Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 2:26 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

26 Gone o lo tlologelecoe segolu lotle, mi o la a tletse bohutsana, gone lo loa utlua ha a la a bobola.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

26 Jaanong ke mmusetsa gae gape, gonne o ntse a lo tlhwaafaletse lotlhe ebile a hutsahetse thata ka ntlha ya gore lo utlwile fa a lwala.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

26 Gonne o ne a lo tlhologeletswe lotlhe, a tshwenyega thata mo moweng, ka lo ne lo utlwetse bolwetse jwa gagwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

26 ka a lo tlhologeletswe lotlhe, a hutsafetse thata, ka ntlha ya gobo lo ne lo utlwile fa a lwala.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 2:26
23 Iomraidhean Croise  

Mi Davide a tlologeleloa go coela go Abesalome: gone a gomorioa kaga Amenone, ecua a shule.


Mi Davide ka a bona moengela eo o gailañ bathu, a bua le Yehova, a re, Bona, ’na, ki leohile, mi ’na, ki shokamisitse, mi liñku tse, li rihileñ? kia gu rapela a atla sa gago se ne go ’na, le go ba eintlu ea ga rre.


Ha ki re, Ki tla lebala boitoko yoa me, ki tla hetola ponalo ea me, ki ithurisa:


Khobo e thubile pelu ea me, mi ki koaharicoe bogolu; ki lebeletse eo o utluelañ botluku, mi ga gona ope; le bagomotsi, mi ga kia ka ka ba bona.


Tloriego mo peruñ ea monona ea e inega: mi huku ye leñue ya molemo le e itumerisa.


Go itumerisa ba ba hutsahetseñ ba Tsiona, le go ba naea boiñtle boemoñ yoa melora, lookuane loa letlapelo boemoñ yoa bohutsana, le seaparo sa pako boemoñ yoa moea oa ñoriego; mi ba tla birioa tlare tsa @tsimo, le tlomo ea ga Yehova, gore a galalerioe.


¶ Tlañ go ’na, lotle ba lo lapileñ lo imeloañ, mi ki tla lo lapolosa.


Mi a cula Petero le bomoroa Sebedaio ba tu nae, mi a simolola go hutsahala, mi a na mo tlaleloñ e kholu.


Mi Paulo a araba, Lo rihañ ka lo lela le go thuba pelu ea me? gone ki iketleleritse esiñ go golegoa gosi, mi le gona go shuela leina ya ga Yesu Morena mo Yerusalema.


Gone ki tlologelecoe go lo bona, gore ki lo abele lineo liñue tsa moea, gore lo tlomamisioe;


Itumeleñ le ba ba itumelañ, mi lelañ le ba ba lelañ.


Ha ki na le pelu e e botluku bogolu, le bohutsana ka gale mo peruñ ea me.


Mi ha tokolololo ñue e utlua botluku, tokololo cotle li utlua botluku naeo; khotsa ha tokololo ñue e tlotlisioa, tokololo cotle li itumela naeo.


Le ka thapelo ea bona e ba lo rapelelañ, ba ba lo tlologelecoeñ ka ntla ea tsegohaco e kholu bogolu ea Morimo e e mo go lona.


Belegelanañ lipelesho, mi rihahatsañ molao oa ga Keresete yalo.


Ki gona ki lo rapelañ gore lo si iribarioe ki pogisho tsa me ka ntla ea lona, tse e leñ khalalelo ea lona.


Ki itumelela Morimo oa me ka gale mo khopoloñ cotle tse ki lo gopolañ ka cona,


Gone Morimo ki moshupi oa me oa tlologelelo e kholu e ki lo tlologelecoeñ lotle ka eona, ka boutluelo‐botluku yo bogolu yoa ga Yesu Keresete.


Mi ki kaeile ha e le cuanelo go lo romela Epaferodito, mokauleñue oa me, le moriheri le ’na, le motlabani le ’na, moroñoi oa lona, le moriheribotloko yoa me.


Mi rure o la a bobola a riha gauhe le loshu; mi Morimo o mo utluetse botluku; mi esiñ ena esi, mi e le le ’na, gore ki si ne bohutsana mo bohutsaneñ.


KI gona, bakauleñue ba me, ba ba rategañ, ba ba tlologeleloañ segolu, lo boitumelo yoa me, le seroalo sa bogosi sa me, baratoi, emañ yalo ka tlomamo mo Moreneñ.


E lo itumelañ segolu mo go eona, leha lo le mo mahutsaneñ ka motla o mokhutsane, ha e ka na cuanelo, ka ntla ea lithaelo li le lintsi;


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan