ñue; mi mogañ o ki tla itse yaka le ’na ki itsioe.


A ga lo itse ha ba ba sianañ mo tsianoñ, botle ba siana, mi moñue Lela a bona tuelo? Sianañ yalo, gore lo e bone.


Gone rea itumela mogañ re bokoa, mi lona lo le thata; mi se le shona rea se eletsa, eboñ, botlalo yoa lona.


BARATOI, ka re na le lipulelelo‐pele tse, a re iñtlahatseñ mo mashueñ aotle a nama le a moea, go uetsa boitsepho mo poihoñ ea Morimo.


Gone nama e ganela le Moea, le Moea le nama: mi tse li emelelanye; yalo ga lo kake loa riha tse lo ratañ go li riha.


Yaka o re itseñketse mo go ena pele ga motheo oa lehatse, gore re ne boitsepho, le go sina molatu mo loratoñ ha pele ga ona;


Go tlaleletsa baitsephi tihoñ ea tihelo, le go agelela mele oa ga Keresete;


PAULO le Timoteo, batlañka ba ga Yesu Keresete, go baitsephi botle ba ba mo go Keresete Yesu, le balebalebi, le badiakoni, ba ba kua Filipi:


Leha gontse yalo, kua re hitileñ gona, a re tsamaeeñ yaka sekaelo se ka shosi, mi a re ikutlueñ kutluo e ka eosi.


Gone boguera ki rona ba re rihelañ Morimo mo moeeñ, le go belahala mo go Keresete Yesu, mi ga re na boikanyo mo nameñ.


E, amarure, ki kaea lilo cotle tatlego ka ntla ea bonatla yoa kico ea ga Keresete Yesu Morena oa me, eo ki latlegecoeñ ki lilo cotle tse, ka ntla ea gague, mi li ki kaea yaka mabebe, gore ki thope Keresete,


Lo bone gore go si ne ope eo o lehelañ eo moñue boshula ka boshula; mi latelañ se se molemo ka gale, mo go lona ka losi, le mo go bona botle.


Mi re cuanetse go lo itumelelela Morimo ka gale, bakauleñue, baratoi ba Morena, ka Morimo o lo itseñkeletse puluko mo tsimologoñ, ka boitsephisho yoa Moea, le ka go rumela boamarure;


A na le cupo ea tiho tse ri molemo; ha a gorisitse bana, ha a thusitse baeñ, ha a tlapisitse nao tsa baitsephi, ha a thusitse ba ba bogisicoeñ, ha a latetse tiho tse ri molemo cotle ka tloahalo.


Bantse ba ipakanyetsa motheo o o molemo, go iketleletsa motla o o tlañ, gore ba tsegetse botselo yo bo sa khutleñ.


Latelañ kagisho le bathu botle, le boitsephisho yo, go siñ ope eo o tla bonañ Morena, ha bo sieo:


Le go phuthego le ekelesia ea batsaloi ba ntla ba ba kuariloeñ mo magorimoñ; le go Morimo Moatlori oa botle; le go meoea ea basiami ba ba rihiloeñ botlalo;


A o lo etleleletse tihoñ cotle tse ri molemo, gore lo ko lo rihe thato ea ona; go riha mo go lona se se khatlegañ ha pele ga ona, ka Yesu Keresete, eo khalalelo e ne nae ka bosina bokhutlo yotle. Amena.


Gone re khocoa rotle mo liloñ li le lintsi. Ha moñue a sa khocoe mo lehukuñ, eo ki mothu oa botlalo, mi o nonohile go thiba le mele otle.


Mi yana Morimo oa tsegohaco eotle, o o re bileritseñ khalaleloñ ea ona e e sa khutleñ mo go Keresete Yesu, lo sina bogisioa ka bokhutsane, a o lo rihe botlalo, le go lo tlomamisa, le go lo thatahatsa, le go lo thaea.


Mi golañ mo tsegohacoñ, le mo kicoñ ea Morena oa rona, le Yesu Keresete Moluki. Khalalelo e ne go ena, yana le ka bosina bokhutlo. Amena.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan