Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 2:3 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Si riheñ sepe ka khañ, khotsa ka tlotlo ea boithamako; a e ne ka bonolo yoa pelu, a moñue a kaee eo moñue molemo bogolu go ikaea.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

3 Lo seka lwa nna pelotshetlha; lo seka lwa dira ditiro tse di molemo gore lo tlotlomadiwe. Ikokobetseng, lo tseye ba bangwe jaaka ekete ba botoka mo go lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

3 Se direng sepe ka boithatelo, le fa e le ka tlotlo ya boithamako, mme ka boikokobetso yo mongwe a kaye yo mongwe yo mogolo mo go ene.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Lo se dire sepe ka go re lo itira lekoko, le fa e le ka go ipelafatsa fela, fa e se go re, ka boikokobetso jwa pelo, mongwe le mongwe a kaya yo mongwe fa a mo gaisa ka molemo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 2:3
24 Iomraidhean Croise  

Komano e tla ka bokaka yosi: mi botlale bo na le ba ba gakolocoeñ.


Kia lo raea, Monona eo o hologetse kua tluñ ea gague a siamisicoe bogolu mo go eo moñue; gone moñue le moñue eo o ikhorisañ, o tla nolaharioa; mi eo o inolahatsañ, o tla gorisioa.


Ratanañ mo tsalanoñ e kholu, ka lorato loa bakauleñue, go gorisanya ka tlotlo.


A re tsameeñ ka tsiamo yaka mo tsatsiñ; esiñ mo merihoñ ea tlapelo, le tago, esiñ mo marobaleloñ a boaka le mo mashueñ, esiñ mo khañyeñ le mo peluñtsetla.


Mi bogale, le bogale yo bogolu, go bona ba ba ratañ khañ, le ba ba sa utlueñ boamarure, mi ba utlua tsiamololo,


Gone ki motlana oa baapostoloi, eo ki sa cuanelañ go birioa moapostoloi, ka gone ki le ka bogisa ekelesia ea Morimo.


Gone lo sa le ba nama; gone ka pelutsetla e sale mo go lona, le khañ, le likhaogano, o ga lo ba nama, mi a ga lo tsamaee yaka bathu?


Gone kia boiha, gore e si re mogañ ki eañ, ki si kitla ki lo hitlela yaka ki rata, mi ’na ki bonoa ki lona yaka lo ko lo sa rate; gore e si re khotsa ga na likhañ, le lipelutsetla, le magale, le likomano, le litsebo, le go bua tsebeñ, le lipurulogo, le litlapeo;


Mi ha lo lomana, le go ’mmetsanya, itiseñ gore lo si nyeletsanye.


A re si ne babatli ba tlotlo ea boithamako, go cuenyetsanya, go rihelana pelutsetla.


Ka bonolo yoa pelu yotle, le bopelunomi, le bopelutelele, go iphapanyana mo loratoñ;


Go utluana mo poihoñ ea Morimo.


Rihañ lilo cotle esiñ ka liñoñorego, le likhañ;


Ki gona yalo ikapiseñ yaka baitseñkeroi ba Morimo, le baitsephi le baratoi, ka boutluelo botluku yoa boicuarelo, le tsalano, le bopelunomi, le bonolo yoa pelu, le bopelutelele;


Mi yana le lona, belegololañ cotle tse; eboñ bogale, le bogale yo bogolu, le bogale yoa cubo, le khalo, le puo ea boshula mo melomoñ ea lona.


Eo, o burulogile, mi ga a itse sepe, mi o matseba kaga lipoco, le likhañ tsa mahuku, tse bopelutsetla, le khañ, le komano, le likhakologelo tsa ri boshula li coañ go cona,


Ya bohelo, lotle nañ boitlomo yo boñue hela, le go utluelana botluku, le go rata bakauleñue, lo ne le boicuarelo yoa bo teñ, le tsalano;


Le lona makau, utluañ bagolu. Mi utluanañ lotle, mi apesioañ ka bonolo yoa pelu; gone Morimo o ganetsa ba bopeluumpe, mi o nela ba bonolo tsegohaco.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan