Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 3:1 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 YA bohelo, bakauleñue ba me, Itumeleñ mo Moreneñ. Go lo kualela lilo tse ri cuanañ yaka cona ga si kutluisho‐botluku go ’na, mi ki tlomamo go lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

1 Mme le fa go ka diregang, ditsala tse di rategang, itumeleng mo Moreneng. Ga nke ke lapisega go lo bolelela se, ebile go lo siametse go se utlwa gangwe le gape.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

1 Gape, ba ga etsho, itumeleng mo Moreneng. Go lo kwalela dilo di le dingwe fela, nna ga go ntapise, mme lona go a lo tiisa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Sa bofelo, bagaetsho, itumeleng mo Moreneng. Go nna ke lo kwalela dilo di le dingwe fela, le gale ga go ntapise, ka ga lona ke go lo direla tlhomano.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 3:1
46 Iomraidhean Croise  

Mi Bayeserela botle ba tlisa areke ea kholagano ea ga Yehova ka thurueco le ka koru ea terompeta, le lohare, le lisembala, ba rumisa ka lisaletare le liharepe.


Belahalelañ leina ya gague ya boitsepho: a pelu tsa ba ba batlañ Yehova ba itumele.


Mi ba ya ba noa ha pele ga Yehova ka tsatsi yeuo ka boitumelo yo bogolu. Mi ba riha Solomone moroa Davide khosi ka loa bo‐tu, mi ba mo tloletsa Yehova go na mokaeri, le Tsadoke go na moperiseti.


Mi a ba raea, Eañ, lo ye nonno, mi lo noe botse, mi isetsañ bona ba ba sa bakanyerioañ sepe likabelo: gone tsatsi yenu le itsepho go Morena oa rona, mi si hutsahaleñ, gone boitumelo yoa Yehova ki thata ea lona.


Ereha gona u tla ikhatlisañ mogo Mothatietle, mi u tla culeletsa go Morimo hatlogo sa gago.


A Yeserela a itumele mo go ena eo o mo rihileñ; a bana ba Tsiona ba itumele mo Khosiñ ea bona.


Itumeleñ mogo Yehova, mi lo ipele, lona basiami; ruruetsañ ka boitumelo, lona lotle ba lo pelu li tsiamo.


OPELELAÑ Yehova, lona basiami; pako e cuanetse basiami.


Inatehatsa mogo Yehova; mi o tla gu naea keleco tsa pelu ea gago.


Ki gopola tse, mi ki tsela moea oa me mo teñ ga me; gone ki eletsa ka ea le bantsi, le go ea le bona kua tluñ ea Morimo, le bontsi yoa ba ba bulukañ tsatsi ya moriho, ka koru ea boitumelo le pako.


Mi botle ba ba gu ikanyañ a ba itumele ka bosina bokhutlo; a ba ruruetse ka boitumelo, gone u ba hemela; le bona ba ba ratañ leina ya gago, a ba itumele segolu mo go uena.


YEHOVA oa busa; a lehatsi le itumele; a bontsi yoa liori bo ipele.


Lo tla li olosa, mi pheho e tla li cubutla, mi secüacüe se tla li halatsa: mi lona lo tla itumela mogo Yehova, mi lo tla rurueletsa Moitsephi oa Bayeserela.


¶ Ki tla tlapeleloa Yehova segolu, moea oa me o tla ruruetsa mo Morimoñ oa me; gone o ’nkapesitse ka aparo tsa puluko, o ’nkhurumeritse ka kobo ea tsiamo, yaka monyari a ikapesa ka boiñtle, khotsa yaka monyaroi eo o ikhabisitseñ ka mekhabo ea gague.


Bonañ, batlañka ba me ba tla ruruetsa ka bomonate yoa pelu, mi lo tla goa ka bohutsana yoa pelu; mi lo tla goa ka moea oa thubego.


Mi lona bana ba Tsiona, ruruetsañ, lo itumelele Yehova Morimo oa lona: gone a naea pula ea ntla ka tekanyo, mi o lo holosetsa pula ea maebana, pula ea ntla, le pula ea khogolamoko yaka ga ntla.


¶ Moroaria Tsiona, opela; Bayeserela, ruruetsañ; moroaria Yerusalema, itumela, mi ruruetsa ka pelu ea gago eotle.


Yehova Morimo oa gago, o gare ga gago, o Mothati eo o tla bulukañ, o tla gu itlapelela ka boitlapelo; o tla ririmala mo loratoñ loa gague, o tla gu rurueletsa ka kopelo.


Mi Baeferaima ba tla na yaka segañka, mi pelu tsa bona li tla itumela yaka ka boyaloa: mi bana ba bona ba tla bona, ba itumela; pelu tsa bona li tla rurueletsa Yehova.


Itumeleñ, mi lo itumele bogolu; gone tuelo ea lona e kholu mo magorimoñ; gone ba le ba bogisa yalo Baperofeti ba ba le ba le pele ga lona.


Mi moea oa me oa itumela mo Morimoñ Muluki oa me.


Mi esiñ yalo gosi, mi le gona re belahala mo Morimoñ ka Yesu Keresete Morena oa rona, eo re bonyeñ thuano yana ka ena.


Ya bohelo, bakauleñue, salañ señtle. Tlarioañ, gomorioañ, nañ boitlomo bo le boñue hela; agañ ka kagisho; mi Morimo oa lorato le kagisho o tla na le lona.


Ya bohelo, bakauleñue ba me, nañ thata mo Moreneñ, le mo thateñ ea bonatla yoa gague.


Mi lo ka li ya ha pele ga Yehova Morimo oa lona, mo heloñ ha Yehova Morimo oa lona o tla go itseñkelañ, lona, le bomoroa lona, le bomoroaria lona, le batlañka ba lona, le malata a lona, le Moleva eo o leñ mo khoroñ tsa lona: mi lo itumele ha pele ga Yehova Morimo oa lona, go cotle tse lo li baeañ atla tsa lona.


Mi lo itumele ha pele ga Yehova Morimo oa lona, lona, le bomoroa lona, le bomoroaria lona, le batlañka ba lona, le malata a lona, le Baleva ba ba mo khoroñ tsa lona, le baeñ, le likhutsana, le batlolagari, ba ba mo go lona, heloñ ha Yehova Morimo oa lona o tla go itseñkelañ go nnisa leina ya gague gona.


Gone boguera ki rona ba re rihelañ Morimo mo moeeñ, le go belahala mo go Keresete Yesu, mi ga re na boikanyo mo nameñ.


Itumeleñ mo Moreneñ ka gale; mi ki bile kia lo raea, Itumeleñ.


Ya bohelo, bakauleñue, cotle tsa boamarure, le cotle tse ri tlotlegañ, le cotle tse ri siameñ, le cotle tsa boitsepho, le cotle tse liñtle, le cotle tse ri nañ le mahuku a molemo; ha go le bonatla boñue, mi ha go le pako ñue, gopolañ lilo tse.


MI gape, bakauleñue, rea coelela go lo rapela, le go lo kaela ka Yesu Morena, yaka lo cutse mo go rona kaha lo cuanetseñ go tsamaea le go khatla Morimo, rea re, lo ne lo tote bogolu bogolu.


Bakauleñue ba me, lo kaee ha e le boitumelo yo bogolu, ha lo oela mo lipogishoñ tse lintsi;


Ya bohelo, lotle nañ boitlomo yo boñue hela, le go utluelana botluku, le go rata bakauleñue, lo ne le boicuarelo yoa bo teñ, le tsalano;


Mi lo itumele ka le mororo lo le baaberoi ba lipogisho tsa ga Keresete; gore le gona lo itumele, lo ipele segolu, mo ponatsegoñ ea khalalelo ea gague.


BARATOI, yana kia lo kualela episetole e, ea bo‐tu, ki tloleletsa meoea ea lona ea tsiamo, ka go lo goporisa ka cona;


MI Hane a rapela, a re, Pelu ea me e rurueletsa Yehova, naka loa me lo gorisericoe Yehova; molomo oa me o atlamolosericoe baba ba me; gone ki itumelela puluko ea gago.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan