Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 2:9 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

9 Ki gona Morimo le ona o mo gorisitseñ segolu bogolu, mi oa mo naea leina, ye le legolu bogolu mo maineñ aotle;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

9 Le fa go ntse jalo e ne e le ka ntlha ya gone mo, mo Modimo o neng wa mo tsholeletsa kwa legodimong mme wa mo naya leina le le fetang maina otlhe,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

9 Ke ka moo Modimo o mo godisitseng mo go fetang, wa mo naya leina le le fetang leina lengwe le lengwe

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

9 Ke gone ka moo Modimo le one o mo godisitseng thata, mme wa mo naya lone leina le le fetang maina a otlhe;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 2:9
46 Iomraidhean Croise  

Mi ki tla baea kilo gare ga gago le mosari, le gare ga losika loa gago le losika loa gague; lo tla khoba tlogo ea gago, mi u tla khoba serethe sa lona.


YEHOVA o la a raea Morena oa me, Lula ha atleñ sa me se se siameñ, ki tle ki tsamaee ki rihe baba ba gago serulo sa nao tsa gago.


Morena o mo atleñ sa gago se se siameñ, o tla betsa likhosi mo tsatsiñ ya bogale yo bogolu yoa gague.


Le gona ki tla mo riha oa burure oa me, eo o gorimo bogolu go khosiñ tsa lehatsi.


Gone ka a ’nthata bogolu, ki gona ki tla mo gololañ; ki tla maea ha gorimo, gone a itse leina ya me.


¶ Bonañ, motlañka oa me o tla tsegohala; o tla culerioa, a golerioa, a gorisioa segolu.


Ki gona o tla mo abelañ kabo mo linatleñ, mi o tla abanya thopo le bathati; gone a la a thela moea oa gague loshuñ, a baleloa le batlori; mi a shualeletse boleo yoa bontsi, mi a rapelela batlori.


Totahalo ea pusho ea gague le kagisho, ga li kitla li na le bokhutlo, mo teroneñ ea ga Davide, le mo bogosiñ yoa gague, go bo tlomamisa, le go bo thatahatsa ka tsiamisho, le ka tsiamo ga yana le ka bosakhutleñ. Lehuha ya ga Yehova oa lintua le tla riha yalo.


Mi a neoa pusho, le tlotlego, le bogosi, gore bathu botle, le merahe, le lipuo, ba mo rihele: pusho ea gague ki pusho e e sa khutleñ, e e si kitlañ e heta, mi bogosi yoa gague ga bo kitla bo señoa.


Rre o ’nneile lilo cotle; mi ga go ope eo o itseñ Moroa ha e si Rra; le gona ga go ope eo o itseñ Rra, ha e si Moroa, le eo, Moroa o tla mo mo shupetsañ.


Mi ka Yesu a atamela, a bua nabo, a re, Thata cotle ki li ’nnecoe mo legorimoñ, le mo lehatsiñ.


Lilo cotle ki li neiloe ki Rre; mi ga go ope eo o itseñ Moroa e mañ, ha e si Rra, le Rra e mañ, ha e si Moroa, le go eo Moroa o ratañ go mo shupetsa.


Yesu ka a itse Rra a mo neile lilo cotle mo atleñ tsa gague, le gona, ka a la a coa Morimoñ, mi a ea Morimoñ;


Mi yana ga ki tlole ki le mo lehatsiñ, mi ba, ba mo hatsiñ; mi ki tla go uena. Rra oa Boitsepho, buluka mo ineñ ya gago ba u ba ’nneileñ, gore ba ne bañue hela yaka rona.


Erile ki sa na nabo mo lehatsiñ, ka ba buluka mo ineñ ya gago; ba u ba ’nneileñ ki ba bulukile; mi ga go ope oa bona eo o latlegileñ, ha e si moroa tsenyego, gore lokualo lo rihahale.


Mi yana, Rra, ’nkhalaletsa ha pele ga gago, ka khalalelo e ki le ki na naeo nau, pele ga lehatse le e si le ne.


Ena eo, Morimo o mo gorisitse, ka atla se se siameñ sa ona, go na Mogogi eo mogolu le Muluki, go nela Yeserela tlabologo, le boicuarelo yoa libe.


Gore o bo o phuthele cotle mogo mo go Keresete, tse ri mo magorimoñ, le tse ri mo lehatsiñ, mo go ena; mo tlameleloñ ea botlalo yoa metla;


Mi ki ena tlogo ea mele, eboñ ea ekelesia. Ki ena tsimologo, motsaloi oa ntla mo bashuiñ, gore a ne mogolu bogolu mo go cotle.


Gore leina ya ga Yesu Keresete Morena oa rona le galalerioe mo go lona, le lona mo go ena, kaha tsegohacoñ ea Morimo oa rona le Yesu Keresete Morena.


Ka a gorisicoe bogolu go baengele, ka a bonye ka boshua leina ye le bonatla bogolu go bona.


U lu ua rata tsiamo, mi u lu ua ila tsiamololo; ki gona Morimo, Morimo oa gago, o gu tloritseñ ka loukuane loa boitumelo bogolu go lilekane tsa gago.


Ka go leba Yesu, Mogogi eo mogolu, le mouetsi oa tumelo ea rona, eo o la a icokela mokhoro, a nyatsa litloñ, ka boitumelo yo o la a bo beecoe pele, mi a lula ha seatleñ se se siameñ sa serulo sa bogosi sa Morimo.


Mi rea bona Yesu eo o ñotliloeñ bo botlana bogolu go baengele, a roesioa ka khalalelo le tlotlo ka go utlua loshu, ka a sina utluela botle loshu ka tsegohaco ea Morimo.


Eo o tlatlogetseñ legorimoñ, mi o mo atleñ se se siameñ sa Morimo; ka baengele, le balaori, le bathati, ba laorisicoe taoloñ ea gague.


Gone a la a bona tlotlo le khalalelo mo Morimoñ Rra, ka go tla go ena koru e entseñ yalo e coa mo khalaleloñ e e bonatla, e re, Eo ki Moroake eo o rategañ, eo ki mo itumelelañ.


Gone ba rule ka ntla ea leina ya gague, ba sa tsee sepe mo bahaiteniñ.


Le tse ri coañ mo go Yesu Keresete, eo e leñ moshupi oa boikanyo, motsaloi oa ntla oa bashui, le mogogi eo mogolu oa likhosi tsa lehatse. Ena eo o re ratileñ, le eo re tlacuitseñ mo libeñ tsa rona ka mari a gague,


Mi moengele oa bo‐seven a rumisa; mi ga rihala koru tse ri kholu mo legorimoñ, li re, Magosi a lehatse yenu a rihegile magosi a Morena oa rona, le a ga Keresete oa gague; mi o tla laola yaka khosi ka bosina bokhutlo yotle.


Mi a na le leina le kuariloe mo seaparoñ le mo seropeñ sa gague, KHOSI EA LIKHOSI, LE MORENA OA BARENA.


Eo o henyañ ki tla mo naea go lula le ’na mo seruloñ sa bogosi sa me, yaka ki hentse, mi ki rutse le Rre mo seruloñ sa bogosi sa gague.


Ba re, ka koru e kholu, Kuana e e tlabiloeñ e cuanetse go na le thata le lohumo, le botlale, le bonatla, le tlotlo, le khalalelo, le boitumelelo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan