Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 2:19 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

19 Mi kia shuluhela mo go Yesu Morena, go akoha ki lo romela Timoteo, gore le ’na ki ne le khomoco e e molemo, mogañ ki tlaloganyañ kaha lontseñ ka gona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

19 Fa Modimo o rata, ke tlaa romela Timotheo go ya go lo bona ka bonako. Mme fa a bowa o ka intumedisa ka go mpolelela gotlhe kaga lona le gore lo dira jang;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

19 Ke solofela mo go Jesu Morena gore ke tla akofa ke lo romela Timotheo gore le nna ke namatshege mo moweng, fa ke sena go utlwa ka fa lo phelang ka teng;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

19 Ke solofetse mo go Morena Jesu fa ke tlaa akofa ke roma Timotheo kwa go lona, gore le nna ke gomotsege, mogang ke tlhaloganyang ka fa lo ntseng ka teng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 2:19
22 Iomraidhean Croise  

¶ Go bua yalo Yehova: A go rogoe monona eo o ikanyañ mothu, eo o rihañ nama cogo ya gague, eo pelu ea gague e hapogañ Yehova.


Mi bahaitene ba tla shuluhela mo ineñ ya gague.


MI a hitla go Derebe le Lusetera; mi bonañ, hoñ gabo gole morutoa eo o birioañ Timoteo, moroa mosari oa Seyuda oa morumeri, mi rague e le Mogerika;


Mi Yesaye a ba a re, Go tla na mocoe oa ga Yeshae, le eo o tla cogañ go laola bahaitene; bahaitene ba tla shuluhela mo go ena.


Timoteo, moriheri le ’na, le Lukio, le Yasone, le Sosipatere, litsala tsa me, ba lo rumerisa.


Ki gona ki rometseñ Timoteo go lona, eo e leñ moroake oa lorato le boikanyo mo Moreneñ; eo o tla lo goporisañ tsela tsa me tse ri leñ mo go Keresete, yaka ki ruta mo ntleñ cotle, le mo liekelesieñ cotle.


Eo, lo mo go ena, lo sina utlua lehuku ya boamarure, eboñ evangelio ea puluko ea lona; eo, le lona erileñ lo sina rumela mo go ena, loa kanoa ka Moea oa Boitsepho oa pulelelo‐pele,


PAULO le Timoteo, batlañka ba ga Yesu Keresete, go baitsephi botle ba ba mo go Keresete Yesu, le balebalebi, le badiakoni, ba ba kua Filipi:


Le lona lo itumele, le go itumela le ’na, ka mouo.


Ki gona ki akohileñ ka mo roma ka bonako, gore ere lo ba lo mona, lo itumele, le gore bohutsana yoa me bo ñotlahale.


Mi ra roma Timoteo mokauleñue oa rona, le moriheri oa Morimo, le moriheri le rona mo tiheloñ ea evangelio ea ga Keresete, go lo tlomamisa, le go lo gomotsa kaga tumelo ea lona;


Ki gona ka mouo, erile ki sa kake ka tlola ki iphapanya ka keleco euo, ka mo roma go itse ga tumelo ea lona, gore e se re khotsa moraeri a ba a lo raetse, mi tihelo ea rona ea na lehela.


Re cuanetse go lo itumelelela Morimo ka gale, bakauleñue, yaka go cuanetse, gone tumelo ea lona e mela segolu, le lorato loa moñue le moñue oa lona lo, lo ratanañ ka lona, lo na logolu;


E le ’na ki bogisioañ lilo tse ka ntla ea mouo; leha gontse yalo ga ki tlayoe ki litloñ; gone kia itse eo ki mo rumetseñ, mi ki itsisicoe rure ha a nonohile go bulukela tsatsiñ ye se ki se mo neetseñ.


Bogolu lo ka re, Ha Morena a rata, gore re tsele, re tla riha se, khotsa sele.


Ba lo rumelañ Morimo ka ena, o o mo cositseñ mo bashuiñ, oa mo naea khalalelo; gore tumelo le culuhelo ea lona e ne mo Morimoñ.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan