Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 3:10 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

10 Gore ki mo itse, le thata ea cogo ea gague, le kabalano ea pogisho tsa gague, go rihoa go cuana yaka loshu loa gague;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

10 Mme jaanong ke tlogetse sengwe le sengwe, ke bonye e le yone fela tsela ya go itse Keresete le go lemoga nonofo e kgolo e e mo rudisitseng, le go bona gore go boga le go swa nae go rayang.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

10 ya go itse ene le thata ya tsogo ya gagwe le go kopana nae mo dipogong tsa gagwe ka go dirwa yo o tshwanang le loso lwa gagwe,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

10 gore ke itse ene, le thata ya go tsoga ga gagwe, le go tlhakanela nae dipogiso tsa gagwe, ke bopegela mo tshwanong ya loso lwa gagwe;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 3:10
34 Iomraidhean Croise  

¶ Go bua yalo Yehova, A letlale le si belahalele botlale yoa yeona, le segañka se si belahalele bogañka yoa shona, a mohumi a si belahalele lohumo loa gague:


Mi a ba raea, Rure senoelo sa me lo tla se noa, le go bapetisioa ka papetisho e ki bapetisioañ ka eona, mi go lula mo atleñ se se siameñ sa me, le mo go sa molema, ga si ga me go go naea, go tla neoa ba Rre o go ba etleleritseñ.


Ga go ope eo o bo ’ntseelañ, mi kia bo baea ka ’nosi; ki na le thata go bo baea, mi ki na le thata go ba ki bo cula. Taolo e, ki e bonye go Rre.


Mi yo ki yona botselo yo bo sa khutleñ, gore ba gu itse, Morimo osi oa amarure, le Yesu Keresete eo u mo romileñ.


Mi ha re le bana, re tla bo re le ba boshua; ba boshua ba Morimo, le ba boshua le Keresete mogo; mi ha gontse yalo re bogisioa le ena, ki gore le gona re galalerioe nae.


Gone ba o ba itsileñ pele, o ba laoletse pele go na go cuana le cuano ea Moroa ona, gore a ne motsaloi oa ntla mo go bakauleñue bantsi.


Yaka go kuariloe, Re bolaoa ka tsatsi yeotle ka ntla ea gago; re kaioa yaka liñku tse ri tlayoañ.


O o re golotseñ mo loshuñ lo logolu yalo, mi o sa golola; o re shuluhelañ ha o tla ba o re golola;


Gone yaka lipogisho tsa ga Keresete li le kholu mo go rona, khomco ea rona, le eona e kholu yalo ka Keresete.


Gone leba a bapocoe ka ntla ea bokoa, leha gontse yalo oa tsela ka thata ea Morimo. Gone le rona re bokoa mo go ena, mi re tla tsela le ena ka thata ea Morimo mo go lona.


Ki bapocoe le Keresete; leha gontse yalo ki tserile; mi esiñ ’na, mi ki Keresete eo o tserileñ mo go ’na; mi botselo yo ki tselañ ka yona yanuñ mo nameñ, ki bo tsela ka tumelo ea Moroa Morimo, eo o ’nthatileñ, eo o inneletseñ.


Ga yana a go si ne ope eo o ’nthumolañ, gone ki na le lipari tsa ga Yesu Morena mo meleñ oa me.


Go tlo go tsamaee re hitle rotle boñueheleñ yoa tumelo, le yoa kico ea Moroa Morimo, go na monona oa botlalo, mo selekanyoñ sa bogolu yoa botlalo yoa ga Keresete;


E, amarure, ki kaea lilo cotle tatlego ka ntla ea bonatla yoa kico ea ga Keresete Yesu Morena oa me, eo ki latlegecoeñ ki lilo cotle tse, ka ntla ea gague, mi li ki kaea yaka mabebe, gore ki thope Keresete,


Yana kia itumela mo pogishoñ tsa me ka ntla ea lona, go rihahatsa mo nameñ ea me tse ri setseñ tsa pogisho tsa ga Keresete, ka ntla ea mele oa gague, o e leñ ekelesia;


Mi erile ka lo shuetse mo libeñ tsa lona, le mo boguereñ yoa nama ea lona, o lo tserisitse le ena; mi o lo icuaretse tlolo tsa lona cotle;


MI yalo ha lo cosicoe le Keresete, batlañ lilo tse ri kua legorimoñ, ha Keresete a lulañ gona mo atleñ se se siameñ sa Morimo.


Go tsegohala Morimo le Rra Yesu Keresete Morena oa rona, eo o bileñ a re tsalela culuhelo e e tserileñ, kaha bogoluñ yoa boicuarelo yoa ona, ka cogo ea ga Yesu Keresete mo bashuiñ,


Mi kia gopola ha e le tsiamo ka ki sale mo taberenakeleñ e, go lo tlotleletsa ka go lo goporisa;


Mi rea itse ha re mo itsile ka mouo, ha re tsegetsa litaolo tsa gague.


Mi leha e le mañmañ eo o tsegetsañ lehuku ya gague, lorato loa Morimo lo rihaharicoe rure mo go ena; rea itse ha re le mo go ena ka mouo.


Eo o tserileñ, mi ki le ki shule; mi bona, ki tserile ka bosina bokhutlo yotle. Amena. Mi ki na le likopelo tsa bobipo le tsa loshu.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan