Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 2:16 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

16 Ka go bela lehuku ya botselo pele; gore ki itumele mo motleñ oa ga Keresete, ha ki le ki sa sianele lehela, khotsa ki riheletse lehela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

16 lo ba tsholetse Lefoko la Botshelo. Mme fa Keresete a boa, ke tlaa itumela jang gore tiro ya me mo go lona e ne e atlegile thata.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

16 lo ntse lo kgomaretse Lefoko la botshelo go nna poko ya me ka letsatsi la ga Keresete ya gore ga ke a ka ka sianela lefela le e seng go itapisetsa lefela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

16 lo ntse lo ntshitse lefoko la botshelo ka letsogo; gore ke tle ke dirane le mo ke ipelafatsang ka gone mo motlheng wa ga Keresete, ka go re, ga ke a ka ka sianela, le fa e le go direla lefela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 2:16
24 Iomraidhean Croise  

Ki rera tsiamo mo phuthegoñ e e kholu; bona, ga ki thibe lipounama tsa me; Yehova ua itse mouo.


Morimo, u sale u ’nthuta le mo bokauñ yoa me; mi le go yana ki sa bulela likhakhamaco tsa gago.


Mi ’na ka re, Ki itapiseritse lehela, ki ueleritse nonoho ea me bosisepe le boithamako: leha gontse yalo, tsiamisho ea me e ha go Yehova, le tuelo ea me e ha go Morimo oa me.


Se ki se lo raeañ mo hihiñ, lo se bue mo seriñ; mi se lo se utluañ mo tsebeñ, lo se rere mo tlomeshoñ tsa matlu.


Mi yana kia lo raea, Leha e le mañmañ eo o tla ’mpobolañ ha pele ga bathu. Mora mothu le ena, o tla mo ipobola ha pele ga baengele ba Morimo.


Moea ko ona o o tserisañ; nama ga e na molemo ope; mahuku a ki a buañ le lona, e le a moea le botselo.


Mi Simone Petero a mo araba, Morena, re tla ea go mañ? U na le mahuku a botselo yo bo sa khutleñ;


Banona bakauleñue, bana ba losika loa ga Aberahame, le bona ba ba mo go lona ba ba boihañ Morimo, lehuku ya puluko e, le lo romecoe.


Eo le ena o tla lo tlomamisetsañ bokhutloñ, gore lo si ne molatu mo motleñ oa ga Yesu Keresete Morena oa rona.


Ki gona ki sianañ yalo, esiñ ka khakhabuelo; ki loa yalo, esiñ yaka moñue eo o betsañ loapi;


Yaka le lona lo re ipobotse ka ntla ñue, ha re le pelahalo ea lona, yaka le lona lo le ea rona mo motleñ oa ga Yesu Morena.


Mi ka ea ka ntla ea ponatsego, mi ka ba bela pele evangelio e ki e rerañ mo bahaiteniñ, le bagoluane ka e ba rutela thoko, gore e si re khotsa ka siana, khotsa ka bo ki sianetse, lehela.


Kia boiha kaga lona, gore e si re khotsa ka bo ki lo riheletse lehela.


Gore lo leke lilo tse ri sa cuaneñ; gore lo ne lo sa pekoa, le go bisa go khopisa, go ea motleñ oa ga Keresete;


Ka go ikanya seo se, ha eo o simolotseñ tiho e e molemo mo go lona, a tla e ueletsa mo motleñ oa ga Yesu Keresete;


Gone culuhelo ea rona ki ehe, khotsa boitumelo, khotsa seroalo sa bogosi sa pelahalo? A ga si lona ha pele ga Yesu Keresete Morena oa rona mo go tleñ ga gague?


Ki gona ka mouo, erile ki sa kake ka tlola ki iphapanya ka keleco euo, ka mo roma go itse ga tumelo ea lona, gore e se re khotsa moraeri a ba a lo raetse, mi tihelo ea rona ea na lehela.


Gone lehuku ya Morimo le tserile, le thata, mi le bogale bogolu go caka e magale ma tu, le tlaba le go khaoganya botselo le moea, le litokololo le moko; mi lea sekisa likhopolo le maikaelelo a pelu;


Ka lo tsecoe gape, esiñ ka peu e e nyelelañ, e le ka e e sa nyeleleñ, ka lehuku ya Morimo ye le tserileñ, ye le salañ ka bosina bokhutlo.


SE se le se le mo tsimologoñ, se re se utluileñ, se re se bonyeñ ka maitlo a rona, se re se lebileñ, le se atla tsa rona li se amileñ, sa Lehuku ya botselo;


Mi Moea le monyaroi ba re, Tlañ. Mi a eo o utluañ a re, Tlañ. Mi a eo o nyoriloeñ a tle. Mi eo o ratañ, a a tsee metse a botselo, esiñ ka sepe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan