Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 2:2 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Yalo tlatsañ boitumelo yoa me, gore lo ne le maitlomo a a cuanañ, le go na le lorato lo loñue hela, le ba moea o moñue hela, mo kutluoñ e ñue hela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

2 Jalo he, dirang gore ke nne le boitumelo jo bogolo ka go ratana le go dumalana ka dipelo tsotlhe, lo dira mmogo ka pelo e le nngwe fela le mogopolo o le mongwe fela le ka maikaelelo a le mangwe fela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

2 tlatsang boitumelo jwa me ka go nna le boitlhômô bo le bongwe fela le lorato lo le longwe fela le bongwefela jwa pelo le kgopolo e le nngwe fela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 dirafatsang boitumelo jwa me, jwa gore lo nne kgopolo e le nngwe fela, lo tshwane mo loratong, lo le mo tumalanong e le nngwe fela, lo le pelo e le nngwe fela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 2:2
28 Iomraidhean Croise  

Yana ki tla re, A kagisho e ne le lona, ka eintla ea bana ba ga rre, le litsala tsa me.


Ena eo o nañ le monyaroi, ki ena monyari, mi tsala ea monyari, e e emeñ, e mo utlua, ea itumela segolu ka ntla ea koru ea monyari; ki gona boitumelo yo yoa me bo rihahetseñ.


Mi botle ba, ba le ba cuana mo bocoeleloñ yoa thapelelo le thapelo, ba na le basari, le Marie, ma Yesu, le bomonnaue.


MI erile tsatsi ya Pentekoste le sina tla, ba le ba le ka boñue hela yoa pelu mo heloñ goñue hela botle.


Mi ba na bañue hela ka metla eotle mo tempeleñ, ba roba señkhue mo tluñ ñue le go e ñue, ba ya liyo tsa bona mogo ka boitumelo, le boñue hela yoa pelu,


¶ Mi ga rihala licupo, le likhakhamaco li lintsi mo bathuñ, ka atla tsa baapostoloi; mi ba le ba na bañue hela mogo mo khoroñ ea ga Solomone.


Lo itlomeñ ka boitlomo yo boñue hela. Si reñ lilo tse ri kholu sepe; mi inolahaletseñ go ba ba bonolo. Si neñ botlale ka losi.


Mi kia lo rapela, bakauleñue, ka leina ya ga Yesu Keresete Morena oa rona, gore lo bue ka puo e ñue hela lotle, gore go si ne litomologano mo go lona; mi gore lo kitlañoe mogo mo boitlomoñ yo boñue hela, le mo kutloñ e ñue hela.


Ya bohelo, bakauleñue, salañ señtle. Tlarioañ, gomorioañ, nañ boitlomo bo le boñue hela; agañ ka kagisho; mi Morimo oa lorato le kagisho o tla na le lona.


Mi ki lo kualetse se ka shosi, gore e si re ki tla, ka hutsaharioa ki bona ba ki cuanetseñ ga itumela go bona; ka ki na le boikanyo mo go lona lotle, ka boitumelo yoa me, e le yoa lona lotle.


Mi esiñ ka go tla ga gague gosi, mi e le le ka khomoco e o la a gomorioa ka eona ki lona, ka a re bulelela tlologelelo ea lona, le boitoko yoa lona, le tloahalelo ea lona go ’na; ga tsamaea ka itumela bogolu.


Ka gale mo merapeloñ eotle ea me ka ntla ea lona lotle, ki riha thapelo ka boitumelo,


Ka go bela lehuku ya botselo pele; gore ki itumele mo motleñ oa ga Keresete, ha ki le ki sa sianele lehela, khotsa ki riheletse lehela.


Gone ga ki na ope eo o cuanañ nae, eo o tla tlamelañ popego ea lona ka tsiamo.


Kia rapela Euodia, kia rapela Suntuke, gore ba ne pelu ñue hela mo Moreneñ.


Gone leha ki sieo go lona mo nameñ, leha gontse yalo, ki na le lona mo moeeñ, ki itumela ka ki bona thulaganyo le tlomamo ea tumelo ea lona mo ga Keresete.


Mi re cuanetse go lo itumelelela Morimo ka gale, bakauleñue, baratoi ba Morena, ka Morimo o lo itseñkeletse puluko mo tsimologoñ, ka boitsephisho yoa Moea, le ka go rumela boamarure;


Ki eletsa segolu go gu bona, ka ki gopola likeleri tsa gago, gore ’nke ki tlale boitumelo;


E, mokauleñue, a ki ne le boitumelo kaga gago mo Moreneñ; rurisa boteñ yoa me mo Moreneñ.


Ki le ka itumela segolu ka ki bonye bañue bana ba gago ba ba tsamaeañ mo boamarureñ, yaka re bonye taolo mo go Rara.


Ga ki na boitumelo yo bogolu mo go yo, go utlua ha bana ba me ba tsamaea mo boamarureñ.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan