Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 2:8 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Mi a bonoa mo popegoñ ea mothu. A inolahatsa, mi a na a utlua go ea loshuñ, E, mo loshuñ loa mokhoro.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

8 Mme o ne a ikokobetsa go feta foo, mo e leng gore o ne a bo a swa loso lo lo tshwanang le lwa senokwane mo mokgorong.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

8 a ikokobetsa ka go nna yo o utlwang go ya losong, e bong loso lwa sefapaano.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 Mme o rile a fitlhelwa a le mo popegong ya motho, a ikokobetsa, a ineela fela le mo losong, e bong e e leng loso lwa mokgoro.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 2:8
26 Iomraidhean Croise  

Gone linca li ’mphotse; mi phuthego ea barihalibe e ’ntikanyeritse; ba tlabile atla tsa me le linao tsa me.


Poiho ea Yehova e le thuto ea botlale; mi khobalalo ea ea pele ga tlotlo.


Mi a hetoga ha pele ga bona, mi hatlogo sa gague sa phatsima yaka letsatsi, mi aparo tsa gague tsa shueuhala yaka leseri.


Mi a coela pele go nyenye, mi a itigela mo hatlogoñ se gague, mi a rapela, a re, Rra, ha go ka na yalo, a senoelo se, se ’mphete; leha gontse yalo, esiñ go rata ga me, a thato ea gago e rihale.


Mi a ba a ea loa bo‐tu, a rapela, a re, Rra, ha senoelo se, se sa kake sa ’mpheta, ha ki sa se noe pele, go rata ga gago a go rihale.


Mi ka a rapela, cuano ea sehatlogo sa gague ea hetoga, mi aparo tsa gague tsa shueuhala, tsa phatsima segolu.


Ga go ope eo o bo ’ntseelañ, mi kia bo baea ka ’nosi; ki na le thata go bo baea, mi ki na le thata go ba ki bo cula. Taolo e, ki e bonye go Rre.


Mi gore lehatse le itse ha ki rata Rra, mi ki riha kaha Rra o ’ntaoletseñ ka gona. Tlogañ lo eme, a re coeñ monu.


Ha lo tsegetsa litaolo tsa me, lo tla nna mo ratoñ loa me; yaka ki tsegeritse litaolo tsa Rra, mi ki nntse mo ratoñ loa gague.


Yesu a ba raea, Seyo sa me ki go riha thato ea eo o ’nthomileñ, le go uetsa tiho ea gague.


Tsiamisho ea gague e la ea tlosioa mo bonoloñ yoa gague: mi losika loa gague lo ka buleloa emañ? gone botselo yoa gague bo tlosioa mo hatsiñ.


Gone yaka bantsi ba rihiloe baleohi ka go bisa go utlua ga mothu a le moñue hela, gontse yalo bantsi ba tla rihoa basiami ka kutluo ea eo o moñue hela.


Gone loa itse tsegohaco ea ga Yesu Keresete Morena oa rona, go re, leha a la a humile, o la a humanega ka ntla ea lona, gore lo hume ka ntla ea khumanego ea gague.


Keresete o re rekolotse mo thogakoñ ea molao, a rihoa thogako mo bonnoñ yoa rona; gone go kuariloe, Go rogakiloe moñue le moñue eo o pegiloeñ mo logoñyeñ;


A serepa sa gague se si ne ka bosigo mo logoñeñ, lo se hitlele rure ka tsatsi yeuo; (gone eo o pegiloeñ o rogiloe ki Morimo;) gore lo si itsekolole hatsi ya lona ye Yehova Morimo oa lona o le lo nelañ boshua.


Eo o re ineletseñ, gore a re rekolole mo tsiamololoñ cotle, le go itsephisetsa bathu ba sele go ena, ba ba tloahalañ mo tihoñ tse ri molemo.


Ka go leba Yesu, Mogogi eo mogolu, le mouetsi oa tumelo ea rona, eo o la a icokela mokhoro, a nyatsa litloñ, ka boitumelo yo o la a bo beecoe pele, mi a lula ha seatleñ se se siameñ sa serulo sa bogosi sa Morimo.


Mi le yana ga lo e si lo ko lo hemele go mariñ, ka lo ganela le libe.


Eo o belegeñ libe tsa rona ka esi mo meleñ oa gague mo setlariñ, gore rona, ka re le setlashu mo libeñ, re tselele tsiamoñ; eo lo horisioañ ki peco tsa gague.


Gone le ena Keresete o la a bogiserioa libe gañue hela, mosiami mo boemoñ yoa ba ba sa siamañ, gore a re lere go Morimo; a bolailoe mo nameñ, mi a tserisioa ki moea;


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan